Dirisa ditšhono tseno tsa go dira patlisiso

Ke rona ba

Ditšhono tsa go dira patlisiso le tlhamosešwa tse di butsweng ke leroborobo la Covid-19 ke nngwe ya dikgang tse Mop Jeffrey Mphahlele, mokaedi-mogolo wa patlisiso le tlhamosešwa kwa YBB a tlotlang ka tsone mo motseletseleng wa dibidio tsa dipotsolotso.

 

Mo bidiong e e kgethegileng eno, o bua ka ditsela tse YBB e setseng e thusitse ka tsone mo ntweng kgatlhanong le Covid-19 e bile o tlotla ka ditšhono tse babatlisisi ba santseng ba ka nna ba di sola molemo.

 

Dikai tsa teng di akaretsa tlhamo ya moento, diokobatsi tsa go alafa botoka batho ba ba tshwaetsegileng, le ditharabololo tsa go fedisa ketsaetsego ka ga moento.

 

Mo bidiong eno, Mop Jeffrey Mphahlele, motlatsa motlatsa-mokanseliri wa patlisiso le tlhamosešwa, a re fa go na le legoro lepe la setheo sa patlisiso le le ka ratang go tsenela patlisiso ka Covid-19, le tshwanetse gore le direle ka bonako, ka gonne tšhono eno e tlile go tswalelwa mo bogautshwaneng.

-TSHEDIMOSETSO

eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesimane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.

Setlhopha sa botseleganyi: Badiri ba Lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe: Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe: Nelia Engelbrecht - mogala 018 299 4937, nelia.engelbrecht@nwu.ac.za