Motlhatlheledi e leng Kebitsamang Sere o ntsha kgakololo e e botlhale ya go tila go dirisa madi botlhaswa ka setlha sa malatsi a boikhutso.

Tsela ya go tila serai sa dikoloto ka Sedimonthole

Setlha sa meletlo se ka anya madi otlhe a gago e bile go ka nna motlhofo ka malatsi a boikhutso go dirisa madi botlhaswa.

Go thusa babadi go ikela tlhoko mo seraing sa go dirisa madi botlhaswa ka malatsi a boikhutso, motlhatlheledi e leng Kebitsamang Sere wa Sekolo sa Dithuto tsa Disaense tsa Ikonomi o re naya maele a le mmalwa a a botlhokwa a go tlhomamisa gore ga re itsenye mo dikolotong ka Sedimonthole.

 

“Go ya ka nna, rona jaaka bareki re na le go reka botlhaswa. Batho ba tseega maikutlo ka nako ya setlha sa meletlo, mme ba reka go feta selekanyo ba sa dira dithulaganyo dipe tsa go nna kelotlhoko,” Kebitsamang o bolela jalo.

 

Ikele tlhoko mo ‘sedimong’tholeng

 

“Bareki ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba kgamiwa ke dikoloto ka setlha sa meletlo ka gonne di tlile go ba bakela mathata a a seng kana ka sepe ka Ferikgong,” o tlhagisa jalo.

 

Mo godimo ga moo, dirisang bonase ya lona ya bokhutlo jwa ngwaga ka botlhale. Mo boemong jwa go dirisa bonase mo dilong tse di sa tlhokegeng ka setlha se meletlo, e dirise mo dilong tse di botlhokwa, tse di jaaka dibuka tsa sekolo, diyunifomo tsa sekolo le dituediso tsa sekolo kgotsa madi a sekolo. A a salang o ka nna wa a dirisa mo kgweding e telele ya Ferikgong.”

 

Maele a gagwe ke ano a go tila go dirisa madi go feta selekanyo mo setlheng sa malatsi a boikhutso:

 

  • Beela madi mangwe kwa thoko – fa go kgonega, boloka madinyana mangwe a tuelo ya gago kgwedi le kgwedi mo dikgweding tsa bofelo pele ga ya Sedimonthole go tila go nna le mathata a ditšhelete ka Ferikgong.
  • Laola tekanyetso ya gago sentle – Fa o sena go rulaganya tekanyetso ya gago, se e fapoge. Seno se tla go thusa go itse gore o na le bokae.
  • Letela sesolo sa morago ga setlha sa meletlo – Gakologelwa gore setlha sa meletlo gantsi se salwa morago ke sesolo sa dilo tse di sa ntseng di setse. Ka jalo, fa o batla go reka sengwe, emela sesolo.
  • O se ka wa dirisa karata ya keretiti – o se ka wa reka sengwe fa o sa kgone go se reka kheše. Tlhopha go se beeletsa kwa lebenkeleng (gore o se tseye fa fela o sena go duela dikarolotuelo tsa kgwedi le kgwedi)

 

Tlhagiso go ba ba botlhale: o se ka wa dirisa madi a mantsi ka nako ya malatsi a boikhutso. Fa o ka dira jalo, o tla bo o sena madi gotlhelele ka kgwedi ya Ferikgong.

 

Mo diathikeleng tse di gatitsweng mo diwebosaeteng tse di jaaka MoneyWeb le SA Savings Institute, o tla bona maele go ya pele a gore o ka falola jang mowa wa go reka botlhaswa.