Ke rona ba

Nngwe ya ditsela tsa bogologolo tsa ntlha-ntlha tsa go tlhalosa maikutlo a rona ke ka go dirisa botaki - e leng bokgoni jwa go tlhama le tiro ya boitlosobodutu jo bo nang le phodiso.

 

Ba akantse ka seno, maloko a badiri ba Lefelo la Dipontsho la Diatshe la YBB ba dirile pontsho ya mo inthaneteng ya diatshe tse di dirilweng ke baithuti, badiri le ke baithuti ba nako e e fetileng ba YBB.

 

Porojeke ya RACONTEUR|Covid-19 the NWU Way e bontsha ditiro tsa botaki tse di tlhamilweng ka nako ya totlelelo, tse di bontshang go tlhobaela maikutlo thata ga bangwe.

 

Lefoko le le reng ‘raconteur’ le raya motho yo o nang le bokgoni jwa go lotlega kgang –  e leng se bataki bano ba le sone. Ba dirisa tiro eno ya bone go bolela ka ga poifo, tlhotlheletsego le diphenyo-potlana tse ba nnileng le tsone ka nako ya leroborobo la Covid-19.

Setshwantsho sengwe le sengwe le lotlega kgang

Eno ke nngwe ya ditiro tsa botaki ya ga Adelle Jerling’ e e tlhamilweng ka nako ya totlelelo. O bitsa ditshwantsho tse di kopantsweng tseno a re “Boemo jo bosha; Tlwaelesego e ntšhwa".  Nngwe ya ditiro tsa gagwe tse di bontshang leroborobo la Covid-19 e ka bonwa fa.

-TSHEDIMOSETSO

eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesimane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.

Setlhopha sa botseleganyi: Badiri ba Lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe: Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe: Nelia Engelbrecht - mogala 018 299 4937

nelia.engelbrecht@nwu.ac.za