Motaki e leng Kobus Potgieter ka setshwantsho se se takilweng se a se ratang go gaisa tsotlhe, o tlhotlhelediwa ke go gopola rraagwe yo e neng e le mokgweetsi wa setimela.

Botaki bo thethebatsa maikutlo, go bolela jalo  Oom Pottie

(Picasso)

Baithuti ba bitsa Kobus Potgieter “Oom Pottie”, gongwe leina leo le tshwanetse go okediwa gore e nne “Oom Pottie Picasso”!  Se batho ba le bantsi ba ka tswang ba sa se itse ka Kobus, yo o dirang jaaka motlhankedi-mogolo yo o laolang ditiro tsa mo setheong mo lefapheng la Ditirelo tsa Tshireletso kwa Vanderbijlpark, ke gore gape ke motaki yo o nang le bokgoni.

 

Kobus a re fa a ne a sa ntse a le ngwana, o ne a dirisa diura di le dintsi a thala diseketšhe ka phensele mme o ne a rata thata ditlelase tsa botaki tsa ga Rre Andre van Staden kwa Sekolong se Segolo sa Standerton. E ne e le ka 1970. Gompieno, o taka ditshwantsho ka nako ya fa a sa dire sepe mme o ne la bokgoni jwa go taka ditshwantsho mo letseleng.

 

“Moswi Rre, Phillip, ke ene a nthutileng go rata botaki e bile ke itsege thata ka jone,” Kobus o bolela jalo e bile o oketsa ka gore “nako e a e dirisang fa pele ga letsela a tshwere legong le a inang dipente mo go lone“ e mo thethebatsa mowa”.

 

O bona kae dikgopolo tsa dilo tse a di takang? “Gongwe le gongwe! Ke ne ke ile go bona ngaka bošeng jaana mme mo phaposing-boletelo, ke ne ka bona setshwantsho se se takilweng mme se ne sa nkgatlha tota. Ke ne ke gakaletse go ya gae go ya go se taka,” Kobus o bolela jalo.

 

Kobus ga a newa katiso ya semmuso e bile ga a ise a tseye karolo mo go bogelweng phatlalatsa ga ditshwantsho tse di takilweng kgotsa mo dipontshong tsa teng, mme ditshwantsho tsa gagwe di batlwa thata ke ditsala, ba lelapa le ke badiri-ka-ene, bao ba ratang go kokoanya ditshwantsho tse a di takileng. Go tla go fitlha gompieno, o dumela gore o rekisitse ditshwantsho tse di takilweng tse di fetang 15 e bile bangwe ba e leng balatedi ba gagwe ba bagolo ba mo kopile go ba takela ditshwantsho tse di rileng.

 

Le fa a re setshwantsho se se takilweng sengwe le sengwe ke se a se ratang go gaisa tse dingwe, o rata thata setshwantsho se se takilweng sa bošeng jaana sa tlhogo ya bogologolo ya setimela se se tsamayang ka magala. “Bogologolo, Rre e ne e le mokgweetsi wa setimela mo seporong sa Standerton le Vrede, mme ke ne ke tle ke nne le ene kwa pele fa a e kgweetsa. Maloba ke ne ka iphitlhela ke akantse ka dinako tseo tsa bogologolo mme go ise go ye kae, ka taka setshwantsho sa tlhogo ya bogologolo ya setimela ke bo ke gopola bontsi jwa dilo tsa nako eo.”