letseka la tshireletsego ya khamphase

Arabile ke mogaka ka ntlha ya go tlisa tshireletsego mo Khamphaseng ya Mahikeng dingwaga di feta masomamararo.

Hisitori le tlhamane ya padi dirilwe ka badiragatsa ba ba mebalabala ba molao le tolamo ba ba direlang baagi ba bone ka boineelo le ka tsela e e tlhomologileng.

Fa motho a kwala hisitori ka YBB, motho go ka tshwanelegelang gore go kwalwe ka ene ke Oarabile Lechuti, mongwe yo o sa bolong go nna modiri mo setheong sa rona, yo o nang le maitemogelo a a fetang dingwaga di le masomeamararomo tirong ya tshireletsego ya khamphase.

 

O bone diphetogo di le dintsi mo go yone, ka gonne o simolotse mo Yunibesiting e ka nako eo e neng e le Yunibesiting ya Bophuthatswana (UNIBO), e kwa morago e neng ya nna YBB. E re ka a dirile ka fa tlase ga bakaedi ba le robongwe ba tshireletso ya khamphase, ga go ope yo o gopolang dilo tse di amanang le setheo seno go gaisa ene.

 

Go Boloka botlhe ba sireletsegile

 

Oarabile o feditse dingwaga di le dintsi a diragatsa maikarabelo a lefapha la gagwe a maemo a a kwa godimo a go tlamela ka ditirelo tse di botlhokwa tsa tshireletso, go tlhamela baithuti, badiri le baeng maemo a a sireletsegileng a go ithuta le a go dira.

Fa a sa le a nna leloko la yunibesiti, o ntse a dira jaaka motlhankedi yo o laolang kgoro ya botseno gape a dira jaaka motlhankedi-mogolo wa dipatlisiso, mme jaanong maikarabelo a gagwe a akaretsa go rulaganya ditiragalo le ditiro tsa mo setheong.

 

O akgolelwa boineelo jwa gagwe

 

Go ralala dingwaga, Oarabile o ne a newa diawate di le mmalwa tsa boineelo jwa gagwe mo tirong.

 

Bošeng jaana o ne a akgolwa ke ba Sepodisi sa Aforikaborwa (South African Police Service [SAPS]) ka ntlha ya go thusa go fokotsa bokebekwa kwa Mahikeng le go thusa gore dithoto tse di utswitsweng di bonwe ka go etela baithuti ba Yunibesiti ya Hanseo.

Rre Aubrey Welken, mokaedi wa nako e e fetileng mo lefapheng leno, a re Oarabile ke mogaka yo o itsegeng ka boineelo jwa gagwe mo tirong jwa go direla YBB ka maatlametlo.

 

“O dumela mo dikgatotharabololong mo boemong jwa go letla baithuti ba dire ditlolomolao ba sa twe sepe. “Le fa go ntse jalo ga a tlogelele dilo fa a dipego tsa go senngwa ga kago, bogodu le ditlhaselo di begelwa Lefapha la Ditirelo tsa Tshireletso,” Aubrey o bolela jalo.

 

“Ke mankge wa pholisi le mokgwatsamaiso, ga a ke a itsemeletsa go tsamaya a bapile le wena le fa lo tsena mo teng ga dikhuduego tsa baithuti,” o oketsa jalo, ka go ela tlhoko gore Oarabile o nna a iketleeleditse go ntsha kgakololo ya gore maemo a ka rarabololwa ka tsela efe e e botoka.

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

SHERLOCK HOLMES

WA RONA

Ka ntlha ya thuso ya gagwe e e molemo ya lobaka lo lo leele ka tsa molao, tolamo le tshireletsego ya setšhaba,  Oarabile o ne a itsege ka kgono ya gagwe e e sa tlwaelegang ya go rarabolola bothata bope fela jo a mekamekanang le jone.

 

Dikgono tsa gagwe tsa go dira dipatlisiso ka one, temogo ya gagwe ya maemo a a kwa godimo, le bokgoni jwa gagwe jwa go tsaya dilo ka motlhala di bapisiwa le tsa ga Sherlock Holmes yo bo buisitsweng thata ka ene.

 

Dikgono tse Oarabile le badiri ka ene ba nang le tsone di dirile gore ba kgone go efoga dithulaganyo tse dingwe gape tsa ditshupetso tsa #FeesMustFall tse di neng tsa dirwa mo Khamphaseng ya Mahikeng.

Gape o akgolewa go bo a thusitse thata ka tsela e mafelobonno a YBB a itsegeng ka one go bo a le mangwe a mafelo a a sireletsegileng thata mo khamphaseng.