eish! e leboga Mop Dumi go bo a re boleletse ka ga gagwe ka boripana, mme e lebile pele go katlego yotlhe e a tlileng go nna le yone mo Legorong la Dithuto tsa Mekgwa ya Batho. Letela kgaolo ya rona e e latelang; go ka nna ga buiwa ka kholetšhe e o e ratang thata.

 

 

iketleeleditse go lebana le kgwetlho e bile o itumetse

Mop Dumi o

eish! e boditse Dumi gore a itlhalose ka mafoko a marado… tobetsa mo godimo ga ditalama go bona dikarabo tsa gagwe.

Mop Dumi Moyo, modini-mogolo kwa Legorong la Dithuto tsa Mekgwa ya Batho, a re o itumedisiwa thata ke go dirisa nako a lebile tlhago. “Ke kgotsofadiwa thata ke go lema dimela le go tlhokomela diphologolo. Re ka ithuta go le gontsi ka tlhago, fa re ka bona nako.” Senepe: Jethro Longwe.

Mo karolong eno ya rona ya bobedi e e itumedisang ya a re itsaneng, eish! e bua le Mop Dumi Moyo, modini-mogolo yo o sa tswang go tlhomiwa wa Legoro la Dithuto tsa Mekgwa ya Batho.

 

Go tla go fitlha jaanong, seno ke seabe se se gwetlhang go di feta tsotlhe le se se itumedisang thata mo tirong ya gagwe, Dumi o bolela jalo, e bile o lebile pele go etelela pele legoro le le momaganeng sentle le le tlhomologileng thata le le tsibogelang dikgwetlho tsa gompieno tsa go ruta le go dira patlisiso.

 

Dumi o re bolelela ka ga gagwe ka boripana le kwa a goletseng gone.

 

O goletse kae?

Ke goletse mo polasing kwa Zimbabwe, e bile ke akanya gore seo ke sone se dirileng gore ke nne motho yo o ritibetseng maikutlo. Ke nnile le nako e ntsi thata ya go akanya, le go dira dilo ka nako e e siameng ya tsone.

 

O ne o batla go nna eng fa o ne o sa le ngwana?

Ke ne ke sa itse gore a ke nne ramotlakase kgotsa ke dire boenjenere jwa dikhemikhale. Ke ne ke itumedisiwa thata ke go dira le go ribolola dilo tse di ntšha.

 

O ithutetse dithutego tsa gago kae mme leng?

Ke simolotse bontsi jwa dithuto tsa me kwa Zimbabwe. Dikirii ya me ya ntlha e ne e le onase ya padi ya Seesemane, e ke e dirileng ka Seesemane. Ke nnile le lesego la go newa thuso ya madi a go ya go ithutela masetase le gerata ya bongaka jwa dithuto tsa bobegadikgang le ditlhaeletsano kwa Yunibesiting ya Oslo kwa Norway.

 

O tsene jang mo setheong sa thutogodimo?

Ke tsaya gore gantsi go ne go itiragalela fela Mme go ribolola kitso ka dilo tse di ntšha le go e abelana le ba bangwe, go inaakanya le baithuti le go itse gore ke tlisa pharologano mo matshelong a bone gantsi go dira gore ke itumele.

 

Barutabana ba me ba sekolo se segolo ba ne ba gatelela gore ke ithutele dirutwa tsa mekgwa ya batho mo boemong jwa go ithuta disaense tse ke neng ke di rata thata ka nako eo – ke akanya gore seo e ne e le ka ntlha ya bopelotshetlha jwa bone. Se se kgatlhang ke gore, ke itumeletse thata dirutwa tsa mekgwa ya batho mme ke dirile sentle thata mo go tsone. Mme ke fa ke leng teng jaanong.

 

Mafoko a mararo a a go tlhalosang botoka go gaisa a mangwe?

Ritibetse, kutlwelobotlhoko le boikokobetso.

 

Ke motshameko ofe o o o ratang go gaisa yotlhe mme setlhopha sa gago sa motshameko ke sefe?

Ke simolotse ke rata tenese, mme ke ne ke gaisana mo dikgaisanong tsa tenese go fitlha kwa yunibesiting. Ke leka go nna molatedi wa kgwele ya dinao ya dinaga di sele mme ke tla ke salela kwa morago. Ke batla ke dumela gore ke molatedi wa setlhopha sa Manchester City.

 

Lefelo la gago la bojanala le o le ratang thata ke lefe?

Senegal, kwantle ga pelaelo epe. Dakar e ntle thata, go tswa fa sekepe se se neng se rwele makgoba sa hisitori se neng se tswa gone kwa Setlhaketlhakeng sa Goree go fitlha kwa ditoropong tse di tlhanaselang tse di tletseng botaki le setso, kwa dintshing tse dintle tsa mawatle le batho ba ba botsalano.

 

Ke ne ka rotloediwa thata ke dipadi tsa ga Sembene Ousmane le difilimi tsa gagwe, tse di bontshang batho bontle jwa Senegal.

 

O dira eng ka nako ya fa o sa dire sepe?

Ke itshidila mmele. Ke rata thata motsamao wa go itshidila mmele le go ya kwa jiming. Ke rata thata go itse gore ke tsamaile dikgato di le kae ka letsatsi. Gape ke rata go buisa. Ga nke ke nna le nako ya go dira jalo.

 

Ke dijo dife tsa mo Aforikaborwa tse o di ratang go feta tsotlhe?

Fa e se mogodu ke potjiekos. Mme morago jaana, ke sa tswa go lemoga gore malva pudding e tlhodilwe mo Aforikaborwa. Ga e bolo go nna dijo tsa me tse di botshe.

 

Ke nako efe ya bongwana e o e ratileng thata?

Ke ne ke rata go botsa dipotso thata fa ke gola, jaaka ngwana mongwe le mongwe. Ke gopola mothaka mongwe yo o neng a tlile go tsenya motlakase mo polasing ya rona mo malatsing ao. Ke ne ka kgatlhwa thata ke kgakgamatso e a neng a e dira ka megala, mme ke ile ka tshwana le ene kgo! Fa a sena go tsamaya, ke ne ke nna ramotlakase yo a iseng a katisiwe mo polaseng.