YBB ke yone ya ntlha go tshwarwa dikokoano tsa

YBB ke sengwe sa ditheo tsa ntlha mo nageng go tshwara dikokoano tsa dikgatokgalemo ka inthanete Seno se tsamaisana le tharabololo ya setegeniki e e tlhamilweng ke dikgotlatshekelo tsa Aforikaborwa gore di kgone go tswelela di dira ka nako ya leroborobo.

Ditirelo tsa Boatlhodi mo Khamphaseng ya Vanderbijlpark e ne e le tsone tsa ntlha go tshwara dikokoano tsa dikgatokgalemo ka katlego ka inthanete malebana le go rekisiwa ga diritibatsi le ditlolomolao tsa tirisodikgoka mo lelapeng mmogo le dikago tsa boatlhodi tsa mafelobonno a rona. Morago ga moo go ne ga latela ditirelo tsa boatlhodi mo Khamphaseng ya Mahikeng.

 

 Bošeng jaana ba ne ba tshwara dikokoano tsa dikgatokgalemo tse pedi go sekaseka kgetsi ya bonweenwee, ya go tshwara poo le tse tlhano tsa go itlhokomolosa melawana ya Covid-19.

 

Dikokoano tsa dikgatokgalemo di direlwa ka fa tlase ga melawana e e gagametseng ya go ikobelwa ga Molaotheo wa Aforikaborwa, Molao o o kwa Godimo mo go Yotlhe wa Setheo sa Thuto, Molao wa Tsamaiso, le Melao le Melawana ya YBB ya Kotlhao ya Baithuti.

 

Dikokoano tsa dikgatokgalemo di okamelwa ke komiti e e nang le batlhatlhobi ba le babedi ba mo teng ga setheo, leloko le le tswang kwa ntle le modulasetulo.

 

Go tlhomamisa gore gotlhe go tsamaya ka thelelo

 

“Le fa botlhe ba ile ba kgona go nna teng mo thulaganyong e e tshwarwang ka inthanete ba le kwa lefelong la bone , re ne ra tshwanelwa ke go rulaganyetsa go sa le gale go tlhomamisa gore dikokoano tseno di a atlega. Mo dikhamphaseng ka bobedi, re ne re na le mafelo a e neng e tla nna a batsayakarolo ba ba nang le bothata jwa kgokagano ya inthanete,” go bolela jalo Lucas Makoro, mmenejara le moatlhodi mogolo wa Ditirelo tsa Boatlhodi tsa Baithuti.

 

Mme o oketsa gape ka gore lefapha le ntse le ikgolaganya le ditheo tse dingwe tse di dirisang YBB gore di tseye malebela mo go yone.

 

Le fa go na le dikgwetlho di le mmalwa tse di jaaka go imololwa ga motlakase, bothata jwa kgokagano le go tlhoka deitha, mosola wa go tshwara dikokoano tseno ka inthanete di dintsi thata go na le masula a teng. YBB e tla tswelela pele go tshwara dikokoano tsa dikgatokgalemo.

 

Lucas o ne a leboga Mop Linda du Plessis, mothusa motlatsa-mokanseliri wa YBB yo o ikarabelang ka dithulaganyo le ditiro tsa Khamphase ya Vanderbijlpark; Mop Marilyn Setlalentoa, mothusa motlatsa-mokanseliri wa Khamphase ya Mahikeng; lefapha la IT la YBB; le maloko a komiti, ka ntlha ya diabe tse ba nnileng le tsone mo hisitoring.

DIKGATOKGALEMO KA INTHANETE

Lucas Makoro, mmenejara le motlhodi mogolo wa Ditirelo tsa Boatlhodi tsa Baithuti.