eish! e ne ya botsa Annamrie de Kock, mookamedi wa tshekatsheko ya kgonego ya ditatlhegelo tsa madi le ya go ikobelwa ga melao, wa Ditirelo tsa Kgwebo le tsa Tshedimosetso ya Bolaodi, go re bolelela gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira jalo, gore go thulana ga dikgatlhegelo go raya eng le gore ke eng se re tshwanetseng go se bega. Gape o re bolelela go le gontsi ka pholisi le ka melao ya go thulana ga dikgatlhegelo le ka go begwa ga tsone le ka go newa dimpho.

P: Go thulana ga dikgatlhegelo go direga leng?

K: Go thulana ga dikgatlhegelo go direga fa maloko a badiri:

  • a letla dikgatlhegelo tsa bone tsa poraefete kgotsa tsa bone ka namana gore di tlhotlheletse go diragatsa maikarabelo a bone a semmuso sentle.
  • a tsaya ditshwetso kgotsa a tlhotlheletsa ditshwetso tse di tla amang dikgatlhegelo tsa bone tsa poraefete kgotsa tsa bone ka namana mo boemong jwa tsa YBB.
  • a solegelwa molemo ka namana ke ditiro kgotsa ke ditshwetso tse ba di dirang mo maemong a tiro ya bone ya semmuso
  • Go letla tsela ya bone ya go akanya sentle e e solegelang yunibesiti molemo gore e tlhotlhelediwe ke go nna le seabe ga bone mo kgwebong, mo kgwebisanong kgotsa mo tshwetsong e e ka golaganngwang le bone ka tsela nngwe.

 

Maloko a badiri ga a tshwanela go etsaetsega go bega dikgatlhegelo tsa bone, ka gonne pholisi e tlhalosa sentle gore go bega dikgatlhegelo ga go reye gore seo ke go thulana ga dikgatlhegelo. Go thulana ga dikgatlhegelo go nna teng fa motho a kgona go tlhotlheletsa boemo gore e nne ene a solegelwang molemo.

 

P: Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go bega dikgatlhegelo tse di thulanang ngwaga le ngwaga?

K: Molao ke one o batlang jalo go thibela bonweenwee, go latlhegelwa ke madi a mothapi wa gago kgotsa go nna ga gago le poelo ya ka go dira gore ba ba solegelwang molemo e nne wena, ditlamo tsa kgwebo kgotsa batho ba ba amanang le wena ka losika.  Go na le Melao e mebedi e e tlhalosang seno, le pholisi ya YBB e dira jalo.

 

Molao wa ntlha ke Molao wa Thutogodimo. Molao ono o tlhalosa gore o tshwanetse go bega dikgatlhegelo tse di thulanang kgotsa tse go ka diregang gore di nne gone ka go di kwala fa o newa tiro, le dikgatlhegelo dipe tse di ntšha tse o nnang le tsone morago ga moo le pele ga fa o reka dithoto le go direlwa ditirelo.

 

Sa bobedi, Molao wa Thibelo ya Ditiro Tsa Bonweenwee, wa bo 12 wa ka 2004 o tlhalosa gore ke tlolomolao fa motlhankedi ope wa puso a iponela kgotsa a na le dikgatlhegelo tsa poraefete mo konterakeng epe, mo tumalanong e a e tsenetseng kgotsa mo dipeeletsomading tse di golaganang le setlamo sa puso se a se berekelang.

 

Pholisi ya YBB e gagamatsa melao eno le go e tshegetsa.

Pholisi e tlhalosa gore o tshwanetse go bega dikgatlhegelo tsotlhe ka go di kwala fa o newa tiro mme morago ga moo o dire jalo ngwaga le ngwaga mo porokeramong ya DIY mo mafaratlhatlheng.

 

Gape o tshwanetse go begela mmenejara wa lefapha la gago le mmenejara yo o latelang dikgatlhegelo dipe tse o nang la tsone jaaka thulaganyo ya go sekaseka gore a tiro e o e neilweng o e dira sentle. Mo godimo ga moo, o tshwanetse go itsise mafapha a a maleba a botsamaisi – jaaka dikomiti tse o direlang mo go tsone – ka tiragalo epe ya go thulana ga dikgatlhegelo.

 

Ka go bega dikgatlhegelo tsotlhe tsa gago, o a itshireletsa go tlhomamisa gore ga o nne le seabe mo dikgwebisanong dipe tse di ka nnang tsa dira gore o iphitlhele o dirile ditlolomolao tsa bokebekwa.

 

P: Ke dilo dife tse di leng botlhokwa thata go di bega?

K: O tshwanetse go bega KA BOTLALO dikgwebo tsotlhe, ditiro tsa kgwebo kgotsa tse o di dirang gore o nne le poelo ya madi – gakologelwa, yunibesiti ke yone e tsayang tshwetso ya gore a go na le fa dikgatlhegelo di thulanang teng.

 

Tiro e e thulanang le maikarabelo a gago a mo tirong le yone e tshwanetse go begwa fa e dira gore o dirise nako e e kwa tlase le maikatlapelo a gago mo tirong e wena le yunibesiti lo dumalaneng ka yone mo tumalanong ya gago le bone ka tiro e ba e go neileng go e dira.

 

O tshwanetse go bega le dilo tse di go humisang (jaaka modiri wa YBB) tsa go eteletsa kwa pele ditlamo tsa ba o amanang le bone ka losika, maloko a lelapa kgotsa batho ba o amanang le bone ka losika bao ba bonang madi go tswa mo yunibesiting.

 

P:  Re ka bona kae pholisi eno?

K: Pholisi eno e ka bonwa mo tsebeng ya dipholisi ya webo ya YBB.

 

 

Annamarie de Kock, mookamedi wa tshekatsheko ya kgonego ya ditatlhegelo tsa madi le ya go ikobelwa ga melao wa Ditirelo tsa Kgwebo le tsa Tshedimosetso ya Bolaodi, a re maloko a badiri a tshwanetse go bega ditiro TSOTLHE tse ba di dirang go bona dipoelo, le fa ba sa tlhomamisege gore a ditiro tseo ke tsa go thulana ga dikgatlhegelo. Yunibesiti ke yone e tla tsayang tshwetso ya gore a ditiro tseo ke go thulana ga dikgatlhegelo.

A dikgatlhegelo tsa gago

ka namana di thulana le dikgatlhegelo tsa YBB?

TSEPA GO

YA

A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go bega dikgatlhegelo dipe tse di thulanang ngwaga le ngwaga?