Mo YBB re dumela kgopolo ya gore go nna mogolo ke ga rona rotlhe mme ga go a beelwa fela palonyana e e tlhophilweng. Letsatsi le letsatsi, motsotso mongwe le mongwe, re na le bokgoni jwa go nna mogolo go gaisa ka fa re leng ka teng jaanong.

A re nneng
mogolo go gaisa...

Sesupo sa “Go nna mogolo go gaisa” se rotloetsa bana-le-seabe ba rona go gatela pele ka gonne motsotso mongwe le mongwe o na le kgonego ya kgolo le kgatelopele.

Ka fa ba nnileng ‘mogolo go gaisa’ ka gone

Badiri ka rona ba babedi, Jason Beukes le Corné de Wee, ba re bolelela ka fa YBB e dirileng gore ba nne “mogolo go gaisa” ka gone. Supa mo dinepeng go buisa go feta.

Mo bidiong eno, re kopa bana-le-seabe gore ba iteke ka natla, ba lekeletse bokgoni jwa bone le go nna mogolo go gaisa gompieno go feta maabane.

eish! e ne ya botsa Clement Manoko, mokaedi-mogolo wa dikamano tsa kgwebo le go maketa, go re bolelela go le gontsi ka letsholo la “Mogolo go gaisa” le gore “go nna mogolo go gaisa” go lebega jang mo malokong a rona a badiri.

 

“Sa ntlha, ke batla go gatelela gore lona, maloko a rona a badiri, lo setse lo bontshitse boikutlo jwa ‘go nna mogolo ga gaisa’, Clement o bolela jalo.

 

“Leroborobo la Covid-19 le baketse YBB dikgwetlho tse dintsi thata, mme ga lo a kopana le dikgwetlho tseo fela mme lo di fentse.

 

“Ga lo a ka lwa ipona tsapa go lekeletsa mekgwa e mesha gore tiro e wediwe. \Seno ke mooko wa ‘go nna mogolo go gaisa’ jaaka go bontshiwa ke sesupo ka bosone,” o oketsa jalo.

 

Sesupo se re bontsha tsela

 

Sesupo sa “go nna mogolo go gaisa” – lerumo le le lebileng kwa pele – go rotloetsa bana-le-seabe ba rona go gatela pele ka gonne go na le kgonego ya kgolo le kgatelopele.

 

“Kgatelopele eno gantsi ga e dirwe ka dikgato tse dikgolo, mme go na le moo e dirwa ke dikgato tse dinnye. Ka go nna mogolo go gaisa, re batla go go rotloetsa go tsweledisetsa maikutlo ano pele a go nna mogolo go gaisa gompieno go feta maabane kgotsa letsatsi pele ga la maabane,” Clement o bolela jalo.

 

O tlhalosa gore YBB e tlamela ka ditšhono di le dintsi tsa go dira jalo. “E ka ne o tlhokometse pholo ya gago ya tlhaloganyo kgotsa o tsweledisetsa thuto pele, re batla gore o sole tšhono nngwe le nngwe molemo gore o fitlhelele bokgoni jotlhe jwa gago.”

 

Re amogetse kgwetlho eo. A wena o tla e amogela?

 

 



Dintlha go ya pele ka letsholo

 

Letsholo la “Nna mogolo go gaisa” ke la bana-le-seabe botlhe ba YBB, go simolola ka badiri le baithuti go fitlha ka baithuti ba nako e e fetileng le baithuti ba ka moso. Ka letsholo leno, re batla go rotloetsa bana-le-seabe botlhe ba rona go lemoga le go keteka go nna mogolo go gaisa ga bone le ditšhono tse YBB e ba bulelang tsone go ba thusa go nna mogolo go gaisa thata.

 

 

Clement Manoko, mokaedi-mogolo wa dikamano le dikgwebo le go maketa, a re bana-le-seabe botlhe ba tshwanetse go sola ditšhono tsotlhe molemo gore ba nne mogolo go gaisa go feta ka fa ba leng ka teng.Clement Manoko, mokaedi-mogolo wa dikamano le dikgwebo le go maketa, a re bana-le-seabe botlhe ba tshwanetse go sola ditšhono tsotlhe molemo gore ba nne mogolo go gaisa go feta ka fa ba leng ka teng.