Motshameko wa ka gale, maemo a a farologaneng

Kgaisano ya Varsity Cup 2021:

Kgaisano ya motshameko wa rakabii wa seporofešenale e ne e busetsa motshameko ono mo maemong a yone. Sotlhe seno se ne se bakilwe ke Covid-19. Ba ne ba nkgisana magwafa ka tsela ya ka tlwaelo fa 2021 Varsity Cup e ne e boelediwa ka go tshamekelwa mo lefelong le le sireletsegileng mo teng ga motse wa Pretoria. Go simolola ka di 4 Moranang go fitlha ka di 21 Motsheganong, dikgaisano tsa Varsity Cup le Varsity Shield di tshwarelwa ka fa tlase ga mmala o o pududu wa ditlhare tsa Jakaranta tse di kgabisitseng motsemošate wa Aforikaborwa.

 

Go ne ga dirwa diteko tsa Covid-19 dibeke di le nne pele ga kgaisano mme ditlhopha di ne tsa dirwa diteko, kwa thoko gape, mo tsamaong ya kgaisano eno. Mafelo a a neng a tlhophetswe kgaisano eno e ne e le Tukkies Stadium, Tukkies B field le Loftus Versfeld

 

Kgaisano e e sa tshwaneng le epe

 

Varsity Cup e itsege jaaka kgaisano ya baithuti e mo go yone go gaisanang batshameki ba maemo a a kwa godimo ba diyunibesiti gangwe ka ngwana go bona gore komang ka nna mo nageng yotlhe ke mang.  Batshameki ba bantsi ba Springbok ga ba lebale ka fa Varsity Cup e godisitseng bokgoni jwa bone ka gone.

 

Batshameki-bagolo ba motshameko ono jaaka bo Eben Etzebeth, Damian de Allende le ba bangwe ba bantsi ba ile ba tshameka motshameko o o phepa gore ba kgone go tsenngwa mo hisitoring ya rakabii. Varsity Cup e tlhagisa batshameka Springbok ba le 48 le 13 ya  IRB World Cup Winners. Eo ke Kgaisano e e sa tshwaneng le epe,

Motshamekela di Springbok e leng Lood de Jager le Akker van der Merwe ba ne ba tsenngwa mo setlhopheng sa go tshamekela setlhopha sa naga fa ba sena go emela YBB mo kgaisanong ya Varsity Cup,mme go na le baemedi ba le bantsi thata go ka ba umaka ba Currie Cup le ba Super Rugby.

 

Setlhopha sa Eagles sa YBB se ipaakanyeditse go tlhatloga

 

Dinako tse di thata di ne di batla boeteledipele jo bo dirwang ka botlhale me fano ke fa bakapotene ba babedi e leng Lincoln Daniels le mokatisi André Pretorius ba dirang ka natla go tlhomamisa gore di Eagle tsa YBB ba ne ba ntsha ga tshwene gore ba fenye.

 

Ka nako ya gatisa YBB e ne e setse e tshamekile metshameko e metlhano mme ba fentse di le 4.  Mo lokong ba ne ba le mo maemong a botlhano.  Ka lebaka la go tlola melawana ya Covid-19 batshameki ba bararo ba Tukkies ba ile ba tshwarwa ke mogare mme ka ntlha eo nako ya mo gare ga metshameko e ne ya oketswa.  Tonamente e tla tswelela gape ka 17 Motsheganong mme motshameko wa bofelo o tla tshamekiwa ka 31 Motsheganong.

 

Ga wa simololwa ka bontle-ntle jwa one jwa ka gale. Go ne go se tlhole go le dipone le boidiidi jo bo neng bo tle bo nne gone go tla go rotloetsa  baatlelete go ya phenyong. 2021 Varsity Cup e ne e nyeletsa gotlhelele. Go ne go sena balatedi mo teng ga megopo ya bone, go sena ba metswedi ya dikgang. Go ne go tshamekiwa motshameko wa rakabii.