Mop Robert Balfour, mothusa motlatsa-mokanseliri wa go ruta le go ithuta.

 

 

Senepe se se kgatlhang thata seno … se tserwe fa Ngaka Maryna Reyneke wa tsa Thuto (fa pele, wa bobedi go tswa ka fa mojeng) le Ngaka Kotie Kaizer (wa ntlha go tswa ka fa molemeng kwa moleng o o kwa morago) ba ne ba le kwa khonferenseng ya mekgwa le melaometheo ya go ithuta ya thutogodimo kwa City University New York (CUNY).

 

“Re ne ra tshwanelwa ke go tlhama dintlha tse go tla ithutwang tsone tsa mekgwa le melaometheo ya go ithuta go tswa fela kwa tshimologong,” Go bolela jalo Maryna, mokaedi wa Sekolo sa Go Ithuta Dipuo.

 

Fa ba ne ba le kwa khonferenseng, ba ile ba tlotla ka dimmotlolo tse go ka dirisiwang tsone tsa dikhoso tsa katiso tse mo go tsone go tla dirisiwang batho ba ba amanang le tsone, ba ba jaaka Ophelia Garcia go tswa kwa CUNY (fa pele, wa boraro go tswa ka fa molemeng) le Christa van der Walt go tswa kwa Stellenbosch University (fa pele, wa bobedi go tswa ka fa molemeng).

 

Moporofesara Tobie van Dyk, Mokaedi wa Sekolo sa Dipuo o tsamaisetsa Legoro la tsa Setho tirego e.

 

 

Godisa dikgono tsa gago tsa bopuontsi

 

Mo godimo ga khoso e e umakilweng fa godimo ya mekgwa le melaometheo ya go ithuta bopuontsi, gape go tla nna le dikhoso tse di khutshwane tsa go ithuta puo.

Pele re tlhalosa dikhoso tseno, a ko o akanye ka seno: Motlhatlheledi o eme fa kgorong ya holo ya botlhatlhelelo a bo a dumedisa baithuti ba gagwe ka monyenyo o mogolo.  “Dumela, o kae? Dumela, o phetse jwang? Hallo, hoe gaan dit? Hello, how are you?”

 

Mo bogautshwaneng, tumediso e e tshwanang le eno – mmogo le dipuisano ka dipuo tse di farologaneng – e tla bo e tlwaelegileng mo YBB. Gore seno se kgonege, maloko a badiri a tla tloga a tsenela dikhoso tse di khutshwane go ithuta Setswana se se motlhofo, Sesotho, Seesemane le Seaforikanse.

 

Boikaelelo jwa dikhoso tse di khutshwane tseno ke go tlhomelela maloko a rona a badiri gore a bapale kitso ya puo e nngwe, gore ba tsenye Pholisi ya Dipuo ya rona botshelo, mme segolobogolo maanopuo a a theilweng mo go yone.

Badiri ba tlile go boa gape ba tlhopha maloko a badiri mo magorong a bone gore ba tsenele dikhoso mme gape ba tla umaka dipuo tse di siametseng thata go ka ithutwa mo tikologong ya bone.

 

Dikhoso tsa Seaforikanse le Setswana di tla simololwa mo dikhamphaseng tsotlhe mo masimologong a 2020 mme di tla latelwa ke dikhoso tsa Seesemane le Sesotho.

 

Go nna le bokgoni jwa dintlhatheo tsa puo

 

Mop Robert Balfour, mothusa motlatsa-mokanseliri wa go ruta le go ithuta, a re kgopolo ya go dira seno kwa tshimologong ke go rotloetsa gore botlhe ba nne le bokgoni jwa go buisana le ba bangwe ka dipuo di le mmalwa mo tikologong ya tsa akatemi le ya kemonokeng, le go atolosa thulaganyo eno mo dingwageng di le mmalwa tse di latelang gore e fetele kwa kgatong e e kwa godingwana.

“Boikaelelo jwa seno ke gore kwa bofelong batlhatlheledi ba kgone go tlhalosetsa baithuti ba bone dikgopolo tsa akatemi ka puo e sele,” o bolela jalo.

 

Go lebeletswe gore khoso ya ba ba simololang thulaganyo eno e nne mo tshimologong ya 2020. Dikhoso tseno tse go simololwang ka tsone di tla boelediwa gape ka 2021, mme dikhoso tsa maemo a bogareng di tla simolodisiwa ka 2021 mme tsa maemo a a kwa pele tsone ka 2022. Kgopolo ya seno ke gore, ka 2023, dikgato tsotlhe tse tharo tsa dikhoso tseno di tla bo di tsweletse mmogo.

 

Mo godimo ga madi a re setseng re a lekanetseng, gape re ka nna ra dirisa letlole la madi a go tokafatsa dikgono tsa tiro,” Robert o bolela jalo.

 

 

Dikgato tseno di akaretsa lenaanethuto le le khutshwane la go ithuta le le tlhomelelang batlhatlheledi go dirisa mekgwa le melaometheo ya go ithuta bopuontsi mo teng ga phaposiborutelo, mmogo le dikhoso tse di farologaneng tsa go ithuta puo ka dipuo tsa semmuso tsa YBB.

 

Mo athikeleng eno, re tlile go leba pele mekgwa le melaometheo ya go ithuta ya khoso re bo re leba dikhoso tsa go ithuta puo tse Legoro la Dithuto tsa Mekgwa ya Batho le ikarabelang ka tsone.

Mekgwa le melaometheo ya go ithuta bopuontsi: go tokafatsa tiro ya go ruta le go ithuta

Legoro la Thuto le kwadile lenaneothuto le le khutshwane la go ithuta le le tlhomang mogopolo go mekgwa le melaometheo ya go ithuta bopuontsi mo teng ga phaposiborutelo.

Khoso eno e tla bontsha batlhatlheledi mokgwa wa go tokafatsa lenaane la dipuo tse di farologaneng tse batlhatlheledi le baithuti ba tlang ka tsone mo teng ga phaposiborutelo gore botlhe ba nne le maitemogelo a a gaisang otlhe a go ruta le go ithuta.

E na le mananeo a le matlhano a lengwe le lengwe la one le tsayang malatsi a le mabedi ka ngwaga, a a tshwarwang mo YBB. Badini ba setse ba supile maloko a badiri a le 30 go tswa mo magorong gore ba nne teng mo mananeong ano, ao, go ya ka dithulaganyo, a tla simololang ka Ferikgong 2020.

“Batlhatlheledi bano ba itumeletse fela thata go tsenya tirisong mekgwa le melaometheo ya go ithuta bopuontsi,” go bolela jalo Ngaka Maryna Reyneke, yo o etelelang pele setlhopha se se tlhamang khoso eno.

Ba ntlha ba le 30 ba ba tlileng go simolola khoso ba tla akaretsa batlhatlheledi ba le bararo go tswa go lengwe le lengwe la magoro a le robedi (moemedi a le mongwe wa legoro go tswa kwa khamphaseng nngwe le nngwe) le maloko a badiri ba le babedi go tswa kwa Yuniting ya Go Ithutela Kgakala le Setheo sa Thuto (Unit for Open and Distance Learning [UODL]) le ba le bane go tswa kwa Lefapheng la Dipuo, ba ba tla etelelang pele go tsenngwa tirisong ga mekgwa le melaometheo ya go ithuta bopuontsi.

Maryna a re kgopolo eno ke ya gore batlhatlheledi ba tla boela ka kitso e ba sa tswang go e bapala kwa magorong a bone go ya go katisa le go rotloetsa badiri-ka-bone.

Go leba puo ka tsela e sele

“Re batla gore batlhatlheledi le baithuti ba rona ba fetole tsela e ba akanyang ka yone ya go dirisa puo mo teng ga phaposiborutelo. Re batla gore ba thusane go dirisa dipuo tse di farologaneng tse ba tlang ka tsone mo teng ga phaposiborutelo ka tsela e e dirang sentle e e ritibetseng.”

Mekgwa le melaometheo ya go ithuta bopuontsi e tla tsenngwa tirisong mo mananeothutong a ngwaga wa ntlha fela a a tlhaolwang jaaka mananeothuto a go tlisa diphetogo mo legorong.

GO TOKAFATSA DIPUO

mo tirong ya go ruta le go ithuta

Go na le polelo ya Seesemane e e reng the more the merrier. Le fa go ntse jalo, a polelo eo e santse e le boammaaruri fa re tla mo kgannyeng ya go amogelwa ga dipuo tse di farologaneng? E bile a e a dira mo YBB?

 

A YBB e ka kgona motlhofo go fetola boemo jo bo tshwanang le jwa kwa Babele jwa diteme tse di farologaneng gore e nne dipuo tse di kgonang go dirisana mmogo ka boitumelo? Fa re leba dikgang tsa bošeng jaana tse yunibesiti e di tsereng tsa go dirisa Pholisi ya Dipuo ya rona le maano, karabo ke ee.