Fa o ntse o nwa kopi ya gago ya ntlha ya kofi, o bula kopano molaetsa o o fa godimo wa lenaane le le leele la diimeile mo khomphiutheng ya gago ya kwa tirong. Imeile ya teng e khutshwane thata – e kwadilwe ka melaetsa ya eleketeroniki e e khutshwafaditsweng. O a kgonya, mme o bo o bula e nngwe gape. Mo nakong eno, kofi ya gago e a tsidifala fa o ntse o buisa molaetsa o moleele o o sa feleng.

Maitseo a go

TSEPA GO

DIRISA IMEILE

Go na le tharabololo ya diimeile tse di khutshwane thata kgotsa tse di telele thata - le jwa e e kotsi ele: imeile ya go galefa ga gago e o batlang go e romelela mongwe fa o ntse o minolosa kofi e e tsididi.

Tharabololo eno ke ya go nna botlhale ka diimeili. eish! E buile le Louis Jacob, mokaedi wa Ditlhaeletsano ka Tsa Kgwebo yo gape e leng leloko la setlhopha se se kwadileng dikaelo tsa go nna botlhale ka diimeile mo YBB.

 

Mo athikeleng eno, Louis o re bolelela gore ke eng fa dikaelo tseno di ne di tlhokega le gore di ka thusa jang go tlhofofatsa matshelo a rona. Gape o bua ka dilo tse di ka dirwang le tse di sa tshwanelang go dirwa tsa tlhaeletsano ka imeile.

 

P: Sa ntlha, goreng re tlhoka maitseo a go dirisa imeile?

K: Go amogela diimeile le go di araba ke karolo e e botlhokwa thata ya tiro ya rona ya letsatsi le letsatsi mme mokgwa wa gago wa go tlhaeletsana le ba bangwe e senola gore o modiri yo o ntseng jang: mokgwa wa gago wa tiri, boineelo jwa gago jwa tiro ya  boporofešenale le go ela tlhoko dintlha tsa botlhokwa.

 

Ntlha ka maitseo a tiriso ya imeile ke gore ke one mokgwa wa puisano, e go thusa go dira ditiro tsa gago tsa letsatsi le letsatsi ka katlego mme kwa bofelong, e go bolokela nako e e botlhokwa.

 

P: Ke eng sa botlhokwa thata se o sa tshwanelang go se dira fa o dirisa imeile?

K: Fa o tlotla dilo tsa poraefete kgotsa o bolelela ba bangwe tshedimosetso ya khupamarama, gantsi simolola seo mo imeileng e ntšha. O se ka wa araba mogolagang wa diimeile tse di fetileng go tswa kwa mothong yo mongwe – o ka tloga wa iphitlhela o tsentse le batho ba ba neng ba le mo teng ga mogolagang wa imeile e e fetileng mo imeileng eno ya khupamarama.

 

Tota e bile; fa o belaela gore seno se ka direga, o se ka wa kwala mo imeileng eo. Tlhomamisa boammaaruri le boikaelelo jwa imeile ya gago pele o bolelela ba bangwe tshedimosetso ya khupamarama kgotsa e e masisi, ka gonne seno se tla nna le ditlamorago tse di masisi mo go wena le mo modiring ka wena.

 

P: Go tweng ka go kwala imeile o galefile?

K: O se ka le ka motlha. Le ka motlha o se ka wa romelela mongwe imeile o galefile. Fa o galefile, iphe nako gore o kwele makgwafo o bo o araba. Tlogela go ntsha kgalefo ya gago, go omana kgotsa go bua le mongwe ka go tlhopha bopelonomi ka imeile, segolobogolo fa o araba o tobeditse ‘reply to all’. Ka metlha gopola gore go kwalelana ka imeile go nnela ruri.

 

P: A o ka re tlhaba botlhale go le go nnye ka go kwala imeile e e siameng?

K: Dira gore e nne le subject e e utlwalang sentle, kwala melaetsa e mekhutshwane e e opang kgomo lonaka, dirisa fonto ya seporofešenale o bo o tlhathoba mopeleto le thutapuo pele o tobetsa konopo go e romela.

 

Gape o ka nna wa buisetsa molaetsa oo kwa godimo. Ka ditsebe, o ka nna wa utlwa sengwe se se ka tlolwang ke matlho a gago, mme seno ke teko e e siameng ya go utlwa gore imeile ya gago e utlwala jang – go motlhofo gore e utlwale o sena maitseo go feta ka fa o neng o lebeletse ka gone. Gore e nne e e siameng, efoga mafoko a a seng monate a a jaaka palelwa, phoso, tlhokomologile, mme o nne pelonomi – ka metlha dirisa mafoko tsweetswee le ke a leboga.

 

P: Ke maele afe a mangwe a o nang le one mo tokomaneng ya dikaelo, mme re ka bona tokomane eno kae?

K: Mo tokomaneng,o tla fitlhela tshedimosetso ka go tsaya malatsi a khunologo le melawana ya fa o se mo kantorong, mme gape o tla ithuta go le gontsi ka carbon copy, blind copy le reply to all. Re tlhalosa mokgwa wa go sekaseka imeile gore a e botlhokwa, go itse batho ba o ba kwalelang imeile, le go dira ka ditokomane tse di mametleletsweng mo imeileng.

 

P: Lefoko la gago la bofelo ka botlhale jwa tiriso ya imeile?

K: Imeile nngwe le nngwe e o e romelang e go direla leina le le ntle kgotsa e go senya leina. Mo tirong ya seporofešenale, batho ba bangwe le bone ba na le dikgopolo tsa bone mme go atlega ga gago go tla ikaega ka gore ba akanya eng ka wena.

 

O ka bona dikaelo tsa go ka na le maitseo ka imeile fa o tobetsa fano.

eish! e buile le Louis Jacobs, Mokaedi wa Ditlhaeletsano ka Tsa Kgwebo ka ga maitseo a go dirisa imeile mo YBB.