Dipuo@NWU:

go dirisa pholisi

TSEPA GO

Pholisi ya Dipuo ya YBB e feditse go sekasekwa mme e siametse go ka dirisiwa.

eish! e ne ya kopa le Johan Blaauw, mokaedi wa Bokaelo jwa Dipuo, go re bolelela go le gontsi ka kgatelopele e e dirilweng ka go dirisiwa ga maanopuo a YBB ka 2019 le gore 2020 e re tsholetse eng.

 

P: Maanopuo ke eng mme a amana jang le Pholisi ya Dipuo?

K: Pholisi ya Dipuo ya YBB ke thulaganyo ya dikgopolo di le mmalwa tse di kokoantsweng, ka jalo maanopuo a tshwanetse go tlhomiwa gore rona re kgone go a dirisa.

Maano ano a tsamaisanngwa le karolo nngwe le nngwe e e amiwang ke pholisi eno, e leng go ruta le go ithuta, botshelo jwa baithuti, tsamaiso le maemo a tsa puo mo YBB.

P: A re mo nakong malebana le go tsenngwa tirisong ga maanopuo?

K: Ee, re mo nakong. Dikarolo dingwe tsa maano di setse di dirisiwa, jaaka dibuka tsa go ithuta tsa bopuontsi le manaane a a kwadilweng a mareo a bopuontsi, mme tiro e kgolo ya 2020 e santse e larile kwa pele.

Re tla thusa badiri go kwala manaane a mareo, gongwe ka go tshwara kopano-thutano, gore re kgone go tsamaisanya diyuniti tsotlhe le gore di nne mosola.

P: Go fitlheletswe eng go tla go fitlha ga jaana, segolobogolo ka ngwaga wa 2019?

K: Legoro lengwe le lengwe le itlhametse leanopuo la lone gore Pholisi ya Dipuo e kgone go dira mo maemong a a tlhomologileng a lone, jaaka go ntse ka lefapha la Botshelo jwa Baithuti.

Lefapha la Ditlhaeletsano ka Tsa Kgwebo le Go Maketa le tsenya leano leno tirisong go dira gore YBB e bonale sentle gore ke ya bopuontsi ka go kwala seno mo disaeneng tsa yunibesiti.

Lefapha la tsamaiso lone le sa ntse le tokafatsa terafote ya lone ya leanopuo mme le kokoanya tshedimosetso go ya pele ka ga ditiro tsa lone tse di farologaneng.

P: Re tshwanetse go tsaya dikgato dife ka 2020?

K: 2020 e tlile go nna ngwaga wa ntlha wa go dirisa Pholisi ya Dipuo ka maanopuo.

Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gakologelwa gore go tsenngwa tirisong ga yone go tla dirwa kgato ka kgato, go tla tsaya dingwaga di le mmalwa tse di latelang. Sa botlhokwa ke gore, maanopuo ke ditokomane tse di tla tlhamiwang mme di tla tokafadiwa fa di ntse di dirisiwa.

Re a itse gore re batla go fitlhelela eng ka bopuontsi, ka sekai go tlhabolola Setswana le Sesotho gore e nne dipuo tsa akatemi. Ga re na molao o o gagametseng wa gore re tlile go fitlhelela seo jang. Mme se re se itseng ke gore mekgwa le melaometheo ya go ithuta bopuontsi e tla nna le seabe se se botlhokwa thata.

Ka mafoko a a motlhofo fela, seno se raya gore mefuta e e farologaneng ya bokgoni jwa bopuontsi kgotsa dikgono tsa puo tse badiri le baithuti ba bo lereng mo teng ga phaposiborutelo bo tla dirisediwa go fitlhelela mokgwa o o mosola wa go ruta le go ithuta. Legoro la Thuto le lone le tla tshwara dikhoso tse di khutshwane tsa go ithuta tsa badiri ba ba dirang tiro ya go ruta gore ba tlhabolole dikgono tsa bone mo tirong eno.

P: A go na le letlha la go feleletsa go tsenngwa tirisong ga lone nako nngwe mo isagweng?

K: Karabo e khutshwane fela ke nnyaa. Pholisi ya rona ke e re kgonang go oketsa bopuontsi mo go yone, ka jalo re tla nna re ntse re oketsa bopuontsi jwa rona ka dipuo tse dingwe.

Sengwe gape se go tla tswelelwang pele ka sone mo thulaganyong eno ke gore Legoro la Dithuto tsa Mekgwa ya Batho le tla ruta dikhoso tse di khutshwane tsa go ithuta puo ka dipuo tsa YBB go kgontsha badiri le baithuti gore ba kgone go nna le bokgoni jwa bopuontsi.

P: A o ka re bolelela gore diphelelo tsa bofelofelo tsa go tsenngwa tirisong ga maano ano e tshwanetse go nna dife? (Ka mafoko a mangwe, “boemo jwa puo” jwa bofelo ka kakaretso mo YBB bo tla bo bo ntse jang?)

K: Boikaelelo jwa rona ke go tlhama yunibesiti e mo go yone botlhe ba tla ikutlwang ba amogelesegile ka dipuo tsa bone le go kgona go dirisa dipuo tsa bone go ruta, go ithuta le go di bua le ba bangwe.

Re batla go na le yunibesiti e e ka fang baithuti bokgoni jwa go fetsa

dithutso tsa bone ka go dirisa maleme a kwa gae a bone, jaaka Setswana,

mmogo le e nngwe le e nngwe ya dipuo tsa go ruta le go ithuta tse di

leng teng mo YBB.