Kokoano ya bakwadi:

Leba bidio eno o bone ka fa Kantoro ya Tokafatso ya Boleng  e fetolang thulaganyo ya mo teng ga setheo ya tshekatsheko ya boleng jwa lenaneothuto gore le nne maleba le go feta le go fitlhelesega mo mafaratlhatlheng.

Go bona tshedimosetso go ya pele, romela imeile kwa go Mariëtte mo atereseng ya mariette.fourie@nwu.ac.za.

Fa thutogodimo e ntse e atologa le go amogela batho ba ditso tse di farologaneng, maloko a setšhaba one a tswelela pele go tshwenyega ka boleng jwa mananeothuto. YBB e tsibogela seno ka tshwanelo.

Johan Erasmus a re re tshwanetse go akanya ka kelotlhoko ka tsela e re rulaganyang ka yone, re tlhamang ka yone le e re tsamaisang ka yone maitemogelo a baithuti a tiro ya go ruta le go ithuta. Kwa bokhutlong, ba tshwanetse go nna baagi ba ba sikarang maikarabelo a tiro e ba e dirileng ba ba thusang ka go godisa ikonomi ya naga ya rona.

A re tlhatlhanyeng mme re kwaleng

Ngaka Mariëtte Fourie, mmenejara wa tsa boleng wa mananeothuto a akatemi wa Kantorong ya YBB ya Tokafatso ya Boleng, a re ditheo tsa thutogodimo di tshwanetse go sikara maikarabelo go bana-le-seabe ba bone segolobogolo fa re tla mo kgannyeng ya boleng.

 

Ditheo tsa thutogodimo tsa palo e e ntseng e gola di rotloetsa thata go dira sentle mo go tsa ikono  mi ya lefatshe lotlhe e e rotloediwang ke kitso.  Boleng jwa go ruta le go ithuta, mme morago ga moo boleng jwa dithutego kwa setheong sepe fela sa thutogodimo, ke karolo e e botlhokwa ya tiro ya konokono.”

 

O tlhalosa gore boleng ka kakaretso jwa thutogodimo bo botlhokwa thata gore bo tlhomelele baithuti ka kitso, dikgono tsa tiro le ka bokgoni jo ba bo tlhokang gore ba atlege morago ga go aloga. Ke gone ka moo go leng botlhokwa go akanyetsa bosha boleng jwa go ruta le go ithuta, segolobogolo go ruta le go ithuta kgakala le setheo sa thuto.

 

Simolola go tlhatlhanya

 

“Go tlhatlhanya go raya go leba boemo kgato ka kgato go bona gore o tlhagisa le go rulaganya kitso jang. Go raya go tlhaloganya, go botsa dipotso le go tlhatlhoba mekgwa ya gago, le go e tsaya masisi.”

 

“Tota e bile, re tshwanetse go akanya ka boleng jo bo kwa godimo jwa go ruta mo metlotlong ya konokono le diphetogo tse di nnang teng mo ditheong tsa thutogodimo.”

 

Kantoro ya Tokafatso ya Boleng e tlile go tshwara lenaneo la kokoano ya go kwala la malatsi a le mararo fa gare ga di 25 le 20 tsa Diphalane go kgontsha baakatemi le badiri ba seporofešenale go tlhatlhanya fa ba tsaya karolo mo go direng ditshekatsheko tse di farologaneng tsa boleng mo yunibesiting.

 

Mokgwa ono o ama ditshekatsheko tsotlhe tsa boleng tsa YBB, mmogo le go sekaseka mananeothuto a mo teng ga setheo, ditshekatsheko tsotlhe tsa boleng tsa ka kwa ntle ga setheo, go itshekatsheka, dipegelokarabo le go sekasekwa ke dithaka, dintlha ka tshekatsheko ya Covid-19 le Lekgotla ka tlhatlhobo ya Thutogodimo.

 

Dintlha go ya pele tsa kokoano ya bakwadi

 

Setlhogo sa kokoano eno ya bakwadi sa re, “Go Gatela pele go ya thutong ya tokafatso ya boleng”, mme se tla dirisa Thuto ya YBB ya mokgwa wa Tokafatso ya Boleng jwa baakatemi le tshegetso ya mafapha.

 

Baporofešenale ba ba farologaneng mo tirong ya boleng jo bo kwa godimo jwa thutogodimo, bomankge mo tirong ya go ruta le go Ithuta le badiri ba ba tlhatlhanyang ba tla neela dipuo le mananeo ka ga tiro. Dipuo tseno di tla akaretsa tsela ya go tlhatlhanya ka katlego ka mekgwa-tiro, tsela ya go kwala kanelo e e akanyeditsweng kwa teng le tsela ya go tokafatsa bokgoni jo bo akanyeditsweng kwa teng.

 

Tšhono eno ya tlhabololo ya dikgono tsa seporofešenale e tshegediwa ka madi ke University Capacity Development Grant.

 

Go Rutwa Thuto Efe ya mokgwa wa Tokafatso ya Boleng?

 

Ngaka Mariëtte Fourie, mmenejara wa tsa boleng wa mananeo a akatemi wa Kantoro ya Tokafatso ya Boleng ya YBB, a re mokgwa wa Thuto ya Tokafatso ya Boleng (Scholarship of Quality Enhancement [SQE]) o tshwanetse go boloka tekatekano fa gare ga tlhabololo ya dikgono tsa tiro le go sikara maikarabelo a se motho a se dirileng.

 

”E batla gore badiri ba YBB ba akanye ka kelotlhoko le go sikara maikarabelo a se rona jaaka yunibesiti re se dirang go godisa kgonego ya go atlega ga baithuti le kgono ya rona ya go tlamela baithuti ba rona ka maitemogelo a maemo a a kwa godimo a go Ithuta.

 

O oketsa ka gore mokgwa ono ga se fela wa go ikobelwa ga melao le ditekanyetso-potlana – mme o ka ga go tokafatsa tsela e baithuti ba dirang ka yone mo dithutong tsa bone mme kwa bofelong, go tlhomamisa gore go nna le tsela ya go ruta le go ithuta ya boleng jo bo kwa godimo mo maemong a a ntseng a fetoga.

 

Go ya ka Johan Erasmus, e leng mookamedi wa porojeke ya boleng wa Kantoro ya Tokafatso ya Boleng, re tshwanetse go akanyetsa ka kelotlhoko gore re rulaganya jang maitemogelo a baithuti a tiro ya go ruta le go ithuta, re a tlhama jang le go a tsamaisa jang.

 

“Re tshwanetse go dira jalo gore re rotloetse baithuti gore ba rotloetsege thata le go tshwarega ka dithuto tsa bone. Kwa bofelong, ga ba a tshwanela go nna le diphitlhelelo tsa akatemi fela, mme gape ba nne baagi ba ba tshwaregileng ka tiro, ba ba sikarang maikarabelo a ditiro tsa bone, ba ba tla tokafatsang mekgwa ya mo tirong le go thusa ka kgolo ya ikonomi mo Aforikaborwa.”

Ngaka Mariëtte Fourie o laletsa baakatemi le badiri ba seporofešenale go tla kokoanong ya go kwala e e tshwarwang ka mafaratlhatlha go simolola ka di 25-29 Diphalane. Seno se tla ba thusa go tlhatlhanya fa ba tsaya karolo mo ditshekatshekong tse di farologaneng tsa yunibesiti.