Go gola ga bokebekwa go batla gore o nne o

 

Kwa YBB, tshireletsego ya baithuti le ya badiri, mo khamphaseng kgotsa kwa ntle ga yone, e botlhokwa thata mo go rona.

 

Ke gone ka moo re ileng ra tshwara kopano mo mafaratlhatlheng ya Kopano ya Tshireletsego le Baagi ka di 10 le di 11 tsa Seetebosigo 2021.

 

Kantoro ya motlatsa-mokanseliri, kantoro ya Botshelo jwa Baithuti  le ya Ditirelo tsa Tshireletso e ne ya rulaganya kopano eno ya go godisa kitso ka tshireletsego le go tlhomelela baeteledipele ba baithuti le batlhokomedi ba barutwana go rarabolola mathata a tsa tshireletsego.

 

Bana-le-seabe ba le bantsi ba ne ba tsaya karolo, ba ba jaaka ba Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforikaborwa, Ba Ditirelo tsa Patlisiso ka Bokebekwa le setlamo sa poraefete sa tshireletso kwa Potchefstroom sa Mooirivier Beskerming.

 

Ba Lefapha la Ditirelo tsa Tshireletso le bone ba ne ba tsaya karolo ka gonne ba na le seabe se se botlhokwa thata sa go baya maemo leitlho le go dira dipatlisiso ka mathata a a amang tshireletsego kgotsa bokebekwa mo khamphaseng.

 

Barulaganyi ba kopano eno, setlhopha sa Botshelo jwa Baithuti se se neng se eteletswe pele ke Ngaka Corrie Rheeder, ba re kopano eno e thusitse bana-le-seabe ba rona mo teng ga setheo le ka kwa ntle ga setheo go itsane le go dirisana mmogo. Gape ba bontshitse ka fa go leng motlhofo ka gone go dira bokebekwa ka gonne dikebekwa di tsena jaaka baagi fela ba ba tlwaelegileng.

 

Fa maloko a Komiti ya lefelobonno le maloko otlhe a  YBB a itse seno, go ka se nne motlhofo gore ba tshoganyediwe ke dikebekwa tse di batlang go ba gobatsa.

 

Go botlhokwa go gopola gore boikarabelo jwa mongwe le mongwe ke go boloka khamphase e sireletsegile e bile ke tshwanelo ya mongwe le mongwe wa rona go dira jalo. Fa re le mmogo, re nna re sireletsegile e bile re nonofile.

Tobetsa fano go bona dintlha tsa go ikgolaganya le lefapha le le nayang baithuti kgakololo le kgodiso ya bokgoni jwa bone jwa tiro.

Ngaka Corrie Rheeder e ne e le moeteledipele wa setlhopha sa Bophelo jwa Moithuti ba ba thusitseng go rulaganya kopano ya pabalesego.

Baithuti ba nna ba ebela go dikologa khamphase le mafelo a a gaufi le yone ka dinako tsotlhe tsa letsatsi le bosigo – bangwe ba ya le go boa kwa dibareng, kwa diresetšhurenteng le kwa mabenkeleng, ba sa akanye gore go dira jalo go ka nna kotsi thata.

TSHIRELETSEGO

YBB e eteletsa

Dintlha tsa Pabalesego

Go botlhokwa go gopola gore khamphase ya pabalesego ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe

mme e tswela mongwe le mongwe mosola. Mmogo re na le pabalesego mme re na le maatla.

 

ya badiri le ya baithuti kwa pele

Gantsi dikebekwa di itlhagisa jaaka baagi fela ba ba tlwaelegileng, ba ba sa tshosetseng ope, mme seno se dira gore badiri mmogo le baithuti ba rona ba se nne kelotlhoko ba bo ba diragalelwa ke ditiro tse di farologaneng tsa bokebekwa le tsietso, mo mebileng kgotsa mo inthaneteng.

Tobetsa ditalama go buisa go feta.