le direlwa mo inthaneteng

Lenaneo la go akaretsa botlhe le letsholotemoso ka ditiragalo tsa ga jaanong ke didirisiwa tse di botlhokwa tsa go bopa tiro ya maemo a a kwa godimo kwa YBB. Tota leroborobo le lone ga le a kgona go thibela yunibesiti go bua ka mathata a a botlhokwa thata a a jaaka a bong le puo.

LETSHOLOTEMOSO LA BONG LE PUO

Mo ngwageng ono, YBB e ne ya tsibogela dikgwetlho tse dintsi tse di bakilweng ke leroborobo la Covid-19, ka go direla letsholotemoso mo inthaneteng ka ga seabe se bong le puo di nang le sone mo go tlhameng Aforikaborwa e e nang le tekatekano.

 

Mo moletlong o o neng o kopanetswe ka inthanete, Beke ya Letsholotemoso ka Bong le Beke ya Letsholotemoso ka Puo, o ne wa tshwarwa go simolola ka di 28 Lwetse go fitlha ka di 2 Diphalane. Tiragalo eno e ne e na le dikokoano-thutano tse di kgatlhang thata, ditlhatlhelelo ka bomankge ba ba itsegeng ba naga ya rona le ba dinaga tse dingwe, metlotlo ya ditlhopha, konsarata ya mo inthaneteng mmogo le tantshe.

 

’Bua bong jwa me’ ka poko, pina le tantshe

 

Konsarata e e diretsweng mo inthaneteng e bontsha ditalente tse di kgatlhang tsa badiri le baithuti tse di simolotseng tiragalo ya beke e telele ya bong le puo.

 

Motsayakarolo mongwe le mongwe o ne a romela bidio e a e rekotileng go sa le gale ka setlhogo sa konsarata eno se se reng, “Bua bong jwa me”, a tlhalosa setlhogo sa konsarata eno mo go yone ka poko, pina kgotsa ka tantshe.

 

Maloko a bareetsi a ne a kopiwa gore a latlhele dibouto tsa one tsa gore ke mang yo o dirileng sentle go gaisa botlhe. Tobetsa fano go bona konsarata.

 

Go leba kwa morago kwa tiragalong e e atlegileng

 

Barulaganyi bagolo ba tiragalo eno, e leng Mop Susan Coetzee-Van Rooy le Mmueledi René Koraan, go tswa kwa dikagong tsa Mekgwa ya Batho le Molao, ba re ba itumeletse go aba ka bopelotshweu ga baithuti, badiri le bomankge ba rona le ba dinaga di sele ba ba tsereng karolo.

 

"Ba ne ba iketleeleditse go aba botlhale jwa bone ka dibidio tse di neng di rekotilwe go sa le gale tse di neng tsa bontshiwa ka nako ya tiragalo eno. Maiteko otlhe a mongwe le mongwe yo o tsereng karolo a atlegisitse beke eno fela thata.

 

René le Susan ba re matsholotemoso a a neng a kopantswe a bong le puo a lemotshitse batho ka dilo tse di latelang:

 

  • Go na le mosola o mogolo wa go akaretsa ditšhaba tsotlhe e leng lotso, bong le puo mo tiragalong eno.
  • Mo dipuisanong tse re di utlwileng, go bonala sentle gore go santse go tlhokega metlotlo go ya pele gore batho botlhe ba kgone go akanya ka tsela e e tshwanang ke ga setlhogo seno. Seno se tlhomolola botlhokwa jwa go tshwara mananeo a letsholotemoso.
  • Maloko a badiri a ne a tlhalosa ka fa go tlhokegang ka gone gore go dirwe sengwe mo boemong jwa go bua fela. Ba ne ba kgatlhegela go bua ka ga go kopanya mekgatlho ya go dira gore go akanngwe ka go tshwana ka ga lotso, bong le puo.
  • Barulaganyi, ba ba neng ba neela dipuo le maloko a bareetsi ba ne ba tshwaela gore dipuisano di ka atolosiwa gore di akaretse botlhe.

Susan, moithuti yo o tsereng karolo mo letsholotemosong la puo, a re malatsi mangwe a beke a ne a bontsha gore ditshwaelo tse di dirilweng di bontsha gore batho ba akanya ka go tshwana malebana ke kamano fa gare ga puo le mafoko a setšhaba.

 

Benjamin Truter a re setlhogo sa kamano fa gare ga puo le maloko a setšhaba se ne sa mo kgatlha tota ka ntlha ya go raraana ga diikonomi, boithutaloago, boithutaloago le thuto, le ka fa puo e nang le tlhotlheletso e kgolo ka gone mo go tsone.

 

“Malebana le hisitori ya puo mo setšhabeng sa Aforikaborwa, go bonala sentle gore puo e ne e le sedirisiwa sa kgatelelo mo Aforikaborwa, mo thutong le mo loagong le mo maemong a loago le ikonomi.

 

Carol Manyaapelo a re Aforikaborwa ke setšhaba sa bopuontsi se se nang le mathata ka tsa puo ka ntlha ya dipholisi tsa apareteiti.

O dumela gore Maaforikaborwa a ka kgona go fenya mathata ano a puo ka go dirisa thata dipuo tsa Seaforika mo thutong-godimo. “Fa go na le mmojule mongwe o o nang le dintlhateng tsa akatemi tse di setseng di kwadilwe ka puo ya Seaforika, ga ke bone gore ke eng fa ditheo tsa thutogodimo di sa tsenyeletse dipuo tsa Seaforika mo kharikhulamong ya bone.

 

Sherriff Ramphele o rotloetsa botlhe go dira gore dipuo tsa Seaforika e nne tsa borutegi ka go di rotloetsa le go di tlotla. “Re tshwanetse go di kwala, go di bua le go ruta barutwana ka Dipuo tsa Seaforika.”

 

Leba go bona tshedimosetso go ya pele ka Beke ya Letsholotemoso ka Bong, le go leba ditlhatlhelelo le ditiragalo tse di neng di direga.

 

 

Dipuisano tsa bopelokgale

 

“YBB e batla go rotloetsa gore go nne le dipuisano tse di botlhokwa ka ga merero ya ga jaanong jaana e e amanang le tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le go atolosa puisano ya yone ka ga tiriso ya dipuo tsa Aforikaborwa mo maemong a a tshwanang le a thuto le metswedi ya dikgang” go bolela jalo Mop Robert Balfour, mothusa motlatsa-mokanseliri wa go ruta le go ithuta. A re leno ke lone lebaka la go bo go ne go le botlhokwa gore badiri le baithuti ba tseye karolo mo tiragalong ya letsholotemoso leno.

 

 

 

 

 

 

 

Mmueledi René Koraan a re ntlhakgolo ya beke mo go ene e ne e le go bua ka tshosologo ga baithuti ba YBB le badiri ka konsarata ya “Bua bong jwa me”.

“Tlhotlheletso e e santseng e le teng ya bokolone le hisitori ya apareteiti mo dipuong tsa rona e ntitaya tsebe. Go ne go le botlhokwa thata go tsosa mathata ka puo ya rona mo nakong e e fetileng gore re tlhotlheletse tiriso ya dipuo mo Aforikaborwa,” go bolela jalo Mop Susan Coetzee-Van Rooy.