Ngaka Gerhard du Plessis ke moeteledipele wa setlhopha sa porojeke se se thusang go tlhomamisa gore Porokeramo e ntšha e e itirisang e e Kopantseng Tiro le Go Ithutela Tiro (WISL) e tlamela legoro ka ditlhoko tsa lone. Gerhard ke mokaedi wa ditiro tsa lefelo le le lengwe tsa go ruta le go ithuta mo Senthareng ya Go Ruta le Go Ithuta.

Tobetsa diaekone tse di fa godimo go bona ditshwantsho

Tobetsa fano go buisa athikele ka botlalo ka letsholo la WISL.

Kgatelopele

 

Go dirilwe kgatelopele ya go tsenya tirisong porokeramo e e kopantseng tiro le go ithutela tiro (WISL). Tobetsa lebokoso gore o buise go ya pele.

Mo lobakeng lo lo khutshwane fela lwa nako, le ka dikgwetlho tse di seng kana ka sepe, setlhopha sa tlhamo eno se nna se beile leitlho kwa bowelong jwa tiro eno, ka go itse gore fa nako e ntse e tsamaya, porokeramo eno e tlile go solegela molemo thata magoro a a dirisang dimmojule tsa WIL kgotsa tsa SL.

Baithuti bano ba romelwa kwa mafelong a a farologaneng a tiro mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga ya rona mme go ba tsaya botlhe ka motlhala gore ba rometswe kae, ke namane e tona ya tiro, segolobogolo fa re akanya ka kgang ya gore seno sotlhe se dirwa ntle le tiriso ya porokeramo e e rileng.

 

Jaanong dikgang tse di monate ke gore Porokeramo e ntšha e e itirisang e e Kopantseng Tiro le Go Ithutela Tiro (WISL) e a re namola.

 

Porokeramo e e kopantsweng eno e laola kwa baithuti ba tla romelwang teng ka go itirisa, e bile gape e aba le batlhaba-botlhale ba baithuti ba ba tlileng go sekaseka boleng jwa ditiro tsa baithuti bano.

 

Go nna le WISL e ba sa bolong go e batla

 

YBB e ntse e batlana le tharabololo e e kopantsweng ya go laola mokgwa wa go dirwa ga pego ya ditiro ka porokeramo e e kopantseng tiro le go ithutela tiro

 

Ka 2019 Legoro la Thuto le ne la ntsha kopo e e potlakileng ya go nna le porokeramo ya WIL, ka gonne go ne go sa tlhole go kgonega jaanong go dirisa thulaganyo e e siilweng ke nako e e dirang ntle le porokeramo epe ya go romela baithuti go ya go lekeletsa bokgoni jwa bone jwa tiro.

 

Go ne ga bonala ka bonako gore baithuti ba tsa thuto e ne e se bone fela ba ba neng ba tlile go solegelwa molemo ke phetogo eno. Metlotlo e ne ya senola gore ba tiro ya booki le ba khemisi le bone ba ka nna ba solegelwa molemo ke porokeramo e e kopantsweng eo.

 

Tshimologo ya go tlhamiwa ga yone

 

Setlamo sa Matogen se ne sa newa thendara ya go tlhama porokeramo ya WISL ka Diphalane 2019.

Go ne ga kokoanngwa maloko a setlhopha se se neng se tlile go okamela thulaganyo ya go tlhamiwa ga yone. Maloko a setlhopha a ne a tswa mo Legorong la Thuto, mo Sekolong sa Booki le mo Sekolong sa Khemisi, le Tsamaiso ya Botshelo jwa Baithuti jwa Akatemi le Matogen.

 

Lefapha la IT, Segolobogolo la Tlhamo ya Porokeramo ya Kgwebo le Kemonokeng le lone le ile la nna le seabe se segolo mo thulaganyong ya go tlhamiwa ga yone,

 

Go ya katlegong kgato ka kgato

 

Setlhopha se ile sa swetsa ka go dirisa thulaganyo ya kgato ka kgato, e e tlamelang ka ditlhoko tsa ka potlako tsa Legoro la Thuto pele.

 

Baemedi ba Sekolo sa Booki, Sekolo sa Khemisi le Legoro la Boenjenere ba ne ba nna ba beile ditiro tseno leitlho go tlhomamisa gore le ba tlamela le ka ditlhoko tsa bone tse di kgethegileng.

 

Fa kgato eno e sena go wediwa, bagakolodi ba ne ba simolola dipatlisiso tsa tlhokego eno mo magorong a mangwe le mo dikolong tse dingwe.

Ngwaga le ngwaga, YBB e tshwanetse go batlela baithuti ba ba fetang 1 000 ba YBB diphatlha mo dikolong, mo dikgwebong le mo mafelong a tsa kalafi  mo nageng yotlhe ya rona, ba ba tlhokang go nna la maitemogelo mo tirong pele ba tshwanelegela go e dira.

Porokeramo e e itirisang

 E TLHOFOFATSA THOMELO

ya baithuti ya go lekeletsa bokgoni jwa bone jwa tiro