Bošeng jaana Maaforikaborwa a le diketekete a ne a keteka khumo ya boswa jo re nang le jone jwa bosetšhaba ka Letsatsi la Ngwaoboswa la di 24 Lwetse. Ba le bantsi ba ile ba tlotla letsatsi leno ka go tla ba apere diaparo tse di mebalabala ba tsentse le meikgabiso e e emelang ditso tsa bone, mme ba bangwe bone ba ne ba ipelela letsatsi le ba malapa a bone.

Go simolola ka thapelo go fitlha ka go sala le lesea mo gae le go apeela

LETSATSI LA NGWAOBOSWA

eish! e ne ya bua le maloko mangwe a badiri go utlwa gore ba ne ba tlile go dira eng mo letsatsing leo.

Mokaedi wa YBB wa Ditirelo tsa Tshireletso, e leng Des Ayob, o ne a simolola mekete ya gagwe ya Letsatsi la Ngwaoboswa ka go nna teng kwa thapelong ya botlhe e e bidiwang “Jumuah” ka Labotlhano.

 

Morago ga thapelo, o ne a ya gae mme a fitlha a keteka letsatsi leno le ba lelapa la gagwe. “Go ne go tlhabile sentle mme re nnile le nako e e monate tota,” o bolela jalo.

 

Moporofesa Linda du Plessis, mothusa motlatsa-mokanseliri wa dithulaganyo le wa ditiro tsa Khamphase ya Vanderbijlpark, o ne a setse le setlogolo sa leseanyana sa gagwe kwa gae, se se neng se etile mo mafelobekeng ao. Bobedi jwa bone ba ne ba itumelela go fepa dipitse  le go dira mmogo mo tshingwaneng.

 

“Re ne ra fetsa letsatsi re le mmogo jaaka lelapa le go le ipelela ka go apaya dijo tsa Se-Aforikaborwa. Mosadi wa me o ne a apere diaparo tsa setso tsa letsatsi leo,” go bolela jalo Musa Zanempi, mankge wa YBB wa leinakgwebo.

 

Sekolo sa Go Ithuta Boikutlo jwa Badiri mo Tirong le Botsamaisi jwa Lefapha la Badiri kwa Khamphaseng ya Vanderbijlpark se ne sa dira pesonama mme sa tlotla ka maikutlo a batho ba nang le one ka letsatsi la ngwaoboswa.