Letsatsi le le sa lebalesegeng le le ka fetogang tiro ya botshelo jotlhe e e ratwang thata ke barutwana ba Saints Christian School.

Mosotho o dira tekeletso e mo go yone a tlhatlosetsang dibalune kwa godimo dikilometara di le mmalwa go lekanya marang a a itshekisang mowa mo loaping.

 

Se se dirang gore go dira jalo e nne tiro e e tlhomologileng – kwantle ga diphitlhelelo tsa patlisiso – ke gore porojeke eno gape e dira jaaka lenaneo la go tswa letsholo. Go tlhatlosa dibalune bošeng jaana go ne ga dira gore barutwana ba Saints Christian (primary) School kwa Potchefstroom ba tseye karolo mo tirong eno e e kgatlhang ya saense.

 

“Re ne ra simolola ka mefuta eno ya go tlhatlosa dibalune ka 2018, mo go rayang gore re di tlhatlositse gararo jaanong. Ka nako ya fa re tlhatlosa dibalune tseno, re lekanya dipharameta tsa loapi jaaka thempereitšha, kgatelelo ya mowa le dilo tse dingwe tse dintsi.

 

Go boela mo tirong

 

“Kgang fano e ne e le go tlhatlosa dibalune gangwe ka ngwaga, mme re ne ra tshwanelwa ke go emisa ka ntlha ya leroborobo la Covid-19. Jaanong re boetse gape mo tirong,” Mosotho o bolela jalo.

 

“Ditekanyo tse di botlhokwa go di gaisa tsotlhe tse re di dirang ke tsa go lekanya marang. Re batla go bontsha maloko a setšhaba gore ditekanyo tsa marang di fetoga jang kwa godimo kgotsa fa fatshe mo mmung. Boleng jwa marang le diteng tsa one tse re kopanang le tsone fa fatshe bo farologana fela thata le jwa selekanyo sa a a leng kwa godimo.  Fa o tlhatlogela kwa godimo, o tla kopana le marang a le mantsi.”

 

Go tlotla dintlha le seo re ipeletseng sone

 

Ga se kitso fela e e bonweng ka ditekeletso tseno e a batlang go tlotla ka yone.

“Sekolo sepe fela se se nang le kgatlhego mo porojekeng eno se ka nna sa tsaya karolo. Morago ga go tlhatlosa dibalune ka katlego, barutwana ba thusa go di batla fa di sena go fela le mowa le go boela fa fatshe. Gape re naya sekolo pego go ba bontsha gore re lekantse eng.”

 

Mosotho, yo o belegetsweng le go godisediwa kwa lekeišeneng la Daveyton kwa Ranta Botlhaba, o konetse gerata ya gagwe ya bongaka kwa Yunibesiting ya Bokone-Bophirima (YBB), koo a neng a ithutela go lekanya marang gone fa a tlhaloseditse dibalune kwa godimo.

 

Ga jaanong jaana, ke mmatlisisi yo o nang le gerata ya bongaka kwa Legorong la Disaense tsa Tlhago le Temothuo kwa Lefapheng la Fisika ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Mop du Toit Strauss.

 

Ke patlisiso ya boleng jo bo ka se kang jwa ganediwa: “Re tshwanetse go itse gore re kopana le marang a makana kang gore re kgone go dira ditshwetso ka botlhale.”

Saense e tshwakgola mo go maswe. Ka yone re kgona go bona dikgakgamatso tse re neng re sa itse gore di teng. Godfrey Mosotho ke ene a itseng seno thata go feta bontsi jwa rona e bile ga a re fitlhele sephiri seno.

ka dibalune!

Saense e itumedisa thata

Ngaka Godfrey Mosotho o na le lerato le legolo la saense le keletso ya go tlotla le ba bangwe ka yone.