x

 

“Bokao jwa mmatota jwa botshelo, Wesley, o tlile go jala setlhare ka fa tlase ga ditlhare tse o sa tshwanelang go nna ka fa tlase ga moriti wa tsone.”

 

Nopolo eno, e go tweng ke ya ga Nelson Henderson, yo e leng mosimolodi wa Noka ya Swan kwa Canada, fa a ne a tlotla le morwawe, e gatelela botlhokwa jwa go tlogelela bana boswa.

 

Mafoko ano a tshwanela YBB e e simolotseng diporojeke tsa go keteka ngwaoboswa ya rona ya tlhago ka go tlhama ditsela di le tharo tse di fetang fa gare ga ditlhare le go jala ditlhare tse disha tse di tlileng go tshela go ya le dikokomana tse di tlang.

 

Ditsela di simolola go bonala

 

Mop Stefan Siebert wa Boithuta-Dimela a re badiri le baithuti ba setlhopha sa serutwa ba itumeletse thata diporojeke tse dintšha tsa tsela e e fetang fa gare ga ditlhare tse di dirwang ga jaanong jaana.

 

Kwa tshimologong, go tlhamiwa ga ditsela di le tharo tse di fetang fa gare ga ditlhare mo dikhamphaseng tsotlhe tsa YBB go ne go rulagantswe jaaka moletlo wa go keteka ngwaga wa bo lekgolo wa Boithuta-Dimela ka 2020, mme o ne wa tshwanelwa ke go busediwa kwa morago ka ntlha ya dikgoreletsi tsa Covid-19.

 

Stefan a re tiro ya diporojeke tseno e simolotse mme ya gatela pele mo ditirong tse dingwe tsa go jala ditlhare di le tharo.

 

Yunibesiti e tsaya karolo mo diporojekeng tse di latelang tsa bosetšhaba tsa Porojeke ya Setlhare se Segolo; go tsaya karolo ga mokgatlho wa baithuti wa Green Team (Groenspan) mo diporojekeng; tsela e ntšha e e fetang fa gare ga ditlhare kwa Lefelong la Ditshingwana la YBB, le setshwantsho sa setlhare se se tlhomilweng mo Tseleng e e Fetang fa Gare ga Ditlhare ya Khamphase.

 

Go oketsa ka setlhare se le sengwe ngwaga le ngwaga

 

Kgato ya ntlha ke ya go feleletsa Tsela e e Fetang fa Gare ga Ditlhare ya Khamphase mo Khamphaseng ya Potchefstroom. “Boleele jwa tsela eno e ka nna jwa dikilometara di le pedi e e nang le ditlhare di le 80. Di tlile go okediwa gore e nne ditlhare di le 100, go tloga moo, go tla okediwa ka setlhare se le sengwe ngwaga mongwe le mongwe o Tshingwana ya dimela e dirisiwang jaaka ya setlhopha sa serutwa kwa YBB.”

 

Go dira gore Tsela e e fetang fa gare ga ditlhare e simolole fa setshwantsho seno se tlhomilweng gone go dira gore go bonale sentle fa tsela eo e e fetang fa gare ga ditlhare e simololang gone e bile go dira gore setshwantsho seo se bonale sentle. Setlhare sengwe le sengwe fa thoko ga tsela se tla nna le setlankana se se nang le tshedimosetsonyana ya motheo ka sone, jaaka leina la setlhare, le khoutu ya QR. O tla bona tshedimosetso go ya pele fa o dirisa founo ya gago ya makgonatsotlhe kgotsa app go dira sekene sa khoutu eo ya QR.

  • TSELA YA SETLHARE SE SEGOLO

    Kwa tshimologong, Tsela ya Setlhare se Segolo, e e santseng e dirwa, e ne e le karolo ya porojeke ya bosetšhaba ya Setlhare sa Bommampodi se baithuti ba ngwaga wa bobedi ba Boithuta-Dimela ba 2019 le ba 2020 ba neng ba tlhaola ditlhare di le 10 tse dikgolo go di gaisa tsotlhe mo khamphaseng.

     

    Tshedimosetso go ya pele ka ditlhare tse dikgolo go gaisa e ka bonwa mo lekwalodikgannyeng la Envira la Yuniti ya Disaense tsa Tikologo le Botsamaisi. Tobetsa konopo ya lekwalodikgang la Ditlhare Tse Dikgolo go Gaisa mo go tsebe 2.

  • TSELA E E FETANG FA GARE GA DITLHARE YA TSHINGWANA YA DIMELA YA YBB

    Tsela e e Fetang fa Gare ga Ditlhare ya Tshingwana ya Dimela ya YBB e dirilwe ke Chris van Niekerk, Motlhokomedi wa tshingwana eno. “E khutshwane mo ditseleng tse dingwe ka gonne e ka fa tlase ga kilometara e le nngwe, mme go na le ditlhare di ka nna 100. Gape go na le mefuta ya ditlhare tse dingwe tse dikgolo, segolobogolo ditlhare tsa rona tse dintle tsa lefelo la rona.”

     

    Tsela eno e tlile go dirisediwa maikaelelo a thuto gangwe le gape mo khamphaseng, ka jalo go tla dirisiwa ditlankana tse di kgomareditsweng mo ditlhareng le diboto tsa ditshwantsho.

  • THE GREEN TEAM

    The Green Team e setse e ikgolagantse le baemedi ba dikhamphase tse dingwe go simolola tlhamo ya ditsela tse di fetang fa gare ga ditlhare kwa go tsone. Tlhamo ya tsone e simolotse kwa khamphaseng ya Mahikeng ka fa tlase ga kaelo ya ga Mop Pieter Malan wa Boithuta-Dimela.

     

    Tshedimosetso go ya pele ka the Green Team e ka bonwa mo lekwalodikgannyeng la  Envira fa o tobetsa konopo ya Diporojeke tsa Baagi mo go tsebe 2.

  • SETSHWANTSHO SE SE BETLILWENG SA SETLHARE

    Setshwantsho se se betlilweng sa setlhare ke setlhare sa maitirelo sa vachellia (setlhare sa mokala).

     

    Go betla setlhare seno go simolotse kwa Khamphaseng ya Vanderbijlpark ka di 28 Lwetse 2021. Yone atshe eo e setse e tlhomilwe mo Khamphaseng ya Potchefstroom, mme go agiwa ga sone go tloga go simololwa kwa Khamphaseng ya Mahikeng.

keteka matlotlo a rona a tlhago

DITLHARE DI

Ditsela tse di fetang fa gare ga

Supa mo ditshwantshong mme tobetsa go buisa go feta

Mop Stefan Siebert wa Boithuta-Dimela a re seno se tla dirwa le kwa dikhamphaseng tse dingwe ka bonako fela fa ditsela di le tharo tse di fetang fa gare ga ditlhare mo Khamphaseng ya Potchefstroom di sena go dirwa ka botlalo.