Ngaka Keith Bothongo, Moaforikaborwa wa ntlha wa montsho go kwadisiwa jaaka motlhatlhoba boleng jwa dikago le yo o amogetseng gerata ya bongaka ya tlotlo bošeng jaana go tswa kwa YBB, o ikanne gore o tlile go tshegetsa baithuti ba YBB ba le 10 ka madi ka ngwaga ka 2020 le ka 2021.

 

Keith o ikemiseditse go tshegetsa ka madi baithuti ba ba dirang serutwa sa temothuo, saense ya bongaka jwa diphologolo le ba dithuto tsa boithuta-diphologolo.

 

O belegetswe kwa Soweto, Johannesburg, mme ga jaanong jaana o nna le lelapa la gagwe kwa Milton Keynes kwa United Kingdom. Ke leloko la Yunibesiti ya Buckingham Development le Boto ya Kgakololo ka Tlhamosešwa.

 

Tobetsa fano gore o buise go ya pele ka botshelo jwa ga Keith, go rata ga gagwe thuto le go fisegela ga gagwe go tlhomelela batho.

 

 

Ngaka Keith Bothongo, yo o amogetseng gerata ya bongaka ya tlotlo kwa YBB ka di 17 Diphalane, a re ka metlha o ne a na le keletso ya go thusa baithuti ba ba dikobo-di-magetleng ka gonne le ene o tswa mo maemong a a tshwanang.

 

Mokgatlho wa Keith Bothongo, o tshegetsa baithuti ba ba fetang 70 ka madi ba ba dikobo-di-magetleng kwa diyunibesiting tse di farologaneng tsa Aforikaborwa. Ba le barataro ba baithuti bano ba tswa kwa YBB.

 

Moamogedi wa gerata ya bongwaka ya tlotlo o ikana go tshegetsa baithuti ka madi

Ke rona ba

-TSHEDIMOSETSO

eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesimane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.

Setlhopha sa botseleganyi: Badiri ba Lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe: Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe: Nelia Engelbrecht - mogala 018 299 4937

Lebokoso la mo teng ga setheo la 260