Anél o fitlheletse mokgele wa gagwe wa ka 2015 wa go nna motseleganyi wa bolumu ya ntlha e e leng yone fela e e tseneletseng fa e bua ka molao wa pusoselegae wa Aforikaborwa ka tsa tikologo, e bile o weditse tokololo ya bobedi ya buka eno.

A bommasepala ba senya tikologo?

eish! e ne ya botsa Mop Anél du Plessis gore pusoselegae e dira jang malebana le go diragatsa melawana ya tsa tikologo. Tobetsa dipotso go buisa dipotso.

Dintlha go ya pele ka Anél

 

E re ka e le mankge mo go tsa tikologo le molao wa pusoselegae, Mop Anél du Plessis o ile a okamela baithuti ba morago ga kalogo ba ba fetang 40 le babatlisisi ba morago ga gerata ya bongaka mo mafelong ano.

 

Mongwe wa baithuti ba gagwe ba PhD, e leng Ngaka Nicolene Steyn, o ne a aloga jaaka moithuti yo mmotlana mo go botlhe wa gerata ya bongaka mo Legorong la tsa Molao la YBB.

 

Gape Anél ke mmatlisisi yo o neilweng maduo wa Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Patlisiso wa Aforikaborwa, o ne a direla jaaka leloko le le tlhophilweng la Mokgatlho wa Aforikaborwa wa Akatemi e Potlana ya Saense ya Aforikaborwa mme gape o ne a etelela pele lenaneo la LLM la YBB mo go tsa molao wa tikologo le taolo go simolola ka 2015 go fitlha ka 2018.

 

O simolotse dithuto tsa gagwe tsa akatemi dingwaga di le dintsi tse di fetileng kwa YBB koo a neng a ithutela dikirii ya gagwe ya BA ya Molao gone, LLB, LLM le LLD.

 

Morago ga ngwaga ya boithutelatiro mo setlamong kwa go se ka nako eo e neng e le Senthara ya Botsamaisi jwa Tikologo ya YBB, o ne a nna leloko la leruri ka 2005.

 

 

Go tswa ka fa molemeng ke Mop Marius Pieterse wa Sekolo sa Molao sa WITS le moakatemimogolo yo e leng Modulasetulo wa NRF-Nedbank SARChI wa Ditoropo, Molao le Go Itsetsepela ga Tikologo, le Mop Anél du Plessis le Ngwako Raboshakga, bao ka bobedi ba tswang kwa Legorong la tsa Molao la YBB.

Molao ka tsa Tikologo le Pusoselegae di tsepa mogopolo mo dilong tsa semolao tsa taolo ya metsi le kgelelo ya leswe la matlwana a boithusetso, taolo ya tsa motlakase, ditirelo tsa mmasepala tsa boitekanelo, tsa go olelwa ga matlakala le tsa botsamaisi jwa boleng jwa mowa, tikologo ya metsesetoropo, go tlamelwa ka ditirelo le borulaganyi jwa ditoropo tsa mmasepala.

 

Go itsetsepela ga tikologo ke selo sa konokono

 

Anél, yo e leng Modulasetulo wa NRF-Nedbank SARChI mo Ditoropong, wa Molao le Go Itsetsepela ga Tikologo, a re buka eno e mekamekana le dithulaganyo tsa molao le taolo ya go itsetsepela ga tikologo mo Aforikaborwa.

 

A re go botlhokwa go ela tlhoko gore batho ga ba ke ba emisa go botsa dipotso ka ga se se bakang diphetogo le go senyega ga tikologo ka ntlha ya kgolo ya baagi, mmogo le go atlega le go palelwa ga puso.

 

Go botoka go nna le dikakanyo tsa ba bantsi

 

Baakatemi le badiri ba ba farologaneng mo Aforikaborwa yotlhe ba ile ba thusa ka go kwala dikgaolo dingwe tsa buka ya Environmental Law and Local Government in South Africa, ba ne ba akaretsa le babatlisisi ba le 13 go tswa mo magorong a a farologaneng a YBB.

 

Mop Anél du Plessis a re go laola porojeke e e nang le batsayakarolo ba ka nna 40 e ne e le namane e tona ya tiro e bile e tsere lobaka go feta ka fa go neng go lebeletswe ka gone, mme o ne a le lesego go dira le setlhopha se se dirang ka natla jaaka sa babatlisisi ba baithuti.

 

“Ke itumelela mokwadi mongwe le mongwe yo o neng a iketleeleditse go abelana bokgoni le maitemogelo a gagwe, segolobogolo ka gonne dintlha tsa bone di sa kwalwa gope go sele,” o bolela jalo.

 

Mo lefatsheng ka bophara

 

Fa Anél a ntse a tlhabolola buka, gape o ne a tseleganya dibuka tse pedi go tswa kwa dinageng di sele tse di buang ka go dira dilo ka mokgwa o o tshwanang mo lefatsheng lotlhe mo kgannyeng ya go laola metsesetoropo le go rutwa ga melao e e amanang le tikologo le mekgwa le melaometheo ya go ithuta.

 

Porojeke ya gagwe ya bošeng jaana ya buka e sekaseka seabe se ditoropo lefatshe ka bophara di tsibogelang tlelaemete ka gone.

Moakatemi Anél du Plessis wa Legoro la tsa Molao yo gape e leng mmatlisisi o itumetse tota – mme ka lebaka le le utlwalang.

BUKA E E SA TSHWANENG LE EPE YA GA ANÉL

ya melao ka tsa tikologo e lepalepana le diphetogo

Tobetsa mo sedikong go buisa go feta ka buka ya ga Anél

Mop Anél du Plessis o ne a abelwa go nna Modulasetulo wa SARChi wa Ditoropo, Molao le Go Itsetsepela ga Tikologo ka 2019. Fa a se mo tirong, Anél o rata go tsamaya maeto le go keleka mafelo a a kwa ntle le monna wa gagwe, Marius, le basimane ba bone ba mawelana ba ba nang le dikgwedi di le 21, Christoff le  Georg.