Jenereitara eno ga se yone fela tharabololo e e sa tureng e e bolayang megare ya go rarabolola mathata a Covid-19, mme gape e solofetsa go nna tharabololo ka tsa pholo le e leng morago ga leroborobo.

 

Moithuti wa dilo tsa motlakase, wa eleketeroniki le wa boenjenere jwa dikhomphiutha e leng Izak Adendorf (22), ke leloko la setlhopha seno se se tsweletsang pele tlhamo ya ntlha ya ga Barend Visser, motlhami mo Legorong la Disaense tsa Tlhago le Temothuo.

 

Go sireletsa mafelo a botlhe

 

Jenereitara e e sa tswang go tlhamiwa le go tlhabololwa ya ozone e ka nna ya nna le matswela a a molemo a go sireletsa mafelo a botlhe a a jaaka diyunibesiti, dikolo, maokelo le dipalangwa tsa botlhe.

 

Selo sa konokono se Izak a tsepileng matlho mo go sone ke go tlhama thekenoloji ya gagwe ya YBB ya sensara gore e bale le go laola bontsi jwa ozone ka nako ya fa e dira.

 

“Sensara eno e tla lekanya ka boyone fela boleng, longola, dilekanyo tsa okosejene mo moweng mo lefelong le le rileng.  Morago ga moo e tla dirisa thekenoloji ya khomphiutha go bona gore a ozone e e oketsegileng e tlhoka go fetlhwa le go ntshediwa mo lefelong leo go bolaya megare.”

 

Tiriso ya thekenoloji ya sensara ka jenereitara ya ozone e tlhomologile ka gonne e ka kgona go laolwa go tswa kgakala le go porokeremiwa.

 

Izak o feditse go tlhama sensara le diboto tsa khomphiutha, mme di santse di lekelediwa gone jaanong. A re fa a sena go newa tetla ka ga gore di sireletsegile le melawana ya tiriso ya tsone, go romelwa ga diotara tsa tse di setseng di otarilwe go tla simololwa.

 

Go tlhagafalela tiro go felela ka diphelelo tse di siameng

 

Izak o ne a tlhotlheletsega ka letsatsi la go lalediwa ga botlhe gore a gagamalele mokgele wa gagwe wa go ya kwa thešiaring ya thuto kwa YBB. “Ke rata dithuto tsa me bile ke ithutile go le gontsi tota. Ke rata boenjenere fela thata.”

 

“Ke itumelela ditšhono le kemonokeng e ke e amogetseng mo nakong yotlhe ya dithuto tsa me kwa YBB segolobogolo go tswa mo Legorong la Boenjenere.”

 

O rotloetsa baithuti go diragatsa seabe sa bone, go botsa dipotso, go tsaya karolo le go sola molemo ditšhono tse di ba bulegelang, le go leba batlhatlheledi ba bone jaaka badiri mmogo fa ba rutwa ke bone. Bangwe ba batlhatlheledi ba gagwe ba nnile batlhaba-botlhale ba gagwe le batlhomasekao ba gagwe bao a tsayang malebela mo go bone.

 

“Gape YBB ke lefelo le le molemo la go kopana le ditsala tsa botshelo jotlhe. Kgatelopele ya me e nnile teng ka ntlha ya thotloetso ya batlhaba-botlhale ba me le ditsala tsa me.”

e tshwanetse go tokafatsa matshelo a batho, go bolela jalo motlhami wa moithuti

THEKENOLOJI

Go tla bonala fa nako e ntse e ya

 

Izak a re o sa ntse a akanyetsa dithulaganyo tsa gagwe tsa mo isagweng, le fa gone jaanong a santse a tshwaregile ka go tlisa jenereitara ya ozone mo mmarakeng gore a e anamise.

 

“Rre ke rakgwebo mme mo godimo ga boenjenere, ke kgatlhwa ke kgwebo.

 

“Ke ka rata go kopanya boenjenere jwa eleketeroniki le jwa dikhomphiutha le kgwebo, ka sekai, ka go aga kgwebo e e ka tsepang mogopolo mo tirong ya thomelo ya dithoto le ditirelo kgotsa thekenoloji ya tsa kalafi jaaka dimmonithara kgotsa thekenoloji ya go bolaya dibaketeria tse di matameng didirisiwa.”

 

“Gape ke na le dikgopolonyana tse dingwe di le mmalwa ka tsa kgwebo, mme gone jaanong ke batla go wetsa dithuto tsa me pele ka katlego le go dira gore jenereitara ya ozone e dire tiro e e tshwanetseng go e dira – ya go tokafatsa matshelo a batho. Go tla bonala fa nako e ntse e ya…”

 

Selo sengwe se a tlhomamisegang ka sone ke gore o batla go dirisa dikgono tsa gagwe le kitso go tokafatsa matshelo a batho. “Ka gonne thekenoloji e tla bo e thusa ka eng fa e sa nne le diphelelo dipe tse di mosola?”

 

Go simolola ka go tobetsa ditalama go fitlha ka go tlhama thekenoloji ya maemo a a kwa godimo

 

Izak o simolotse go rata dilo tsa eleketeroniki thata a santse a le lesea. “Batsadi ba me ba re ke ne ke rata go tobetsa ditalama go bona gore di dirang. Ke ne ke rata thata dipone tse di panyapanyang tsa didirisiwa tsa go apaya. Fa ke ntse ke gola, ke ne ka batla go itse gore didirisiwa tsa eleketeroniki di dira jang le gore a di ne di ka kgona go dira go feta se di se dirang.”

 

Go nyorelwa kitso gono go ne ga dira gore a etele mabenkele a dikhomphiutha le madirelo a dilo tsa setegeniki a santse a le dingwaga di le 11 ka nako ya malatsi a boikhutso le ka mafelobeke. A re maitemogelo a a nnileng le one le go bona dilo tseno go ne ga tsosa kgatlhego ya gagwe mo tirong ya go porokerema, go dira ka diroboto le neteweke le thekenoloji ya khomphiutha, mme seno se ne sa mo rotloetsa go ikwadisetsa tiro ya go romela dithoto mo teng ga naga.

 

Izak Adendorff a ka nna a lebega jaaka motho yo go ka se kang ga tswa sepe se se kalo mo go ene, mme ditalente le tiro ya gagwe ya ka natla e feta boenjenere jo re itseng ka jone.

 

O apara mebala ya Protea mo motshamekong wa go relela mo aeseng ka ditlhako tsa legong a tla a ntse a thuntsha ka tlhobolo,  mme gape o tsenela kgaisano ya Midmar Miles (go thuma mo letamong la Midmar). Go sa kgathalesege go tshwarega thata jaaka fa sekejule sa gagwe se bontsha, o ipoloka a itekanetse ka go thuma. O ikaelela gore fa a sena go wetsa dithuto tsa gagwe, a kgwe mowa go sekae mo go tsone mme a tsenele dikgaisano tsa go thuma.

 

 

Izak a re o rata ditiro tsa kwa ntle ga ntlo, tsa go palama dithaba kgotsa go ya pikiniking kwa nageng. O tsere maeto a le mantsi go ya kwa dinageng tse di ka fa borwa jwa Aforika le kwa moseja. Dingwe tsa dintlhakgolo tsa maeto a gagwe e nnile go ya Ukraine kgwedi e le nngwe, le dikgwedi di le nne kwa Jeremane go ya go ithuta nakwana kwa ditheong tse di dirisanang le se a tswang kwa go sone.

Moithuti wa ngwaga wa bofelo yo o ithutelang boenjenere o eteletse pele mo go tlhameng sensara e ntšha ya thekenoloji ya jenereitara ya ozone e e ka kgonang go senya mogare wa korona le megare e mengwe e e kotsi le dibaketeria.

Tobetsa fa go buisa go feta ka jenereitara ya ozone e e makatsang e le setlhopha sa baithuti ba bangwe ba ba e tlhabololang go ya pele