Moeteledipele wa tsa kgwebo le molweladiphetogo mo loagong e tla nna mokanseliri yo o tshwanelegang sentle yo mo ntšha wa YBB. Mme fa o kopana le Ngaka Anna Mokgokong ka boene, go tla mafoko a mangwe gape mo mogopolong a a jaaka a gore o a kgatlha, ke motho wa setaele e bile o itshepile tota.

YBB e amogela mmakgwebo yo o nang le tlhotlheletso go nna mokanseliri

Leba bidio eno go bona bontlentle jwa tiragalo eno e e tumileng.

Ngaka Bismark Tyobeka, modulasetulo wa Lekgotla la YBB, o apesa mokanseliri yo mo ntšha purapura. O dumela gore go tlhomiwa ga ga Ngaka Mokgokong jaaka mokanseliri wa ntlha-ntlha wa mosadi go nonotsha boikemisetso jwa YBB jwa go tlisa diphetogo.

Kwa moletlong wa go tlhomiwa ga gagwe, go tswa ka fa molemeng ke Clement Manoko, mokaedi-mogolo wa dikamano le dikgwebo le go maketa, Mop Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseliri, Ngaka Anna Mokgokong, mokanseliri yo mo ntšha wa YBB, Ngaka Bismark Tyobeka, modulasetulo wa Lekgotla, Mop Marlene Verhoef, mokwadisi kwa YBB, Mop Linda du Plessis, motlatsa-mokanseliri le mothusa motlatsa-mokanseliri wa ditogamaano le ditiro tsa mo khamphaseng ya Vanderbijlpark, le Bert Sorgdraer, poresidente wa Setlhopha sa Lekgotla.

 

 

Ke mmakgwebo yo o lwelang tshiamiso mo loagong

 

Ngaka Anna Mokgokong yo o eteletseng pele Community Investment Holdings (Pty) Ltd, e gape a leng Modulasetulo wa yone yo o e tlhamileng, ke molweladiphetogo wa boammaaruri mme o tlisitse phetogo e e seng kana ka sepe mo ditlamong tse a nnileng leloko la boto ya tsone.

 

Ke mokaedimogolo wa ditlamo di le tlhano tse di kwadisitsweng kwa Setlamong sa Madikananyo sa Johannesburg e bile ke modulasetulo wa tse tharo tsa tsone.

 

Mo godimo ga kitso e e seng kana ka sepe e a nang le yone ka tsa kgwebo e bile a tumile ka ntlha ya bokgoni jwa gagwe jwa tsa kgwebo, o kile a nna poresidente wa Tsalano-Mmogo ya Basadi ba Bagwebi ba Maaforika Borwa (South African Women Entrepreneurs’ Network [SA WEN]) le wa Foramo ya Basadi ya Boditšhabatšhaba ya Aforikaborwa (International Women’s Forum of South Africa [IWFSA]).

 

Ngaka Mokgokong o ne a lalediwa go nna leloko la Basadi ba e Leng Bagwebi ba Lefatshe, e leng neteweke e e ikemetseng ka nosi, ya boditšhabatšhaba ya bagwebi ba lefatshe lotlhe ba ba atlegileng thata, ka 1998.

 

Dikabelokhuno tse dingwe tsa gagwe di akaretsa Awate e e melediwang Mathe ya go nna Mogwebi wa Mosadi wa Ngwaga ka 1999.  Ka 2015, Lefapha la Dikgwebisano le Diintaseteri le le dirisanang mmogo le Proudly South African le Brand South African, le ne la tlotla Ngaka Mokgokong ka go mo naya Awate ya Phitlhelelo e Kgolo mo Botshelong kwa moletlong wa Diawate wa South African Premier Business Award.

 

 

Fa a ne a tlhomiwa go nna mokanseliri wa boraro wa YBB ka di 20 Ngwanaitseele kwa Feather Hill kwa Potchefstroom, botlhe ba ne ba itumetse e bile ba lebile pele go seno ka go shwegashwega pelo.

Maitseboa a ne a tsamaya ka tsela e ba neng ba lebeletse ka yone. Ditafole di ne di takilwe ka mokgwa o o tsabakelang go tshubilwe le dikerese, go nkga dijo tse di monate le beine. Moragonyana, fa baakatemi ba ne ba goroga ba kologane ka diaparo tsa bone tsa YBB, go ne ga tsena gape le “baalogi ba maemo a a kwa godimo” mo maitseboeng ao.

Tlhagelela le wena gore o amogelwe ke batho

Ngaka Mokgokong a re o ikutlwa gore go dira jaaka mokanseliri ke tiro e a e bileditsweng.

“Moono wa me ke: ‘Tsholetsa seatla, Tlhagelela le wena gore o amogelwe ke batho.’ Mo go nna ke tiro e ke e bileditsweng go tla go direla setšhaba se ke neetseng botshelo jwa me mo go sone.” O itumeletse fela thata se se tlileng go direga mo hisitori ya yunibesiti. “Ke dumela gore go direla setheo sa rona sa thutogodimo mo nageng ya rona ke namane e tona ya tiro, mme gape ke tirelo e e nayang batho tsholofelo.

“Ke amogetse tlhopho eno ya me ke itse sentle ka dikgwetlho tse go lebanweng le tsone e seng fela ke setheo seno, mme tse gape di lebanang ditheo tsa thutogodimo mo nageng yotlhe le kwa dinageng di sele.”

O dumela gore go dira tshiamiso mo loagong ke go dira gore batho ba newe thuto ya boleng jo bo kwa godimo jaaka fa Molaotheo o tlhalosa. “Ke keletso ya me gore, jaaka setheo, YBB e tla lejwa e le ya ntlha go tsaya kgato ya go rarabolola mathata mo loagong mo boemong jwa gore mathata a loago e nne one a re tsibosang go a tseela kgato.”

Mokanseliri wa ntlha-ntlha wa mosadi

Ngaka Bismark Tyobeka, modulasetulo wa Lekgotla la YBB, a re go tlhomiwa ga ga Ngaka Mokgokong go nna mokanseliri wa ntlha-ntlha wa mosadi wa yunibesiti go nonotsha maikaelelo a yunibesiti a go tlisa tekatekano.

A re go ne go bonala sentle ka lenaane la dithutego la gagwe le le kgatlhang le rekoto ya gagwe e e nang le bosupi jo bo kgonang go tshegediwa gore diphitlhelelo tsa gagwe di bontsha boineelo jwa gagwe a sa tikatike jwa go dira tiro ya boleng jo bo kwa godimo. “Seno se tsamaisana sentle le boitlhomobogolo jwa setheo sa rona.”

Ngaka Mokgokong o tsamaya mo dikgatong tsa ga mokanseliri wa nako e e fetileng wa YBB e leng Kgosi Leruo Molotlegi, Kgosi ya Morafe wa Bafokeng, le Ngaka Popo Molefe, Tona ya nako e e fetileng ya Bokone Bophirima.

Ngaka Anna Mokgokong