Jess

o tlhalosa ditiro tsa bopelonomi

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

Ka nako eo, go ne go le botlhokwa go kopa thuso kwa pusong le go golagana le batho ba bangwe, go bolela jalo Ngaka Jess Auerbach, motlhatlheledi-mogolo wa thuto ya batho le ditso tsa bone kwa Khamphaseng ya Potchefstroom.

 

Fa a ne a lebile tshegetso e e seng kana ka sepe ya Maaforikaborwa a a tlwaelegileng fela, ene le baithuti bangwe ba gagwe ba ne ba simolola go kwala ka “bopelonomi jo bogolo” jono le go tlhama webosaete gore ba bo rekote mo go yone.

 

Webosaete ya, Archive of kindness, e amogetse melaetsa e mentsi go tswa kwa dinageng di sele le mo nageng ya rona. Jess o ile a tsaya mekwalo eo yotlhe a dira buka ka yone, a e naya setlhogo se se reng Archive of Kindness a bo a tlhalosa ditiro tsa bopelonomi tsa ka nako ya totlelelo ya 2020 mo Aforikaborwa.

 

“Le mo malatsing a re neng re na le mathata a magolo ka one, re ne ra amogela dikgang tsa bopelonomi jo bo seng kana ka sepe,” Jess o bolela jalo.

 

E bua ka mosadi mongwe yo o buisetsang ngwana wa moagelani wa gagwe buka ba kgaogantswe ke legora; ka modiri wa mo tshingwaneng yo o tlholang mosadimogolo mongwe yo o nnang a le nosi mo polasing le go nosetsa dithunya tsa gagwe; ka mooki yo o neng a fepa monna mongwe yo go neng go bonala gore o a swa Weet-Bix go fitlha monna yoo a tlhokafala; ka monna yo o neng a naya baagi mo tikologong yotlhe ya gagwe khunololamoraba ya Wi-Fi ya gagwe.

 

Maitemogelo a a sa tshwaneng le ape mo botshelong

 

Baithuti ba le mmalwa ba ba neng ba tsaya karolo mo go kwalweng ga Archive of Kindness ba re go dira jalo e nnile maitemogelo a a sa tshwaneng le ape mo botshelong jwa bone.

 

“Go ne ga mpontsha gore botshelo bo feta fela go ya yunibesiting, go bona tiro, go nyala le go nna le motse,” moithuti mongwe o bolela jalo. “Bo ya ka gore o tshwara batho ba bangwe jang le go bona gore o ikaeletse go dira eng mo botshelong. Go nna pelonomi go dira gore ke ikutlwe sentle – jaaka e kete go dira jalo go oketsa boikaelelo jwa me e bile go nthusa go bo fitlhelela.”

 

Dira fela ka bopelokgale

 

Moithuti yo mongwe a re o ithutile gore fa a batla go bona dilo dingwe di direga, o tshwanetse go di dira fela ka bopelokgale e bile ke ene a tshwanetseng go di simolola.

“Fa ke ne ke utlwa lekgetlo la ntlha ka Archive of Kindness, ke ne ka re Banna! Ke akanya gore porojeke eno yotlhe e nthutile go tsaya kgato e seng go tsiboga fela ke bo ke sa dire sepe.”

 

Ga re a latlhegelwa ke sengwe le sengwe

 

Go kokoanya dikgang tsa bopelonomi gape go thusitse moithuti yono go bona bomolemo mo teng ga naga ya rona.

 

“Aforikaborwa e itsiwe ke baagi ba bantsi ba yone jaaka naga e e tletseng tirisodikgoka e bile go motlhofo go hutsafadiwa ke dikgang le ke dikgwetlho tse dintsi tse re lebaneng le tsone ka gonne batho ba rata thata go utlwa dikgang tse di bosula.

 

“Gape e na le dilo tse dintsi tse di molemo tse di dirwang mo go yone, mme boikaelelo jwa buka eno ke go tlhomolola bomolemo joo le go re tlhomamisetsa rona baagi gore ga re a latlhegelwa ke sengwe le sengwe.”

Leroborobo la Mogare wa Korona ke mogare o o anamang e bile o ama tlhaloganyo fela thata. Bothata jwa gore batho ba nne ba itlhaotse mo go ba bangwe bo fetotse matshelo a letsatsi le letsatsi thata. Go bakile ditatlhegelo tsa ditiro  le mathata a ditšhelete le bohutsana jwa go swelwa ke baratiwa ba bone.

Dipego tsa bopelonomi

Buka ya ga Ngaka Jess Auerbach, ya Archive of Kindness, e ne ya gololwa ka di 15 Lwetse 2021 ka nako ya tiragalo e e neng e tshwaretswe mo mafaratlhatlheng e e neng e akaretsa go tshwara motlotlo le mokwadi, le baithuti ba ba tsereng karolo mo porojekeng le baakatemi ba dinaga di sele.

 

Jethro Longwe, motaki le moalogi wa bošeng jaana kwa Ruth Prowse School of Fine Art in Cape Town, ke ene a dirileng ditshwantsho tsa buka eno.

 

Bontlhanngwe jwa diporofete tsa thekiso ya buka eno le go gatisiwa ga ditshwantsho tsa yone tse di takilweng bo tla newa Materials Fund kwa Ruth Prowse School of Fine Art, mmogo le go abelwa mekgatlho e mengwe e e tlhokang thuso.

 

Ngaka Jess Auerbach, motlhatlheledi-mogolo wa thuto ya batho le ditso tsa bone, a re o solofela gore buka eno, Archive of Kindness, e tla nna kgolagano ya bofelo ya bomolemo jo naga ya rona e potlana, e e sa nonofang e nang le jone e bile e tla re gakolola gore re nne pelonomi ka dinako tsotlhe.

Dintlha go ya pele ka Jess

 

 

  •  Ngaka Jess Auerbach o ne a dira le Khomišene e e kwa Godimo ya Ditšhaba-Kopano ya Batshabi mo Aforikaborwa le kwa Mozambique go simolola ka 2007 go fitlha ka 2008.

 

  • Jess o tshwere didikerii tsa kwa Diyunibesiting tsa Oxford le Stanford. O ne a le morutegi wa Rhodes kwa Oxford mme a bona MSc ya Khuduso ka nkane. Gape o na le PhD ya Anthropoloji ya kwa Stanford.

 

  • O gatisitse buka e nngwe gape, ya From Water to Wine: Becoming Middle Class in Angola  (University of Toronto Press: 2020): Ga jaanong jaana buka eo e fetolewa kwa puong ya sepotokisi mme e ka kgona go fitlhelelwa ke mongwe le mongwe.

 

 

Archive of Kindness e tlhalosa ditiro tsa bopelonomi tsa ka totlelelo ya 2020 mo Aforikaborwa.