Ga se la ntlha a gapa dikgele tse di ntseng jalo tsa katlego. Dingwaga di le pedi tse di fetileng, o ne a nna Rre Universal South Africa 2018 le yo Dipapatsa ka Aforikaborwa tsa 2018 di neng di Dirwa ka Ene.

 

Go simolola loeto

 

Loeto lwa gagwe lwa go nna rabontle le simolotse ka 2011 fa a ne a lemogwa ke mong wa sekolo sa ditalente. Lerato la gagwe la go rata dikgaisano tsa rabontle le ne le gola fa a ntse a tswelela pele go tsaya karolo mo go tsone.

 

Dingwe tsa dikgaisano tse a  ileng a di tsenela ke ya Mr Teen Potchefstroom, Mr Teen Promosa le ya Mr Teen Ikageng.

 

Daniel o goletse kwa Nigeria mme a fudugela mo Aforikaborwa le ba lelapa la gaabo.  Rraagwe ke moporofesa wa boithuta-ditshenekegi kwa Yunibesiting ya Limpopo mme mmaagwe ke moakatemi-mogolo wa nako e e fetileng wa morago ga gerata ya bongaka wa go ithuta boikutlo jwa badiri mo tirong kwa Khamphaseng ya Vanderbijlpark ya YBB.

 

Go etelela pele

 

O tsaya karolo mo go tseneletseng mo lenaaneng la tlhabololo ya dikgono tsa baša (leba lebokoso la mokwalo) e bile o diretse mo maemong a boeteledipele mo ditlamong tse di farologaneng.

 

Kwa YBB, maemo ano a ne a akaretsa go nna tlhogo ya lefapha la tsa ditšhelete la Baithuti ba ba Buelelang Boeteledipele le Diphetogo (le le tlhomang mogopolo mo boitekanelong jwa baithuti, mo mererong ya loago le ya akatemi), mokaedi wa tirelo ya setlhopha sa Golden Key, le moemedi wa leinakgwebo le tlhogo ya go maketa ya Enactus NWU (setlamo sa boditšhabatšhaba se se rotloetsang bogwebi).

 

Mo godimo ga moo, o kile a nna moeteledipele wa porojeke ya Tirelosetšhaba ya Baithuti ya RAG gape ke leloko la nako e e fetileng la bakhuduthamaga ba Lekgotla le le Emelang Baithuti.

 

Gape Daniel o etelela pele jaaka mokaedi wa go kolekwa ga madi a Boto ya SA ya Ditiro tsa Batho e bile o nna le seabe mo ditirong tsa boeteledipele mo mekgatlhong  e e farologaneng ya go thusa bahumanegi.

 

Se isagwe e se tshotseng

 

Go newa sereto sa phenyo ga Mong wa Rona e leng Rabontle SA go ne ga dirwa ka kgokagano ya di video ka ntlha ya melawana ya Covid-19. Jaanong bafenyi ba tlile go emela diretlo tse ba di gapileng le go emela Aforikaborwa kwa dikgaisano tse dintsi tsa boditšhabatšhaba tse Rabontle SA a golaganeng le tsone.

 

Ka moono wa gagwe o o reng, “Ke ka dira dilo tsotlhe ka Keresete yo o nnonotshang", Daniel o tla bo a dira mo gare ga baagi ba gaabo mo dikgweding di le 12 tse di tlang, a tlisa pharologano e e nang le thuso mo gare ga batho.

 

Mo nakong ya gagwe ya fa a sa dire sepe, o rata go tshameka tšhese, go tantsha, go tlhaba ba bangwe botlhale, go tsaya maeto le go tlhoma matsholo a a amanang le baša.

Go tlisa pharologano, kgato e le nngwe ka nako ya motshameko wa tšhese

 

Jaaka o mongwe wa batshameki ba maemo a a kwa godimo ba tšhese kwa YBB, bošeng jaana Daniel o ne a tshwara kgaisano e e atlegileng ya motshameko wa tšhese ka inthanete go kokoanya madi a letsholo la go reka dilwana tsa bophepa jwa sesadi. (Tobetsa fano go buisa go ya pele ka kgaisano eno.)

Daniel, yo o tsayang karolo mo go tseneletseng mo lenaaneng la tlhabololo ya dikgono tsa baša, o tla bo a dira mo baaging ba gaabo mo dikgweding di le 12 tse di tlang.

Daniel Asiwe, yo e leng moithuti wa ngwaga wa bofelo yo o ithutelang boikutlo jwa badiri mo tirong le wa dikamano le badiri kwa Khamphaseng ya Potchefstroom, o tlhomilwe go nna Mong wa Rona wa SA 2020 le yo Dipapatsa ka Aforikaborwa tsa 2020 di Tlileng go Dirwa ka Ene.

Tobetsa mo dipolelong go buisa mo lebokosong la mokwalo

 

KOPANA LE MONG WA RONA WA SA:

o thusa bahumanegi ka botswapelo