LWANTSHA GO TSHWENYEGA THATA

Banetetshi ba fitlhetse gore mmino o o edileng o fokotsa tlhobaelo e bile o tokafatsa kgono ya go dira mo bathong ba le 264 milione bao –  go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Pholo –  ba nang le bothata jwa go tshwenyega thata mo tlhaloganyong lefatshe ka bophara.

 

Boitemogelo jwa bošeng jaana jwa ga Byron wa dingwaga di le 34 bo netefatsa gore go iphodisa ka mmino tota go a kgonega.

 

A re bothata jwa gagwe jwa go tshwenyega thata mo maikutlong bo simolotse fa totlelelo mo nageng yotlhe e sena go simolola. “Ke ne ke direla mo gae, le fa go ne go lapolosa kwa tshimologong go direla mo tikologong e sele, ke ne ka bonako morago ga moo ka simolola go ikutlwa ke le nosi e bile ke hutsafetse.”

 

Fa a ne a sa tlhole a kgona go golagana le ba lelapa le ditsala, o ne a lemoga gore sengwe se ne se sa tsamaye sentle mme a ya go kopa thuso kwa YBB Wellness. A re dipeelanonako tse a nnileng le tsone le basidila-maikutlo  le ba malwetse a tlhaloganyo di thusitse tota.

 

Go itebaganya le bothata jono

 

Byron ke motho yo o sa bolong go rata go tshameka metshameko ya bidio le go reetsa mmino wa roko o o feteletseng. “Ke rata dilo tsa masaitsiweng, difilimi tse di tshosang, Ditlhamane tsa ga Tolkin le dikgogela le digagabi – dilo tse di jaaka Madiba a a Boteng le Dikgogela,” o bua jalo.

 

Ga go gakgamatse go bo a ile a fitlhela mmino wa roko e le o o  mo fodisang. “Ka nako ya fa ke lwantshana le bothata jwa go tshwenyega thata mo tlhaloganyong, ke ile ka ikutlwa botoka fa ke tshameka mmino wa roko. Ke rata maikutlo a ke nnang le one fa ke tshameka mmino wa roko. Ga se mmino otlhe o o tlisang boitumelo kgotsa khutsafalo. Ka dinako tse dingwe o tlhoka go galefa, mme mmino wa roko o go kgontsha go dira seo sentle.”

 

Diletswa tsa one di tsabakela mo lefifing

 

Fa a ntse a fola, o ne a leka go fetola tsela e a lebang botshelo ka yone, go nna le bokgoni jwa go tlhama le go ithuta dikgono tse di ntšha. Fa a sena go leba dibidio tsa YouTube tsa gore katara e lediwa jang, a simolola go e ithuta mme o na le bokgoni mo go yone jaanong.

 

“Seno se nneile kakanyo ya gore ke dire alebamo e ntsho ya mmino wa roko ya go lwantsha bothata jwa go tshwenyega thata mo tlhaloganyong.” O ne a feleletsa a kwala mafoko a mmino ka ga pholo ya gagwe ya tlhaloganyo, mme a feleletsa a na le alebamo e e supang bothata jwa gagwe ka go tshwenyega thata mo tlhaloganyong.

 

Byron o ne a tlhama mokgabo wa khabara ya yone a bo a e tsenya letshwao le le mo tlhaolang. O ne a tlhopha leina la setlhopha sa mmino a re ke Spectre mme a bitsa alebamo a re Alone. “Ruri ke ne ke ikutlwa e kete go tlhasetse sepoko mo teng ga ntlo ya me, mme setlhogo sa alebamo se bontsha bodutu jwa me.”

 

A re mmino wa roko, e leng one fela mofuta o o tlhalosang ka fa a ikutlwang ka gone, o tsosa maikutlo,  o bua ka dilo tsa boammaaruri, o a tshosa, mme ga o maswe. “Ke batla go gatelela gore ga se mmino o o maswe,” o gatelela jalo.

 

Byron a re go na le ditlhopha di le mmalwa tsa mmino tse di kwalang ka hisitori, dikinane, go ijesa dijo tsa ditiro le bolwetse jwa tlhaloganyo.

 

“Ditlhopha tsa mmino tse di ntsosang maikutlo sentle ke Darkthrone, Immortal and Gorgoroth, mme alebamo ya Transilvanian Hunger ya ga Darkthrone e tlhagisa mmino wa roko sentle ka botlalo. Ke akanya gore alebamo ya me e tlotlomatsa alebamo eo.”

Byron o

Byron o tlhophile setshwantsho seno, ka gonne se tshwantshetsa go latlhega ga gagwe mo sekgweng se se ntsho sa go tshwenyega thata mo tlhaloganyong.

Byron Bunt, motlhatlheledi wa thuto ya hisitori, o re bolelela ka go lwantsha bothata jwa gagwe jwa go tshwenyega thata mo tlhaloganyong le go tlhalosa gore o dirisitse jang mmino wa roko go fenya bothata jo bo masisi jono.

mo tlhaloganyong ka mmino wa roko

  • KA GA ALEBAMO

    Alebamo e Byron a ikgololetseng yone e ka bonwa mo tsebeng ya gagwe ya Bandcamp, mo atereseng ya blackmetalspectre.bandcamp.com.

     

    A re mmino wa roko o ikuela ka tsela e ntle e e kgethegileng, mme gantsi o nyalanngwang le ditshwantsho tse dintsho le tse di tshweu. “Ke tlhophile setshwantsho sa sekgwa, ka gonne ke tsaya gore ke ne ke timeletse mo sekgweng se se ntsho.”

  • DINTLHA GO YA PELE KA BYRON

    “Ke simolotse go tlhoma mogopolo mo go tsa akatemi fa ke ne ke santse ke ithutela go nna morutabana wa hisitori,” Byron o bolela jalo.

     

    O tlhagafaletse hisitori thata mme o simolotse go o rata thata fa a ne a tshameka bidio ya metshameko ya Age of Empires, mme jaanong o tsenyeletsa dibidio mo ditlhatlhelelong tsa gagwe. Gape o kgatlhwa ke mafelo a a jaaka Rome, Egypt le Babylon, mafelo a a nang le hisitori e e botlhokwa thata.

Fa a na le bothata jwa go tshwenyega thata mo tlhaloganyong, motlhatlheledi wa serutwa sa hisitori e leng Byron Bunt o bona thuso ya gagwe mo lefapheng la Wellness la YBB le go e bona gape go tswa motsweding o o neng o sa lebelelwa gotlhelele: mmino wa roko.