Mo dingwageng di le pedi tse di fetileng, yunibesiti e ntse e berekana le mokgele wa yone wa tiro eno e ntšha ya dijethale. Mokgele ono o fitlheletswe ka Ditogamaano tsa rona tsa Tiro ya Dijethale.

 

Mop Daryl Balia, mothusa motlatsa-mokanseliri wa IT le wa ditiro tsa Khamphase ya Potchefstroom, a re togamaano eno ga se kgopolo fela e e sa kopaneng le tiro ya rona ya letsatsi le letsatsi.

 

“Re batla go tsenya leano leno tirisong gore e nne tiro ya mmatota e re e dirang letsatsi le letsatsi mo YBB, e mo go yone maloko a badiri a iphitlhelang a le mo tirong e mo go yone go dirisiwang didirisiwa tsa dijethale go tlhofofatsa tiro ya bone le go nna le matswela mo tirong.”

 

Daryl a re boikaelelo jwa leano leno ke go simolola matsholo a le mmalwa a dijethale kgotsa diporojeke mo YBB yotlhe.

 

Boikaelelo jwa diporojeke tseno ke go tokafatsa dithulaganyo le go tlhama ditšhono tse di ntšha, ditharabololo mmogo le maitemogelo a boleng jo bo kwa godimo a bana-le-seabe. “Jaaka fa re ntse re tsenya togamaano eno mo tirisong, o ka nna wa bona koketsego ya diporojeke tsa dijethale mo yunibesiting yotlhe.”

 

Dingwe tsa tsone di setse di simolotswe (leba lebokoso la mokwalo) mme tse dingwe di sa ntse di tla. Re ne ra buisana le  Ian Rothmann, mologamaano wa dijethale yo o tshegetsang Ditogamaano Tsa Dijethale tsa Kgwebo, ka ga matsholo mangwe a a kgatlhang a kgwebo a a santseng a tlile go dirwa.

 

Letlole la go Akofisa Tiro

 

“Fa o batla go simolola porojeke e nnye go ya go ya bogolo jo bo mo magareng mo YBB mme o sena bajete ya yone, o ka nna wa ya go kopa thuso ya madi kwa Letloleng la go Akofisa Tiro,” Ian o tlhalosa jalo.

 

Letlole la go Akofisa Tiro le dira ngwaga otlhe go thusa setheo le fa e le sefe fela mo yunibesiting. Ga o kitla o leta lobaka lo lo leele fa o sena go romela kopo ya gago ya porojeke eno ka gonne setlhopha sa tiro sa letlole leno se sekaseka dikopo tse di ntšha ka dinako tsotlhe.

 

Mo godimo ga moo, batsamaisi ba letlole leno ba tla tlhoma mogopolo mo bo beyeng leitlho kgatelopele ya porokeramo le go sekaseka boleng jwa yone, le go ntsha kgakololo ka ga yone fa go tlhokega.

 

Lefelo la Porokeramo ya Khomphiutha ya Tlhamo e e Bonako

 

A o tlhoka karolofefo ya khomphiutha ya go tlhama sengwe se sennye ka yone se kwa bofelong se tla dirang pharologano e kgolo mo tirong e badiri ba e dirang? O se ka wa leba kgakala: go simolola ka 2022, o tla ya kwa lefelong la Karolofefo la Porokeramo ya a Khomphiutha la Tlhamo e e Bonako.

 

Lefelo leno e tla nna lefapha la tlhamo ya karolofefo e nnye  ya khomphiutha mo teng ga setheo leo tiro ya lone e leng tlhamo ya ka bonako ya karolofefo ya khomphiutha, segolobogolo fa nako e ile mme go tlhokega tlhamosešwa ka bonako.

 

Lefelo la Karolofefo ya Tlhamo e e Bonako le tla tsepa mogopolo mo dithekenolojing tsa bošeng, go akaretsa le webo le didiriso tsa mmobaele, Metšhini e e Dirang Jaaka Batho, didirisiwa tsa patlisiso, sefalanatshedimosetso sa diakhaonto tsa madi le  go fetola ponalo ya dilo go nna ya dijethale.

 

Lefelo leno le tla kgona go go direla sediriso sa kgwebo ka bonako-nako, ka gonne le tla dirisa dipolatefomo tsa tlhamo ya khoutu e e kwa tlase e e tla fokotsang bontsi jwa khoutu e gantsi e dirwang ka diatla.

 

Webosaete e e tla bong e dirisediwa seno

 

O ka leba pele go bona webosaete e ntšha e  e e nang le dikgang, ee bontshang kgatelopele le eo mo go yone o ka fitlhelelang didirisiwa tsa Togamaano ya Kgwebo ya Dijethale. Mo godimo ga moo, go santse go tlhagisiwa bidio e ntšha ya Mokgele wa 2025 wa YBB go tlhama ponelopele ya ka fa leano leno le tlileng go re solegela molemo ka gone mo YBB.

 

Polatefomo ya Metshameko ya Eleketeroniki

 

Gape, YBB e dira patlisiso ka go tlhama polatefomo ya metshameko ya Eleketeroniki go tlamela baithuti ka ditlhoko tsa bone.

 

Polatefomo eno e tla dira gore baithuti ba kgone go tshameka metshameko ya eleketeroniki  (metshameko ya dibidio) le metshameko ya go dirisa tlhaloganyo (ka sekai, borogo, tšhese, checkers) ka tsela e e rulaganeng ya go gaisana le batshameki bangwe le bangwe fela ba motho a kopanang le bone mo motshamekong oo.

 

Polatefomo eno e tla kgona go dirisa didirisiwa tse dingwe di le mmalwa tse di jaaka PlayStation, Xbox, dikhomphiutha tsa batshameki le diselefounu tsa bone.

x

di re baakanyetsa tiro e ntšha ya dijethale

DITOGAMAANO

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

Go tsenya tirisong Togamaano ya Kgwebo ya Dijethale go setse go tlhofofaditse tiro ya rona. Re bona dipholo tsa gone tsa diporojeke dingwe tse di simolotsweng mo YBB yotlhe. Tobetsa dikonopo tse di fa tlase go buisa di le mmalwa tsa tsone.

Mop Daryl Balia, Mothusa motlatsa-mokanseliri wa IT le wa ditiro tsa Khamphase ya Potchefstroom, o go laletsa go tla go nna leloko la Ditogamaano Tsa Kgwebo Tsa Dijethale ka go itsise setlhopha ka tharabololo e ntšha ya dijethale e e ka nnang ya go thusa thata mo tirong ya gago. O ka ikgolaganya le bone mo atereseng ya digital.strategist@nwu.ac.za.

GO TSAYA MAETO A BOJANALA MO MAFARATLHATLHENG

SEROMELA-MELAETSA SA WHATSAPP

Ditiro tsa dijethale di fetogile go feta ka fa re neng re akantse ka gone mme di tla tswelela go fetoga – YBB ga e kitla e tshwarwa e santse e itebetse.