Mo bidiong e, baithuti ba dithuto tsa MA mo Legorong la Boenjeneri ba bua ka moakanyetso le go aga ga sejanaga sa letsatsi sa YBB, se se bidiwang Naledi. Ikgolaganye le rona mme o bone goreng sejanaga sa Naledi se ntse jaaka se ntse: jaaka, goreng se na le popego e e totobetseng mme goreng dipenele tsa letsatsi di kgona go sekamisiwa.

Ke sejanaga se se tsamaisiwang ke lesedi,  mme ga se lesedi le le tshwanetseng go tswa fela mo letsatsing. Gape ke serori sa motlakase, mme ga se tlhoke go dula se tsentswe mo mo motlakaseng ka polaka go ka tšhatšhiwa gape - e na le tšhatšhara ka mo teng ga yone.

 

Ebu, re bua ka sejanaga sa letsatsi sa YBB se se bidiwang Naledi. Re ntse re aga mme re ntšhwafatsa tlhatlhamano ya dijanaga tsa letsatsi ngwaga le ngwaga go tloga ka ngwaga ya 2012, ka nako e go ne go agilwe sejanaga sa ntlha sa letsatsi.

 

Lebelela bidio e go bona gore goreng Naledi e sa tshwane le serori sepe se o kileng wa se bona mo tseleng.

Sejanaga sa Letsatsi

Ke rona ba

-TSHEDIMOSETSO

eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesimane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.

Setlhopha sa botseleganyi: Badiri ba Lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe: Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe: Nelia Engelbrecht - mogala 018 299 4937, nelia.engelbrecht@nwu.ac.za