Awate ya

o o tswang pelong e e gapilweng ke Cara

MMINO

 Cara Stacey, motlhatlheledi-mogolo wa mmino wa Seaforika kwa Sekolong sa Mmino, o rata modumo wa umrhubhe mouthbow.

Cara, yo e leng motlhatlheledi-mogolo wa mmino wa Seaforika kwa Sekolong sa Mmino, o sa tswa go kaiwa e le mofenyi wa ngwaga ono wa Standard Bank Young Artist Award for Music.

Diawate tsa Baopedi ba ba Botlana (The Young Artist Awards) tse di etleediwang ke Standard Bank, di abiwa ke National Arts Festival Artistic Committee, e di abela baopedi ba Maaforikaborwa ba ba santseng ba fatlhoga bao ba bontshitseng bokgoni jo bo seng kana ka sepe mo dirutweng tse ba di tlhophileng mme ba ise ba itsege mo nageng yotlhe le go bona botumo.

 

Awate eno ke ya go mo akgolela talente e e seng kana ka sepe jaaka motlhami wa mmino le modiragatsi wa one. “Ke tshameka mefuta e le mmalwa ya mmino, o mongwe wa yone ke mmino wa Aforika,” go bolela jalo Cara, yo o tshamekang diletswa tsa mmino wa Seaforika tse di jaaka uhadi, umrhubhe, makhoyane, budongo le mbira.

 

Go farologana le diawate tse dingwe, awate ya Standard Bank Young Artist Award ga se kgaisano e batshameki ba mmino ba dirang kopo ya go e newa kgotsa go e tsenela. “Ke tsaya gore ba ile ba sekaseka dialebamo tsa me le diporojeke tsa me tsa bošeng jaana,” o bolela jalo, a bua ka tshwetso ya komiti fa e ne e dira tshwetso ya go tlhopha ene gore a nne moamogedi wa awate eno.

 

National Arts Festival Artistic Committee e tlhalosa mmino wa gagwe e re ke “o o humileng le o o raraaneng, mme gape o monate, o kgona go tlhaloganyesega”.

 

Gape ba re “mmino wa gagwe o akaretsa mmino wa setso le wa eleketeroniki o o amang hisitori, mathata a loago le tlhago. Mmino wa gagwe o opela ka botshelo e bile o dira gore moreetsi wa one  a itse ka dilo tse a neng a sa itse sepe ka tsone.”

 

Diletswa di a opela mo diatleng tsa gagwe

 

Mo godimo ga go diragatsa a le nosi, gape o dirisana ka metlha le baopedi ba bangwe, mme o setse a golotse dialebamo di le nne. Jaaka moithutammino, patlisiso ya gagwe e tsepa mogopolo mo mminong wa setso wa Dinaga tse di ka fa Borwa  jwa Aforika le mo ditlwaelong tsa mmino o a batlang go dira gore o nne le bokao le go o sireletsa.

 

Lerato la gagwe la mmino, mme segolobogolo mmino wa Seaforika, ke la bogologolo. “E re ka ke goletse mo Johannesburg morago ga moo kwa eSwatini, ke ne ka nna le lesego la go bo ke dikologilwe ke medumo e e farologaneng. Batsadi ba me ba ne ba na le direkoto tse di farologaneng tsa mmino mme fa ke ne ke le ngwana, ke ne ka kgatlhegela mefuta e e farologaneng ya mmino wa Seaforika.”

 

Go eteletsa mmino kwa pele

 

Cara o ne a ntse a itse gore o tlile go dira sengwe sa diatshe, mme o feditse bontsi jwa botshelo jwa gagwe akanya gore o ne a tlile go nna motho yo o pentang.  “Fa ke ne ke dira kopo ya go ya yunibesiting, ke ne ka fetola dilo tse ke neng ke batla go di dira ka ponyo ya leitlho, mme ka eteletsa mmino kwa pele.”

 

O ne a ithuta go letsa Clarinet fa a ne a santse a le ngwana mme moragonyana a ithuta go tshameka Piano. Seno se ne sa dira gore a ithutele dikirii ya BMus ya boithutammino kwa yunibesiting ya Cape Town, mme mmino o a neng a itsege ka one e ne ya nna wa tlelasiki e  e tshamekwang ka piano. Morago ga moo, e ne ya re fa a utlwa Dizu Plaatjies a tshameka umrhubhe mouthbow, o ne  a tlhotlheletsega go ithuta mmino go ya pele.

 

Fa e sa le ka nako eo, Cara o ile a rata thata mmino wa Seaforika, o o ratwang thata ke barati ba mmino  segolobogolo bao ba reetsang mmino o o nang le medumo ya mo kontinenteng eno.

 

Re solofela gore ba tla kgona go tlhakanela mmino o o monate ono le moakatemi yono, yo gape e leng mmatlisisi motlhami wa mmino le modiragatsi wa one.

 

 

 

 

 

 

Fa a ne a le monnye, Cara o ne a letsa clarinet. O bonwa fano a letsa seletswa se se budulelwang sa Seaforika, sa nyunga-nyunga lamellophone.

 

 

 

“Fa ke ne ke dira kopo ya go ya yunibesiting, ke ne ka fetola dilo tse ke neng ke batla go di dira ka ponyo ya leitlho, mme ka eteletsa mmino kwa pele.”

 

Fa o reetsa mmino o o monate wa ga Cara Stacey, o utlwa phefo e letsa molodi o o monate go kgabaganya bojang jo bo telele jo bo omeletseng jwa savannah, mme medumo ya diphologolo yone e utlwala go ralala dipowa tse dikgolo tsa Aforika.

Reetsa lenaane la dipina tsa ga Cara

Cara o re tshamekela mmino wa gagwe mo dibidiong tse di fa tlase fano. Tobetsa konopo nngwe le nngwe gore o utlwe mmino o o edileng wa Seaforika.