di re sologelang molemo ka gone

DIMELA TSA SETSO

Ka fa

Sceletium tortuosum kgotsa “Kougoed” ga e bolo go dirisiwa ke Ba-Khoisan go ralala dingwaga go alafa mathata a tlhaloganyo.

TOBETSA MO SETSHWANTSHONG GO BUISA GO FETA

Leungo la Marula ke lengwe la maungo a setso a Aforika le le tshwanetseng go akanyediwa go dirisediwa thibelo ya tlhaelo ya dijo. Leungo la Marula (Sclerocarya birrea) le ka bonwa kwa Niger, Burkina Faso, Benin le kwa Aforikaborwa.

TOBETSA MO SETSHWANTSHONG GO BUISA GO FETA

Tota e bile, yunibesiti ya rona – kwa Senthareng ya Ditsamaiso tsa Kitso ya Setso (Senthara ya IKS) – e lejwa e le yone e e simolotseng ditsamaiso tsa Kitso ya Setso ya Aforika mo Aforikaborwa.

 

Senthara ya rona ya IKS ya dirutwa di le mmalwa tse di kopantsweng , tsa mefuta e e farologaneng, e nna le seabe mo dirutweng tsa bolepadinaledi le tsa ditsamaiso tsa pholo go fitlha ka tsa temothuo le tsa thekenoloji, gareng ga tse dingwe. Mosola wa dimela tsa setso ke gore di re ruta ka dilo di le dintsi thata.

 

Ngaka Abiodun Olusola Omotayo, wa lefelo la patlisiso ka ga Go Nna teng ga Dijo le Tshireletso ya Tsone, o dira patlisiso ya go bona gore maungo a tlhago a Aforika a ka dirisiwa jang gore dijo di se tlhaele.

 

Kgonego ya gore semela sengwe sa setso se ka dirisediwa go alafa bothata jwa go tshwenyega thata mo tlhaloganyong ke selo se mankge mongwe wa YBB a batlang go dira patlisiso ka sone, e leng Ngaka Makhotso Lekhooa, motlhatlheledi-mogolo wa DST/NWU wa Go Tlhamiwa ga Melemo ya Kalafi Pele go Dirwa Dipatlisiso tsa Yone (Pre-Clinical Drug Development Platform [PCDDP]).

Khumo e e seng kana ka sepe ka ga kitso ya setso e e neng ya thusa go otla le go fodisa bagologolwane ba rona ka makgolokgolo a dingwaga, e anaanelwa thata ke YBB.