Jim o
gagamalela mekgele

ya gagwe a wetse makgwafo

Jim Molaotsi a re lerato le thotloetsego ya gagwe ya go dira le baša le go ba thusa ke se a batlang go gopolwa ka sone.

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

O re tlotlela gore o tsene jang mo setheong sa thutogodimo, gore o rotloediwa ke eng le gore o dira eng ka nako ya fa a sa dire sepe.

 

O tsene jang mo setheong sa thutogodimo?

Ke ile ka nna le seabe sa go nna mokaedi wa merero ya baithuti kwa kholetšheng ya setegeniki dingwaga di ka nna tharo. Fa ke sena go nna le maitemogelo mo mererong ya baithuti le go dira le baša, ke ne ka dira kopo ya go ya go dira kwa yunibesiting e e neng e batla motlhankedi wa tlhabololo ya dikgono tsa baithuti. Mme dingwaga di le nne tse di fetileng ke ile ka dira kopo ya go dira mo maemong a ke leng mo go one mo YBB go tla go fitlha gompieno jaana.

 

O ne o batla go nna eng fa o gola?

Fa ke ne ke sa ntse ke gola, ke ne ke eletsa go nna mmueledi wa semolao, mme ka ntlha ya maemo a a farologaneng, seo ga se a direga.

 

Ka 1990 ke ne ka nna le thutego ya me ya ntlha, e leng dipoloma ya thuto ya setegeniki, go tswa kwa Kholetšheng ya Thuto ya Molapo. Fa dingwaga di ntse di kgabaganya, ke ne ka nna le dithutego tse dingwe gape. Ka 2014, ke ne ka aloga ka thutego ya me e e kwa godimo go di feta tsotlhe, ya masetase ya botsamaisi jwa kgwebo go tswa kwa Yunibesiting ya Johannesburg.

 

O ipona o le kae mo dingwageng di le mmalwa tse di tlang?

Ke ipona ke ikwadisetsa PhD e nngwe gape e ke tlileng go e wetsa mo dingwageng di le tharo.

 

Ke eng se o se ratang go feta tsotlhe?

Ke rata thata go dira le baša le go kgona go thusa baithuti ba ba tlang kwa go nna go rarabolola mathata a bone.

 

O ithutile thuto efe e e botlhokwa go tswa bongwaneng?

Thuto ya ntlha e e botlhokwa ke eo ke e rutilweng ke nkgonne, ya gore ke gagamalele ditoro tsa me, mme thuto ya bobedi e ke neng ka se ka ka kgaogana le yone e ne e le go tlotla batho ba bangwe go sa kgathalesege maemo a bone.

 

O rotloediwa ke eng kgotsa ke mang?

Helen, mosadi wa me wa dingwaga di le 27, le bana ba rona ba babedi, ba nthotloetsa go nna motho yo o botoka letsatsi le letsatsi.

 

Ke motshameko ofe o o o ratang go gaisa yotlhe mme o molatedi wa setlhopha sefe sa motshameko?

Ke molatedi yo mogolo wa kgwele ya dinao ka gonne ke tswa kwa Meadowlands, kwa Soweto. Ke tlile go swa ke ntse ke le molatedi wa setlhopha sa Orlando Pirates.

 

A o ka itlhalosa ka lefoko le le lengwe fela?

Boikokobetso

 

O dira eng ka nako ya fa o sa dire sepe?

Fa ke khunologile ke se kwa tirong, o tla mphitlhela ke buisa, ke dira mo tshingwaneng kgotsa ke reeditse mmino wa Jese.

 

Ke kgakololo efe e o e nayang ba ba tsayang malebela mo go wena?

Ke gakolola baša gore ba se ka ba itlhoboga ka ditoro tsa bone le gore ba nne boikokobetso ka metlha le go se lebale kwa ba tswang teng.

Mo karolong eno ya rona e e itumedisang ya a re itsaneng, eish! e bua le Jim Molautsi, yo o nang le dingwaga di le nne e le mokaedi wa Lefapha la Botshelo jwa Baithuti mo Khamphaseng ya Mahikeng.


Re lebogela Jim go bo a re boleletse ka boripana ka ga gagwe. Re lebile pele go atlega ga baša botlhe ba a tla bong a ba thusa ka nako ya fa a le mo YBB. Mo karolong ya rona e e latelang, re tla bua ka modiri-ka-rona go tswa kwa Khamphaseng ya Vanderbijlpark.

 

Dilo tse Jim a di ratang go gaisa tsotlhe: go tswa kwa tlhogong ya Aforika go ya kwa lonaong lwa yone

Fa o botsa Jim gore lefelo la gagwe la bojanala le a le ratang thata ke lefe, a re ke Egepeto. “Ke tlotla Baegepeto le go ba akgola ka ntlha ya go sireletsa setso le hisitori ya bone,” o bolela jalo.

 

Fa re tla mo lonaong lwa Aforika, Jim a re se a se ratang thata ka Aforikaborwa – kwantle ga papa ka mogodu – ke maemo a yone a bosa le batho ba yone.