Karolo ya thulaganyo e kgolo e e tsweletseng pele

 

Antoinette Vermeulen o tlhalosa gore tshekatsheko eno ke karolo ya tolamiso e e santseng e tswelela pele ya dithulaganyo tsa YBB le go kwala ditokomane tsa kamogelo-semmuso ya lenaneothuto la Lekgotla la Thutogodimo.

 

“Lenaneothuto lengwe le lengwe kwa YBB le tshwanetse go bo le ile la sekasekwa go tswa mo teng ga setheo (internal programme evaluation [IPE]) morago ga modikologo wa dingwaga di le thataro.  E etelelwa pele ke mokaedi wa sekolo, e leng mookamedi wa legoro la tsa boleng yo gape e leng mookamedi wa maloko a badiri ba lenaneothuto leno.”

 

Malebana le ditshekatsheko tsa lenaneothuto leno go tswa kwa ntle ga setheo (external programme evaluations [di EPE]), modini-mogolo wa legoro o tlhopha mananeothuto a a tla sekasekwang ka go dirisana mmogo thata le lefapha la Tokafatso ya Boleng.

 

 

Legoro la Dithuto tsa Mekgwa ya Batho le amogetse “kakgolo” ya lone ya ntlha-ntlha ya lenaneothuto go tswa kwa ntle ga setheo ― dipholo tse di molemo go di gaisa tsotlhe ― go tswa go phanele e e kwa ntle ga setheo e e dirang ditshekatsheko.

“Seno ke phitlhelelo e e gakgamatsang e re leng motlotlo thata ka yone,” go bolela jalo Mop Anné Verhoef, mokaedi wa Sekolo sa Filosofi.

 

Gareng ga bomankge

 

“Seno ke netefatso ya gore YBB e ruta lenaneothuto la maemo a a kwa godimo la MPhil go dira gore re lekane kgotsa re gaise mananeothuto a a tshwanang le leno a bosetšhaba kgotsa a dinaga di sele.”

 

Tshekatsheko e e dirwang ke phanele e ne ya dirwa ka di 3 le di 4 Phatwe 2021 ka polatefomo ya eleketeroniki mme Mop Alida Herbst, mokaedi wa Sekolo sa YBB sa Pholo ya Tlhaloganyo le ya Loago, o ne a le modulasetulo e bile a na le maloko a phanele go tswa kwa Netherlands, Zimbabwe le Aforikaborwa.

 

Go ne ga sekasekwa karolo nngwe le nngwe ya lenaneothuto. “Karolo ya go ruta le go ithuta, patlisiso le go okamelwa ga baithuti ke tsone tse di neng tsa kaiwa e le tse di akgolegang thata, mme seno se re bolelela sengwe ka tiro ya ka natla ya batlhatlheledi botlhe.

 

“Gape go na le ditshitshinyo tse di dirilweng ke phanele ya ditshekatsheko, mme re tla di latedisa go tlhomamisa gore re tokafatsa lenaneothuto le go feta.”

 

Phitlhelelo e e sa tlwaelegang

 

Antoinette Vermeulen, yo bošeng jaana a neng a rola tiro jaaka mmenejara wa tsa boleng jwa mananeothuto a akatemi mo Kantorong ya Tokafatsa ya Tsa Boleng, a re ke mananeothuto a le mabedi fela a masetase a a kileng a akgolwa kwa YBB, e leng la Dijo tse di Nang le Dikotla le la Mmetshe wa Kgwebo.

 

Lenaneothuto le le lengwe fela la pele ga kalogo le le kileng la akgolwa ke la Dithuto tsa Ikonomi tsa Dipalangwa mo Legorong la Dithuto tsa Ikonomi le Disaense tsa Botsamaisi.

 

Thulaganyo ya go sekasekwa ke dithaka

 

“Ka nako ya thulaganyo ya EPE, dithaka tsa rona go tswa mo nageng ya rona le kwa dinageng di sele ba ditheo tse dingwe le ba intaseteri, ba kopiwa go sekaseka le go tlhola boleng jwa lenaneothuto le go dira ditshitshinyo tse di maleba kgotsa go ntsha dikakgolo,” o bolela jalo.

 

Antoinette le Ngaka Mokgadi Molope, motlhatlheledi-mogolo wa dithuto tsa tlhabololo yo gape e leng mothusa mokaedi wa go nna le seabe mo baaging le wa go go tlisa dilo tsotlhe ka fa tlase ga taolo ya boditšhabatšhaba mo Sekolong sa Disaense tsa Loago, o ne a kaela Anné le setlhopha sa gagwe go tlatsa pego e e atlegileng ya tshekatsheko ya IPE le go tlamela ka ditokomane tse di tshegetsang bosupi.

 

Anné o leboga maloko otlhe a badiri a a nang le seabe mo go baakanyetseng tshekatsheko, le baithuti ba ba tsayang karolo mo thulaganyong ya tshekatsheko ya boleng.

Basekaseki ba ba  kwa ntle ga setheo ba ntsha kakgolo e e amogelwang sewelo ya

“Seno ke netefatso ya gore YBB e ruta lenaneothuto la maemo a a kwa godimo la MPhil go dira gore re lekane kgotsa re gaise mananeothuto a a tshwanang le leno a bosetšhaba kgotsa a dinaga di sele.”

– Mop Anné Verhoef –

lenaneothuto la rona la MPhil

Lenaneothuto la Masetase ya Filosofi (Master of Philosophy [MPhil]) ke lenaneothuto la boraro la masetase kwa YBB go amogela kakgolo e e ntseng jalo ka gonne ditshekatsheko tsa lenaneothuto la mo teng le la kwa ntle ga setheo di simolotse ka 2004

Mop Anné Verhoef a re go amogela kakgolo go tswa kwa ntle ka lenaneothuto go go tlhomamisetsa gore dikirii ya Filosofi ya MPhil kwa YBB ke nngwe ya tse di gaisang tsotlhe e o ka e bonang.

Antoinette Vermeulen a re o tlile go rola tiro a itumetse tota. “Kakgolo eno ke tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe go konosetsa ditlhatlhobo di le 65 tsa lenaneothuto mo mokgeleng wa me wa tiro.”