x

Michelle Bownes, yo e leng modiri-mogolo wa dikamano tsa badiri mo YBB a re baithuti le badiri botlhe ba tshwanetse go dirisana mmogo go fitlhelela mokgwa o setheo se tla lebanang le tirisodikgoka mo basading ka one. “Re rotloetsa baithuti botlhe le badiri go tshegetsa pholisi ya rona e ntšha e re e tsenyang tirisong.”

Ntwa kgatlhanong le GBV e nna e tswelela pele mme e tshwanetse go godisiwa.

E ne ya re fa Lekgotla la YBB le tsibogela seno bošeng jaana, le ne la dumalana le pholisi eno ya GBV le go e amogela semmuso e boikaelelo jwa yone e leng go tlhama maemo a a kgontshang go tilwa ga GBV le go e baya leitlho, mo teng le ka kwa ntle ga dikhamphase tsa YBB, go itsitse badiri le baithuti ka GBV le go tshegetsa ope fela yo a ka tswang a amiwa ke yone.

 

Pholisi eno e tla sireletsa batho ba bong jotlhe le ba mekgwa e e farologaneng ya thobalano, – go akaretsa le batho ba LGBTQIA+ le mokawanyana wa ba ba neng ba tlodisiwa matlho – go tswa go mefuta yotlhe ya GBV, go tlhaola batho ka ntlha ya mokgwa wa bone wa thobalano, tirisodikgoka le go tshwenngwa.

 

Go simolola ka go boga go fitlha ka phenyo

 

YBB e ikemiseditse go fedisa leroborobo leno la GBV mo teng ga setheo. Ba ba falolotseng leroborobo leno ba kopiwa go se didimale mme ba tlhatlhele dingongorego tsa bone ntle le poifo ya gore ba tla tshwarwa makgwakgwa kgotsa go kgokgontshiwa.

 

“Yunibesiti e tla dirisa mokgwa o o tseneletseng o o dikarolo dintsinyana o o sa gobeleleng, o o dirwang ka tekatekano, ka mokgwa o o tshwanang ka dinako tsotlhe, wa go akanyetsa mabaka otlhe sentle, wa khupamarama, le kwa ntle ga bofitlha bope go reetsa dingongorego ka ga GBV,” go bolela jalo Michelle Bownes, mankge yo e leng modiri-mogolo wa dikamano le badiri mo YBB.

 

“Fa ngongorego e sena go bolelelwa mafapha a a maleba a YBB, go tla tsewa kgato e e tshwanetseng ya ka bonako tumalanong le pholisi eno,” o bolela jalo.

 

Baemedi ba leinakgwebo mo teng ga khamphase le ka kwa ntle ga yone

 

Bothata jwa GBV mo Aforikaborwa bo feteletse jaanong, mme badiri le baithuti ba tshwanetse go tlotlana le go sireletsana le go dira jalo ka maloko a setšhaba mo teng ga dikhamphase tsa rona le ka kwa ntle ga tsone.

 

“Jaaka setheo, re a tlhaloganya gore ka bonako fela fa badiri le baithuti ba rona ba tswela kwa ntle ga dikago tsa khamphase, ba nna baemedi ba leinakgwebo la yunibesiti. YBB ga e letlelele ditiro dipe tsa GBV mme e rotloetsa bana-le-seabe botlhe ba yone go dirisa pholisi tota le fa ba se mo khamphaseng,” Michelle o bolela jalo.

 

Pholisi eno e tla sireletsa badiri le baithuti ba ba tlisang dingongorego kgatlhanong le maloko a mangwe a yunibesiti, e ka tswa e le badiri kgotsa baithuti.

 

Gape e tla sireletsa bana-le-seabe ba ba kwa ntle ga setheo ba ba sa ithuteng kgotsa ba ba sa direng mo yunibesiting, fa ba tlhagisa dingongorego kgatlhanong le leloko la badiri ba Yunibesiti kgotsa kgatlhanong le moithuti.

 

Ntwa kgatlhanong le GBV e tswelela pele mme e tshwanetse go gola go ya pele Go ya ka maikaelelo a YBB a go nna yunibesiti e e itsegeng mo Aforika, e e tlhomololwang ke mokgwa wa yone wa go ithuta ka natla, e e tsibogela maemo mo loagong, le boitshwaro jwa yone jwa go amega ka ba bangwe, yunibesiti e tla tswelela pele go ruta badiri, baithuti le maloko a setšhaba ka GBV.

Ntwa kgatlhanong le

GBV e golela pele

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, ditheo tsa thutogodimo di nnile le kgolo e e seng kana ka sepe ya ditiragalo tsa tirisodikgoka mo basading (gender-based violence [GBV]).

Go lwantsha bothata jono, Lefapha la Thutogodimo, Saense le Thekenoloji le romeletse diyunibesiti tsotlhe mo nageng thulaganyo ya pholisi e e tla rarabololang mathata a GBV kwa ditheong tsa tsone.

Ngaka Sibusiso Chalufu, mokaedi-mogolo wa Botshelo jwa Baithuti, a re lefapha la gagwe le tlile go nna le diporojeke di le mmalwa tsa matsholo-temoso a GBV, ka go dirisana mmogo le bana-le-seabe ba konokono le baeteledipele ba baithuti ba ba mo maemong otlhe a boeteledipele. Gape ba rulaganyetsa go dira le go nna le tirisanommogo le ditheo tse dingwe tsa thutogodimo le tsa thuto ya motheo.

Supa mo godimo ga dinepe go buisa go feta

Tobetsa mo sedikong go buisa go feta.