Re nnile le mariga a a sa tlwaelegang a a neng a re gwamisa. E re ka jaanong re le mo nakong ya dikgakologo, re ne ra botsa Hector Chikoore, e leng Moporofesa mmogo yo o itsegeng ka tsa thuto ya maemo a bosa, thuto ya tsa tlelaemete, le go fetoga ga tlelaemete, gore maemo a rona a bosa a tlile go nna jang.

 

P: A mariga a rona a ne a le tsididi go feta fa re a bapisa le a dingwaga tse di fetileng?

 

K: Fa re sekaseka direkoto pele – segolobogolo tsa Seetebosigo le Phukwi – go tswa go ba Tirelo ya Maemo a Bosa a Aforikaborwa (South African Weather Service [SAWS]), ba tshitshinya gore mariga a 2020 a ne a le tsididi go gaisa a dipaka tse dingwe tsa mariga, mme ga go reye gore a ne a le tsididi go gaisa direkoto tse di kwa godimo thata tsa botsididi mo Aforikaborwa fa e sa le ka 1860.

 

Tshedimosetso mo webosaeteng ya SAWS e bontsha gore, go ya ka dingwaga-ngwaga tsa go ela dilo tsotlhe, go ne ga rekotiwa dithempereitšha di le mmalwa tse di kwa godimo thata ka nako ya mariga a 2020, tse e neng e le direkoto tse di ntšha tsa dithempereitšha tse di kwa tlase thata.

 

Mo nakong ya bosigo (dipalopotlana) dithempereitšha gantsi e ne e le tse di kwa tlase kwa nageng-godimo le mafelo a bokone-bogare go gaisa palogare e re sa bolong go nna le yone, mme dithempereitšha tsa motshegare (dipalogodimo tsa tsone) di ne di le bothitho (go feta ka tlwaelo), ntle le dikgaolo tsa bokone-botlhaba.

 

Mo godimo ga dithempereitšha tse di sa tlwaelegang, dikgaolo tse di nnileng le pula ya mariga tsa Aforikaborwa le tsone di nnile le pula e ntsi go feta ka fa go tlwaelegileng ka gone, mme seno se tshwanetse go solegela matamo molemo, temothuo le tlamelo ka metsi. Deitha e re e boneng pele go tswa go SAWS e bontsha gore bontsi jwa diteišene kwa dikarolong tsa borwa jwa Kapa Bophirima di nnile le palo e e fetangya 100% ya pula e e tlwaelegileng mo kgweding ya Phukwi 2020. Seteišene se se kwa Darling se rekotile 247mm ya pula, e e tsamaisanang le maemo a a tlwaelegileng a tlelaemete a 309%.

 

P: A seno se tla ama paka ya rona ya dikgakologo le selemo mme a mariga a a tsididi thata a amana ka tsela nngwe paka ya selemo e e latelang morago ga one? Naga ya rona e ka lebelela eng malebana le dipula mo dikgweding tse di tlang?

 

K: Kgaolo ya Aforikaborwa e e nang le dipula tsa selemo e tlhotlhelediwa ke maemo a El Niño Southern Oscillation (ENSO), e leng tiragalo e e golaganngwang le boemo jwa dithempereitšha tse di fa godimo ga lewatle (sea surface temperatures [di SST]) kwa lewatleng la Pacific la ikweita. Ditiragalo tsa El Niño di direga fa di SST kwa lewatleng la Pacific la kwa ikweita di le kwa godimo ga palogare, fa tiragalo ya La Niña yone e direga fa di SST di na le palogare e e kwa tlase.

 

Bontsi jwa komelelo mo dinageng tsa borwa jwa Aforika e nna gone fa go na le maemo a El Niño, mme maemo a La Niña a golaganngwa le palogare e e kwa godimo go feta e e tlwaelegileng ya pula. Dipatlisiso dingwe gape di bontshitse gore go na le kgonego e e kwa godimo ya gore go tsoge setsuatsue kwa losing lwa Mozambique ka nako ya La Niña, le fa go na le kgonego e nnye thata ya gore se nne teng.

 

Ponelopele ya bošeng jaana ya ENSO go tswa kwa disenthareng tse dintsi tsa lefatshe ka bophara e bolelela pele gore maemo a La Niña a tlile go nna teng mme a tla tlhatloga thata fa go le selemo, le gore gape go na le kgonego e e kwa godimo ya gore dipula tsa ka gale e tla nna tsa palogare e e tlwaelegileng go ya go e e kwa godimo mo karolong e e kwa tlase ya kontinente.

 

Re batla go gatelela fano gore sepakapaka ke tsamaiso e e raraaneng e e sa fetogeng, mme ka jalo go na le ditiragalo tse dingwe tse di jaaka di SST mo mawatleng a India le Atlantic a a ka ganetsanang le matshwao a ENSO.

 

P: A re nnile le maemo a a sa tlwaelegang a bosa mo dipakeng di le mmalwa tse di fetileng? Fa karabo e le ee, a seno se bakilwe ke go thutafala ga lefatshe ka bophara?

 

A: Fela jaaka go ntse go direga kwa dikgaolong tse di kwa tlase ga tsa boboatsatsi, kgaolo ya dinaga tse di ka fa borwa jwa Aforika e nnile le tlhatlogo e e seng kana ka sepe ya dithempereitšha, segolobogolo mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana.

 

Ngwaga o o neng o le mogote go di feta lefatshe ka bophara e ne e le wa 2016 mme seno se ne sa gakadiwa ke go nna gone ga ditiragalo tse di tseneletseng tsa maemo a El Niño ka 2015/16. Go oketsega ga dithempereitšha tse di fa godimo ga lewatle go bakilwe ke ditiragalo tse di feteletseng tse di jaaka makhubu a mogote le komelelo.

 

Le fa thempereitšha e tlhatloga e bile e le botlhokwa, mokgwa o o tlwaelegileng o pula e nang ka one ga o bontshiwe thata ka dipalopalo tsa dipatlisiso dingwe ka ntlha ya go fetofetoga thata.

 

Dipatlisiso di le dintsi ka ga go fetofetoga ga tlelaemete di boleletse pele gore paka ya selemo ya dipula e tla diega go tsena ka fa borwa jwa Aforika ka ntlha ya komelelo ka dikgakologo, mo go rayang gore komelelo e tla tsaya lobaka lo lo leele, ka diphelelo tsa go runya ga melelo.

 

Mo godimo ga moo, go bolelelwa pele gape gore go tla nna le dipula tse dintsi tsa matlakadibe. (Seno ke go ya ka ditshwaelo tse di ntshitsweng ka ga megote tsa gore atemosefere e e bothitho e kgona go tshola mouwafalo wa metsi o montsi o o fetisang mogote - ka mafoko a mangwe, enejii e e tlhokegang gore go nne le ditumo tsa maru.)

Tobetsa mo go buisa athikele yotlhe

Pego ya Boemo jwa Ngwaga le Ngwaga jwa SAWS jwa tlelaemete ya Aforikaborwa ya 2019, e bega dipalopalo tsa go tlhatloga ga dithempereitšha tse di fa godimo tsa 0,16 °C lesome la dingwaga ka lengwe, pego e mo go yone go rekotilweng dingwaga tsa 2015 le 2019 jaaka dingwaga di le pedi tse di neng di le mogote go gaisa, go ya ka SAWS.

MOGOTE A BO A NNA TSIDIDI

Goreng maemo a rona a bosa a nna

Mop Hector Chikoore ke wa setlhopha sa serutwa sa Thutafatshe le Botsamaisi jwa Tikologo kwa sekolong sa Thutafatshe le sa Disaense Tsa Ditsha Tse di Bulegileng kwa Khamphaseng ya Vanderbijlpark.