‘PELE GA MOO LE MORAGO GA MOO’

Selo se se botlhokwa mo go Karen ke

Mo karolong eno ya rona ya bobedi e e itumedisang ya a re itsaneng, eish! e bua le Karen Visser yo, morago ga dingwaga di le someamabedi mo Khamphaseng ya Mahikeng, a fudugelang kwa Khamphaseng ya Vanderbijlpark.

Karen Visser yo, morago ga dingwaga di le some a mabedi mo Khamphaseng ya Mahikeng, a fudugelang kwa Khamphaseng ya Vanderbijlpark.

Ke eng seo o se ratang thata ka tiro ya gago?

Seane se se reng “pele ga moo le morago ga moo” se tlhagisa mogopolo wa bana ba bannye ba tsena mo ngwageng wa ntlha mme dingwaga moragonyana ba fetoga batho ba ba atlegileng ba ba tlisang pharologano e kgolo mo intasetering le mo nageng ya rona.

 

Go tlile jang gore o nne motlhatlheledi?

Kwa Yunibesiting ya Johannesburg maitseboa mangwe, motlhatlheledi wa rona o ne a siilwe ke nako ya go tla mo tlelaseng mme a nkopa gore ke rute tlelase mo boemong jwa gagwe.  Ke ne ka founela Mme morago ga tlelase eo ka mo raya ka re: “Ke itse se ke batlang go se dira.”

 

Ga ke ise ke tlhole ke leba tiro epe e sele.  Ke rata thata se ke se dirang e bile ga ke kgone go ipona ke latelela mokgele o mongwe wa tiro.

 

O ne o batla go nna eng fa o ne o sa le ngwana?

Rre o ne a akanya gore ke botlhale thata mme a mpona ke tlile go nna moenjenere kgotsa sengwe sa go tshwana le seo. Ke nna yo mmotlana mo basetsaneng ba le bane mme bokgaitsadiake ke batho ba ba dirang ka natla.  Ke ne ke solofela gore ga ke tle go nna matlhalela.

 

O rotloediwa ke eng kgotsa ke mang?

Ke motho yo o dumelang thata mafoko a ga Maslow a “Go lekeletsa bokgoni jotlhe jo ke nang le jone”.  Ke a itumela fa ke dira sentle thata mo sengweng se se neng se lebega se ka se kgonege.  Go atlega go tlisa katlego go ya pele!

 

O itumedisiwa ke eng?

Ke di German Shepherd tsa me tse pedi. Lerato le le feletseng le kemonokeng ya balosika ba me di dira gore ke ikutlwe ke segofetse, mme ditsala tsa me tse di nthatang di dira gore ke ikutlwe ke le motho. Ke a itse gore ga ke bue sepe se se kalo.

 

Ke eng se se go utlwisang botlhoko thata?

Go sotla diphologolo, basadi le bana le go kgerisa ba bangwe.  Ga go na sepe se ke se lwantshang ka bojotlhe jwa me jaaka seo.

 

Lefelo la gago la bojanala le o le ratang thata ke lefe?

Ga ke rate difofane, ga go lepe kwa moseja. Lefelo le ke le ratang thata la bojanala ke The Palace and Cascades Hotel at Sun City.

 

Monate o ke leng molato wa one ke go betšha mo mmedieng wa botsalano. Ke ka se kgone go duelela dilo dipe tse di oketsegileng, ka gonne dilo tse ke di batlang di kwa Sun City, le lefelo la go sidilwa mmele, lefelo ka kolofo le dijo tsa methalethale le meletlonyana, tsotlhe fa kgorong ya serapa sa Diphologolo sa Pilanesberg.

 

O ipona o le kae mo dingwageng di le mmalwa tse di tlang?

Ke tlhabisiwa ditlhong ke gore ga ke a fetsa PhD ya me mme ka ntlha ya batho botlhe ba ba pelonomi le go nkema nokeng, ke tshwanetse go e eteletsa kwa pele. Gape ke rapela Modimo gore a nthuse gore go fudugela kwa Khamphaseng ya Vanderbijlpark go atlege le gore ke tle ke kgone go tlhoma lefapha la akatemi le le tumileng lwa maemo a a kwa godimo.

 

 

Karen Visser yo, morago ga dingwaga di le some a mabedi mo Khamphaseng ya Mahikeng, a fudugelang kwa Khamphaseng ya Vanderbijlpark.

 

eish! E lebogela Karen tiro ya gagwe ya ka natla le boineelo jwa gagwe jwa dingwaga tse di fetileng. Re lebile pele katlegong e a tlileng go nna le yone fa a le kwa Vanderbijlpark. Mo karolong ya rona e e latelang, re tla bua ka modiri-ka-rona go tswa kwa Khamphaseng ya Potchefstroom.

 

Seabe sa gagwe koo e tla nna go tlhoma lenaneothuto le le tshwanang le le le atlegileng thata la Dithuto tsa Ikonomi tsa Dipalangwa le Botsamaisi Jwa Dithulaganyo-Kakaretso le a le simolotseng kwa Mahikeng ka 2003.

 

eish! e boditse Karen gore a itlhalose ka mafoko a mararo…. Tobetsa mo diaekone tse tharo fa godimo go bona dikarabo tsa gagwe.