Fa o sa batle go supa ka monwana tiro ya gago, mokgele wa gago kgotsa go nna moithuti ga gago, ela tlhoko boemo jwa YBB ka tiriso ya matekwane le go a tshola mo go wena (cannabis).

ga a amogelesege gotlhelele mo YBB

MATEKWANE

 

Mmueledi Thabo Pheto ke leloko la badiri la Ditirelo tsa Semolao.

 

 

Des Ayob, mokaedi wa Ditirelo tsa Tshireletso tsa YBB, a re maloko a badiri le baithuti ga ba a letlelelwa go dirisa, go reka, go rekisa kgotsa go anamisa matekwane fa ba le mo khamphaseng ya YBB kgotsa mo dikagong tse di laolwang ke yunibesiti, ka gonne dikhamphase tseno ke mafelo a a mo pontsheng.

 

Lesley Barends wa Dikago tseno ke mongwe wa batho ba ba nnileng le seabe sa go kwala kemo ya YBB ka ga matekwane.

Katlholo ya kgotlatshekelo ya Molaotheo mo ngwageng o o fetileng ka ga matekwana e ka nna ya bo e ile ya utlwala mo go ba bangwe e kete ga twe matekwane a letleletswe, mme ga go a nna jalo.

 

Go ya ka katlholo* eno batho ba ba kwa godimo ga dingwaga di le 18 ba letleletswe go dirisa, go tshola mo go bone le go itemela matekwane gore ba itirisetse one.

 

Le fa go ntse jalo, go rekisa matekwane go sa ntse go se ka fa molaong e bile bošeng jaana mapodise a ntshitse tlhagiso e e gagametseng ka metswedi ya dikgang gore ba tla tsaya dikgato kgatlhanong le ope fela yo o molato wa matekwane.

 

Go itirisetsa one go bapisiwa le go a dirisa mo pontsheng

 

Des Ayob, mokaedi wa Ditirelo tsa Tshireletso tsa YBB, a re tsela ya botlhokwa ya go tlhaloganya se se kaiwang ke katlholo eno mo yunibesiting ke go gakologelwa gore dikhamphase tse tharo tsa YBB ke mafelo a a mo pontsheng.

 

“Fela jaaka katlholo e iletsa go gogwa ga matekwane mo pontsheng kgotsa go a reka, go a rekisa kgotsa go gweba ka one, dilo tseo tsotlhe di ileditswe mo dikhamphaseng tsa rona.

 

“Ga go na leloko lepe la badiri kgotsa moithuti yo o letleletsweng go dirisa, go reka, go rekisa kgotsa go anamisa matekwane fa a le mo khamphaseng ya YBB kgotsa mo dikagong tse di laolwang ke yunibesiti kgotsa le fa a le kwa meletlong kgotsa kwa tirong nngwe e e amanang le yunibesiti,” Des o bolela jalo. “Seno se akaretsa le mafelo a badiri le baithuti ba bonwang kwa go one kgotsa a a tlhaolwang jaaka a YBB.”

 

Leslie Barends, mongwe wa badiri yo o nnileng le seabe se segolo mo go kwalweng ga kemo ya YBB ka ga matekwane, a re seno gape se a dira le kwa dikagong tsa bonno tsa yunibesiti.

 

Ga o lesego fa o sa itse sepe ka one

 

“Boikarabelo jwa leloko lengwe le lengwe la badiri le baithuti ke go tlhomamisa gore ba itse melao yotlhe le melawana ya yunibesiti. Ke lone lebaka la go bo go se ope yo o tla reng ene o ne a sa itse sepe ka melao eno,” go bolela jalo Mmueledi Thabo Pheto wa lefapha la Ditirelo tsa Semolao la YBB.

 

Des a re go sa ikobele melao ya pholisi go ka felela ka gore badiri le baithuti ba latofalediwe boitshwaro jo bo sa siamang. “Baithuti bao ba tla tseelwa dikgato go ya ka melao ya dikgato-kotlhao mme badiri bone ba tla tseelwa dikgato go ya ka pholisi ya boitshwaro ya yunibesiti.”

 

Seno se raya gore motho ope fela yo o ratang matekwane a akanye gabedi pele ba tshuba matekwane gore a a goge mo YBB.

 

Mme go tweng ka mefuta e mengwe ya go goga jaaka go goga sekerete, disekerete tse di senang motsoko, le dipeipi, tseo molao o seng kgatlhanong le tsone?

 

Des, a re go botlhokwa go ela tlhoko pholisi ya go goga ya YBB, e e iletsang batho go goga ba le dimitara di le 10 go tloga fa kagong epe fela mme e letla gore go gogelwe fela mo mafelong a a tshwaetsweng go goga.

 

Tobetsa fano go bona tshedimosetso go ya pele ka dipholisi tsa YBB tsa go goga.

 

*Palamente e na le tšhono ya dikgwedi di le 24 tsa go baakanya diphoso tsa molaotheo mo molaong tse di umakang gore go lema matekwane le go a goga ke bokebekwa.