KA LOBELO,

KWA GODIMO,

LE KA NONOFO

Jo-Ané van Dyk o ne a bidiwa Rametshameko wa Ngwaga mo Khamphaseng ya Potchefstroom mme Chederick van Wyk jaaka Rametshameko wa Ngwaga. Ba ba nang le bone fano ke Mop Daryl Balia, motlatsa-mokanseliri  wa ditiro tsa khamphase mo Potchefstroom. Setshwantsho: Wouter Pienaar, Potchefstroom Herald

 

 

 

 

Go bonala e kete moono wa Diolimpiki o o reng “ka lobelo, kwa godimo, le ka nonofo” gape o ne o dira le mo YBB ka 2019 fa – jaaka ka tlwaelo – diphitlhelelo tsa metshameko tsa yunibesiti di ne di dira gore balatedi botlhe ba yone ba nne motlotlo.

 

 

 

 

SUPA MME
TOBETSA MO DITSHWANTSHONG GO BUISA GO FETA

 

 

 

 

 

 

 

  TOBETSA SEGOKESEPE FELA MO ATHIKELENG FA GODIMO GO BUISA GO LE GONTSI KA DIPHITLHELELO TSE METSHAMEKO YA YBB. Bangwe ba ba neng ba ntshitse ga tshwene kwa dikgaisanong tsa metshameko tsa USSA e ne e le setlhopha sa karate, seo se nnileng bafenyi-kakaretso lekgetlo la bo 20.  Dijiminasi di ne tsa fenya mo ngwageng wa boraro ka tatelano.

 

Setlhopha sa A le sa B sa diatleletiki, sa bolotlowa le sa tenese ya bolo e e nang le diphofa di ne tsa fenya dikgaisano tsa tsone, mme hokhi ya basadi le ditlhopha tsa kolofo tsa B tsone di tsere maemo a bobedi mme hokhi ya banna, basketball ya basadi, go kuka ditshipi le ditlhopha tsa sekwashe tsa A le B di tsere maemo a boraro.

 

Mo dikgaisanong tsa Varsity Sport, baatlelete ba YBB, kgwele ya dinao le hokhi ya basadi ba fentse dikgaisano tsa bone, mme rakabii yone e tsere maemo a boraro.

 

Batshameki ba pele kwa Sejaneng sa Lefatshe sa Rakabii

 

Maloko a YBB le one a ne a le teng kwa kgaisanong ya Sejana sa Lefatshe sa Rakabii. Matt Proudfoot, mokatisi wa batshamekapele ba Springbok, e ne e le mokatisimogolo wa pele wa setlhopha sa Rakabii sa YBB mme o thusitse go tlhoma Setheo sa Rakabii.

 

Motshameki wa Setlhopha sa Springbok e leng Lood de Jager, le batshameki ba Namibian e leng Johan Deysel, Louis van der Westhuizen, Johan Retief, Nelius Theron, Justin Newman, Aranos Coetzee le Wian Conradie, botlhe ba ne ba goroga kwa YBB ka nako ya fa e ne e santse e le baithuti.

 

Go itsege kwa dinageng di sele

 

 Baithuti ba kwa YBB le bone ba nnile le seabe mo metshamekong ya boditšhabatšhaba ya baithuti.

 

Ba ne ba tsaya karolo mo dikgaisanong tsa metshameko ya boditšhabatšhaba ya Yunibesiti (diatleletiki), Metshameko ya Aforika (diatleletiki), dikgaisano tsa Bommampodi tsa IAAF tsa go kgabaganya naga, Metabogo ya Neeletsano ya Lefatshe, Setlamo sa Dijiminasi sa boditšhabatšhaba, le Sejana sa Len kwa Spain (go thuma) le Bommampodi ba Lefatshe Lotlhe ba Yunibesiti ba kgaisano ya Sevens (rakabii) kwa Italy.

 

Dikabelokhuno tse di kwa godimo go di gaisa tsotlhe

 

Jo-Ané van Dyk le Chederick van Wyk ba ne ba bidiwa Ramotshameko le Mmamotshameko ba YBB – Jo-Ané ka ntlha ya bokgoni jwa gagwe jwa maemo a a kwa godimo mo motshamekong wa javelin mme Chederick ene mo bokgoning jwa gagwe jwa go ragoga ka lebelo.

 

Carmen Cloete (karate) le Robert de Villiers (go taboga go kgabaganya naga) bone ba ne ba bidiwa Rramotshameko yo mmotlana le Mmamotshameko yo Mmotlana ba Ngwaga mo YBB.

 

Go ne ga dirwa kitsiso ya gore Mothumi Cornelle Leach e ne e le Mmametshameko wa Ngwaga yo o Golafetseng mme setlhopha sa baatlelete ba YBB e ne e le Setlhopha sa Ngwaga.