A basadi ba bulegelwa ke ditšhono ka go lekana mo go tsa akatemi?

Seno se ka nna sa go gakgamatsa, mme go bonala go na le basadi ba le bantsi ba e leng boporofesa ka botlalo kgotsa ba e leng bommenejara ba akatemi kwa diyunibesiting tsa Aforika go feta tse di kwa diyunibesiting tsa Jeremane.

 

Ntlha eno e e etsweng tlhoko ke baakatemi ba Yunibesiti ya Potsdam e e dirisanang mmogo le diyunibesiti tsa Aforika ke yone e dirileng gore go tshwarwe khonferense ka ga go bulegelwa ke ditšhono ga basadi ka go lekalekana mo ditheong tsa thuto.

Ba ba neng ba le teng mo khonferenseng ya Yunibesiti ya Potsdam, go tswa ka fa molemeng ke Kave Bulambo (mothei wa setlamo, se se bidiwnang My Career), Mop Jemimam Akosua Anderson (Yunibesiti ya Ghana, Legon), Grace Dawson-Ahmoah (Yunibesiti ya Ghana, Legon), Mop Susan Coetzee-Van Rooy (YBB), Ngaka Lillian Brise (mmatlisisi yo o ikemetseng ka nosi go tswa kwa Nigeria), Chantelle Kruger (YBB) le Pheladi Fakude (YBB).

 

 

A re bolelelaneng dikgang tsa rona

 

Susan a re go ne go gakgamatsa tota ka fa go neng go kgothatsa ka gone go tlotla le baakatemi ba bangwe ba basadi go tswa kwa Aforika le kwa Jeremane ka maemo a bone.

 

“Re rata go tshitshinya gore go tshwarwe lenaneo le le tshwanang le leno kwa YBB jaaka karolo ya thulaganyo ya kgatelopele ya tekatekano ya bong. Go lalediwa batho ba bantsi ba bong jo bo sa tshwaneng go tla go bolela maitemogelo a bone,” o oketsa jalo.

 

 

eish! e ne ya botsa baakatemi ba bararo ba YBB ba ba neng ba ile khonferenseng eno ya, “Go Ithuta go Tswa Aforika: Go bulegelwa ke ditšhono ka go lekana ga basadi mo go tsa akatemi”, gore ba re bolelele go le gontsi ka maitemogelo a bone le dikgwetlho tse ba nnileng le tsone jaaka baakatemi ba basadi.

Mop Susan Coetzee-Van Rooy, Pheladi Fakude le Chantelle Kruger e ne e le batlakhonferenseng ba bararo go tswa kwa YBB ba ba neng ba ile khonferenseng, e e neng e tshwaretswe kwa Yunibesiting ya Potsdam go simolola ka di 28 go fitlha ka di 30 Diphalane 2019.

Fela jaaka batlakhonferenseng ba bangwe go tswa kwa Ghana, Nigeria le kwa diyunibesiting tse dingwe tsa Aforikaborwa, ba ne ba bua ka maemo a kwa dinageng tsa bone a a amanang le go bulegelwa ga basadi ke ditšhono tse di lekanang le tsa ba bangwe mo ditheong tsa thuto.

Ka fa legae le ba amileng ka gone

Susan, moporofesa wa patlisiso kwa lefapheng la Go Tlhaloganya le go Tlhotlha Puo mo Maemong a a Raraaneng (Understanding and Processing Language in Complex Settings [UPSET]), mo Legorong la Dithuto tsa Mekgwa ya Batho, a re fa ba ne ba baakanyetsa khonferense ba lemogile ka fa maemo a kwa gae a amileng thata isagwe ya bone ka gone mo dithutong tsa bone.

“Ka ntlha ya moo, re ile ra kwala dipuo tsa rona gore e nne tse di buang ka mefuta ya malapa a rona le ka fa a re rotloetsang kgotsa a kgoreletsang kgatelopele ya rona ka gone mo mekgeleng e re e ipeetseng yone.”

Mo godimo ga go tlhoma mogopolo mo molaong wa tekatekano ya bong mo Aforika Borwa, puo ya ga Susan e ne ya anela ka ditshiamelo di le dintsi tse di dirileng gore a nne moakatemi le go nna mmenejara wa akatemi.

Ditshiamelo tseno di ne di akaretsa go bo a tsene sekolo sa puso sa basweu ka nako ya apareteiti. Gape mmaagwe o ne a le botlhale mme rraagwe e ne e se rre yo o batlang gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe jaaka borre ba bangwe ba Maaforikanse.

Botlhoka-tlhabologo le madi

Motlhatlheledi wa puisokwalo wa akatemi e leng Pheladi a re basetsana ba tshwanetse go nna le ditshamekisabana mme ba tshwanetse go bona borraabone ba apaya dijo.

“Eno ke yone fela tsela ya go dira gore dilo tse ka tlwaelo di dirwang ke basadi di dirwe ke banna mme tse di dirwang ke banna tsone di dirwe ke basadi,” o bolela jalo. “Basetsana mo tikologong ya rona ba ne ba dira ditiro tsa fa gae morago ga sekolo, e leng sengwe se basimane ba neng ba sa se dire.”

A re tshegetso ka madi e thusa fela thata fa go okediwa ka baithuti ba ba humanegileng ba basadi mo thutong.

Pheladi o godiseditswe mo lelapeng le e seng la gagwe ka madi le a sa lebaleng ka fa le neng le humanegile ka gone.  “Go ne go le thata tota go fetela kwa sekolong se segolo ka gonne ke ne ke tshwanetse go nna le yunifomo e ntšha e bile sekolo se segolo seno se ne se sena thulaganyo ya dijo,” o gakologelwa jalo.

Nako ya diphetogo

Chantelle, motlhatlheledi wa nakwana yo o rutang puisokwalo ya akatemi le puo mo go tsa semolao, o bua ka “nako ya diphetogo” mo nakong ya gagwe ya bongwana, le ka fa a neng a latlhegelwa ke tšhono ka gone ya go ya yunibesiting fa a sena go fetsa materiki.

O gakologelwa a le gaufi le go nna moakatemi yo o nang le MA mme a na le bothata jwa go bona tshegetso ya madi gore a wetse PhD ya gagwe.

“Puo ya me e ne ya gakolola bareetsi gore tota le mo Aforikaborwa, lehuma le ama batho ba ditso tsotlhe e bile le itsa batho botlhe go nna le ditšhono, go akaretsa le baithuti ba ba humanegileng ba basweu.”