Chris van Niekerk ke motlhokomedi wa Tshingwana ya Dimela mo Khamphaseng ya Potchefstroom.

Tsela ya go tlhama

 TSHINGWANA

E E NGOKANG DITSHEDINYANA TSA NAGA

Fa re fetsa bontsi ja tiro e re e dirang re le mo ntlong, gantsi re leba tlhago jaaka selo sa go ntšha maikatlapelo a rona le go iketla gape mo mogopolong. Mo go ba le bantsi ba rona, “lefelo la tlhago” le le gaufi le rona ke ditshingwana tsa rona.

 

eish! e ne ya botsa Chris van Niekerk, motlhokomedi wa Tshingwana ya Dimela mo Khamphaseng ya Potchefstroom, gore o ne a dira jang gore ditshingwana tsa rona tsa dimela di ngoke ditshedinyana tsa naga tse di neng di etela mo go tsone di bo di bonala e kete ke lefelo la tlhago.

 

“Sa ntlha, o tshwanetse go fetola tsela e o e lebang ka yone le e o e tlhokomelang ka yone. O tla tshwanelwa ke go amogela dikarolo dingwe tsa yone tse di seng bothakga!” o bolela jalo.

 

Diphetogo tse dinnye di tlisa pharologano e kgolo

 

“Ga o tlhoke go fetola tshingwana eno gotlhelele; diphetogo tse dinnye di ka dira pharologano e kgolo thata.  Boikaelelo fano ke go tlhama manno a a farologaneng a bonno jwa diphologolo tse di farologaneng, go simolola ka tse dinnye mo mmung go fitlha ka dinonyane tse di opelang le ka dinotshe. Mafelo ano a bonno mo  tshingwaneng a tla mafelo a ditshedinyana tsa naga di jang mo go one, di tsholelang bana mo go one le go itshubela mo go one.”

 

Dintlha di le mmalwa go gakologelwa ke tseno:

 

  • Dinonyane di rata go beela mae mo ditlhatshaneng tse di kitlaneng thata.
  • Dimela tse di nang le maungo di ngoka dinonyane tse di jang maungo, mme mefuta mengwe bojang yone e ngoka dinonyane tse di jang peo.
  • Dithunya tse di tlhagisang matute di ngoka dinonyane tse di bidiwang semonamone.
  • Masaledi dimela le ditshedi a a fitlhelang mo mmung mo tshingwaneng ya dithunya a tlamela menopi le ditshedi tse dinnye thata tsa mmu ka bonno.
  • Metsi a a tamang go sekae fa godimo ga mmu a tlhama bonno jwa ditshenekegi tse di ratang metsi jaaka ntsi e e bidiwang kgokelo le digwagwa.
  • Mafika kgotsa maje mo ditshingwaneng tsa dithunya a tlama mafelo a a bothitho a mekgantsutswane.

 

Dilo tsotlhe di a golagana

 

Chris a re ditshedi tsotlhe ke karolo ya thulaganyo a ditshedi tse di jaanang mme dilo tsotlhe di golagane. “Go tshwanetse ga nna le tekatekano fa gare ga diji le ditshedinyana tse di jang tse dingwe – nako le nako fa diji kgotsa phologolo e jewa ke e nngwe, tikologo e tlhoka tekatekano.”

 

Le mororo diji tse di jaaka dintana tsa matute a dithunya di sa ratege, ke tsone motlhodi o o botlhokwa wa dijo tsa dinonyane tsa dimonamone.

 

Mekgantsuntswane e thusa ka go fedisa ditshoswane, motlhwa, dintshi le menang. Jaaka badiri ba mo tshingwaneng, re tshwanetse go tlhago go ipopa.

 

A seo se raya gore o se ka wa dira sepe? “Nnyaa,” Chris o araba jalo, “o tshwanetse go fetola tsela e o tlhokomelang tshingwana ka yone le go tlhopha dimela go tlhama tshingwana e e ngokang ditshedinyana tsa naga.”

 

Kgakololo e e botlhale

 

Eno ke kgakololo e e botlhale ya go go thusa go tlhokomela tshingwana ya gago e e ka ngokang ditshedinyana tsa naga.

 

  • O se ka wa peta tshingwana beke le beke. Seno se tla kgoreletsa ditshedi tse dinnye tsa mmu, se tla omisa mmu, le go dira gore mofero o gole. Boloka mmu o apesitswe ke matlhare a a swabileng.
  • Se tlose matlhare otlhe a a swabileng le masaledi a mangwe a dimela le ditshedi, jaaka matlhokwa a a swabileng, fa gare ga dimela le dithunya mo tshingwaneng. Masaledi dimela le ditshedi a a fitlhelwang mo tshingwaneng a tla nna monontsha wa tlhago go boloka mmu o le bongola e bile o le tsiditsana le go thusa thibelo ya kgolo ya mofero. Ditshedinyana tse dinnye le menopi mo mmung di ikaegile ka masaledi a dimela le ditshedi go bona dijo.
  • O se ka wa dirisa dibolaa-ditshenekegi le dibolaamefero tsa dikhemikhale. Tshenyo e e bakwang ke diji ke ya nakwana fela – fa matlhare a sentswe ke diboko, dimela di tla tlhagisa a mangwe.
  • Letla dimela go tlhagisa peo ya tsone fa di sana go nna le matlhogela, ka gonne peo eo e tla ngoka dinonyane tse di di jang.
  • Fa o na le tshingwana e kgolo, gongwe o ka nna wa letla karolo e nngwe ya tshingwana ya gago gore e lebege jaaka “ya naga".

“Tshingwana e e nang le dimela tsa methalethale e tshwanetse go kgona go tshegetsa botshelo jwa ditshedi tse di farologaneng tsa naga. Dimela le Ditshedi mo tshingwaneng ya gago ke ditshedi tsotlhe di le mmogo, dimela, dinonyane, ditshenekegi, digagabi, diamusi le ditshedinyana tse dinnye. Lebaka la gore go na le ditshenekegi, dinonyane le diphologolo mo tshingwaneng ya gago le bontsha gore tshingwana ya gago e e itekanetse sentle.”

 

Nna o letetse tokololo e e latelang ya eish! e mo go yone Chris a tlileng go re bolelela gore ke mefuta ya dimela dife tse di ngokang diphologolo tsa naga gore tshingwana ya rona e tlale botshelo jwa dinotshe le dinonyane.