Ka 2021 Metshameko ya Diolimpiki ya kwa Tokyo e tla golaganngwa le leroborobo la ka bosakhutleng le le laotseng matshelo a rona go feta malatsi a le 500.  Mme, le fa metshameko eno e ile ya tshwarwa mo metlheng ya masetlapelo ano, go tuma ga tiragalo eno ga go a ka ga wela tlase.

ba emetse SA kwa Tokyo

BADIRI BA YBB

Le fa go ne go sena babogedi, dikhemera tsa thelebišene tsone di ne di le teng, mme batho mo lefatsheng lotlhe ba ile ba kopana mmogo go leba mofuta wa ditshedi tse e leng rona batho tse di lebelo go gaisa, tse di nonofileng le tse di bonako.

Leloko la badiri Elroy Geland (ka fa molemeng, o apere diaparo tsa go taboga tsa mmala o motala le wa gauta) a re go taboga mmarathone kwa Metshamekong ya Diolimpiki e ne e le lebelo le le thata go gaisa mo botshelong jwa gagwe, ka ntlha ya mogote o o ntshang noga mo mosimeng.

Elroy o ne a ititeile sehuba gore o ne a tlile go ntsha ga tshwene

 

eish! e ne ya kopa Elroy go re bolelela go le gontsi ka maitemogelo a gagwe kwa Metshamekong ya Diolimpiki.

 

“Re ne re tshwanelwa ke go ikobela melao ya go nna re katogane le ba bangwe, re sa kgone go tswa ka Marobalo a Diolimpiki e bile re dirwa diteko tsa Covid-19 moso mongwe le mongwe pele ga 09:00.”

 

“Fa e le ka ga mmarathone one, e ne e le lebelo le le thata go gaisa otlhe mo botshelong jwa me”, Elroy o bolela jalo. “Fa ke ne ke le mo kilometareng ya bo 30 – 12 km pele ga mola wa go konela lebelo - ke ne ke utlwa mmele wa me e kete o simolola go gotela go feta selekanyo. Gantsi go fufulelwa go go thusa go tsidifatsa mmele go sekae, mme mowa o o mogote o ne o gaketse, go fufulelwa go ne go sa thuse. Ke ne ke utlwa ke batla go tlogela lebelo kilometara nngwe le nngwe, mme ka ipolelela gore ga ke tle go latlhela seditse. Ke ne ka tshwanelwa ke go tlotla ke le nosi, ke ikgopotsa gore ke tswelele ke na le maikutlo a a siameng fela.”

 

Ka kakaretso, batsayakarolo ba le 34 ga ba a fetsa lebelo. Se Elroy a se dirileng e ne e le bosupi jwa go ititaya sehuba ga gagwe.  O ne a tswelela diura di le pedi, metsotso e le 16 le metsotswana e le 43.

 

 “Baatlelete bangwe ba maemo a a kwa godimo ga ba a fetsa lebelo leo... Ke motlotlo go bo nna ke le feditse.”

 

YBB e dumalana le ene.

Go tlhokomela botsogo jwa tlhaloganyo jwa Setlhopha sa SA

 

Ngaka Pieter Kruger, mokaedi wa Senthara ya YBB ya Pholo le Go Dira ga Batho a re nako e a  e ntseng kwa Japane e ne e le monate thata e bile e le e e gwetlhang.

 

Komiti ya Diolimpiki ya Aforika Borwa ya Khonfetereishene ya Metshameko (South African Sports Confederation and Olympic Committee [Sascoc]) e ne ya ikgolaganya le ene jaaka ngaka e e dirang ka mathata a tlhaloganyo le a mmele mo metshamekong go ema baatlelete le dimmenejara nokeng malebana le pholo ya bone ya tlhaloganyo.

 

“Ke ne ka tshwanelwa ke go dira le batshameki ba metshameko le ba ditiragalo tse di farologaneng mme setlhopha sa Maaforikaborwa sa batho ba ba fetang 200 se ne sa mpoloka ke tshwaregile thata ka tiro,” o bolela jalo.

 

 “Le fa seabe sa me e ne e le go dira ka mathata a tlhaloganyo fela, go feta halofo ya baatlelete ba ne ba na le dipotso e bile ba batla kemonokeng ka ga go nna le seabe ga bone mo metshamekong.”

 

A re baatlelete botlhe le badiri ba ne ba na le tsholofelo e bile ba ne ba emana nokeng.

 

“Le fa go tsaya karolo ga Maaforikaborwa go se kile ga nna ka tsela e botlhe ba neng ba solofetse ka yone, pharologano ya go latlhegelwa le go fenya mo motshamekong e ne e se kgolo go le kalo. Bontsi jwa baatlelete ba ne ba swabile nko go feta molomo, mme ba ne ba nna ba lwa go ya bokhutlong.

 

“Ke akanya gore rotlhe re ithutile dithuto tse di botlhokwa mo maitemogelong ano, e bile ke solofela gore seno se tla thusa botlhe go tswelela pele le go tokafatsa go tsaya karolo ga bone kwa Dikgaisanong tsa 2024 kwa Paris.”

 

Ngaka Pieter Kruger a re ka kakaretso, go tsaya karolo kwa Metshamekong ya Diolimpiki e ne e le maitemogelo a a itumedisang, go sa kgathalesege dikgwetlho tsotlhe tsa COVID le tsa go tsaya karolo. “Japane e tshwanetse go akgolelwa ka fa ba kgonneng go rulaganya dilo tsotlhe ka gone.”

Jean a re Japane e tshwanetse go tlotliwa ka botsalano le dithulaganyo tsa bone.

Le fa go ne go sena babogedi, dikhemera tsa thelebišene tsone di ne di le teng, mme batho mo lefatsheng lotlhe ba ile ba kopana mmogo go leba mofuta wa ditshedi tse e leng rona batho tse di lebelo go gaisa, tse di nonofileng le tse di bonako.

 

Ba ba neng ba ile tiragalong eno kwa Botlhaba jo bo Kgakala e ne e le difatlhego tse re di tlwaetseng thata tsa maloko a Yunibesiti ya Bokone-Bophirima.   Mo gare ga bone, go ne go na le Jean Verster, mmenejara wa Setheo sa Tiriso e e Kwa Godimo Thata ya Maikatlapelo a Mmele sa YBB, Ngaka Pieter Kruger, mokaedi wa Senthara ya Pholo le Go Dira ga Mmele ya YBB, le Elroy Gelant, wa Lefapha la Batho le Setso.

 

Mongwe le mongwe wa bone o ne a na le seabe se se botlhokwa kwa Diolimpiking. Jean o ne a le mmenejara wa setlhopha sa baatlelete ba Aforikaborwa, Pieter e ne e le moithutatlhaloganyo wa tsa metshameko wa setlhopha mme Elroy o ne a tsaya karolo mo mmarathoneng. Pierre Blignaut, yo o dirang nakwana kwa YBB, o ne a dira jaaka mokatisi wa setlhopha sa “shot put” le sa “discus”.

 

Elroy o dule maemo a bo 34 mo go se se ka tlhalosiwang go twe ke tiragalo ya mmaijoo ka ntlha ya maemo a bosa a a neng a sa kgone go itshokelwa: mogote o o ntshang noga mo mosimeng le go mowa o o mogote.

 

“E ne e le maitemogelo a a monate tota, le fa maemo a bosa e ne e le a a feteletseng. Go ne go le thata tota go hema mowa o o mogote jalo. Malebana le Metshameko e e Latelang ya Diolimpiki, ke akanya gore ke setse ke bapetse maitemogelo a a botlhokwa.

 

“Ka kakaretso, ke itumeletse Metshameko. E ne e sa tshwane le epe, mme fela re ile ra itlwaetsa maemo ao le go kopana mmogo le go itsane le baatlelete ba maemo a a kwa godimo mo lefatsheng,” o bolela jalo.

 

Pieter a re tsamaiso ya kwa Japane ka melawana ya Covid-19 e ne e le e e molemo thata e bile e sa raraana. “Le fa Marobalo a kwa Diolimpiking a ne a dirilwe gore a thibele go tshwaetsana, go ne go na le sebaka se segolo ka mo go lekaneng sa go tsamayatsamaya e bile dikago tsa teng e ne e le tsa maemo a a kwa godimo e bile di laolwa ka katlego.

 

“Badiri ba kemonokeng ba Bajapane le maloko a setšhaba ba ne ba le botsalano fela thata e bile ba na le mowa wa go thusa e bile ba ne ba sa ipone tsapa go bona gore gotlhe go apere tshiamo.”