Kopano yam o Inthaneteng, webinara, e ne ya rulaganngwa mme ya tshwarwa ke motsamaisi wa matlole a kalafo, 4D Health ka tirisanommogo ya lefapha la Boitekanelo jwa YBB. Tobetsa mo setshwantshong se se fa godimo go bona kitso e nngwe ka ga meento ya Covid-19.

Fa e sa le leroborobo la Covid-19 le runya, mmedia wa botsalano o tletse magatwe a a seng boammaaruri ka bolwetse jono, morago jaana dikgang tsa teng di ka ga  meento e e farologaneng e e tlhamilweng.

Patlisiso e nnye fela e tlhagisa bontsintsi jwa dikgopolo tse di seng boammaaruri tsa ka boomo tsa ba ba leng kgatlhanong le moento tse di bontshang go belaela ga bone tshireletsego le ditlamorago tse di siameng tsa meento eno e bile ba bontsha gore go entiwa go ka fetola DNA ya gago kgotsa ga tsenya sedirisiwa mo mading a gago sa go go tsaya ka motlhala.

 

Le fa diketekete tsa badiredi ba pholo mo Aforikaborwa ba setsa ba entilwe go tla go fitlha gompieno, go santse go na le batho ba ba dumelang magatwe a a seng boammaaruri ka meento eno. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Wellness ya YBB, e rotletsa batho go dira ditshwetso ka kitso.

 

Mo ngwageng o o fetileng lefapha leno le ne la tshwara ditiragalo di le mmalwa le ditlhatlhelelo tsa maloko a setšhaba go ruta badiri le baithuti ka Covid-19 le meento e e farologaneng e e tlhamilweng.

 

“Go na le tshedimosetso e ntsi e e seng boammaaruri mo teng ga mmedia wa botsalano ka ga Covid-19 ka kakaretso le ka meento,” go bolela jalo Bonita Maboeta, mankge-mogolo wa lefapha la wellness. “Re kopa gore badiri le baithuti ba rona ba dire ditshwetso ka kitso ka ga meento le go ithuta mo go bomankge ba ba dirang ka yone ka go atlega le go sireletsega ga yone.”

 

A re ba tlile go tswelela ka letsholotemoso le go rotloetsa botlhe go tsaya karolo mo go lone.

 

Kitso ke maatla

 

Mo dithutanong tsa inthanete tsa bošeng jaana ka ga meento e e farologaneng ya Covid-19, Mop Guy Richards, mop wa go okiwa ga malwetse a a tseneletseng kwa Yunibesiting ya Witwatersrand, o gateletse gore go na le bosupi jo bo lekaneng jwa gore meento eno e a atlega.

 

Le fa meento e ne ya tlhamiwa ka bonako fa e bapisiwa le meento e mengwe, ditsela tsotlhe tse di tseneletseng tse di batlegang tsa go tlhatlhoba gore a meento eno ga e kotsi gore e tle e rebolwe di ne tsa dirwa le go konosediwa ke bathati ba tsa pholo ba Amerika le ba Yuropa.

 

Guy o ne a tlhalosa mefuta e e farologaneng ya meento ka tsela e e tseneletseng, go akaretsa le ka fa e dirang ka gone, le go atlega mmogo le go sireletsega ga yone. A re maloko a setšhaba a tshwanetse go gopola gore mesola ya go entiwa e gaisa kgakala kotsi epe e moento o ka tswang o na le yone.

 

“Le fa baithuti ba ba ithutelang booki le badiri ba ka se ka ba patelediwa go entiwa, ba le mmalwa ba bone mo YBB ba entilwe,” go bolela jalo Ngaka Matsipane Molekodi, mokaedi wa Sekolo sa Booki sa Khamphase ya Mahikeng.

 

“Rona ba Sekolo sa Booki, re diragaditse boikarabelo jwa rona jwa go itsise le go ruta baithuti ba rona le badiri ka meento,” o bolela jalo.

 

Mo dinakong di tshwana le tse, fa magatwe a a seng boammaaruri a anama, YBB e diragatsa boikarabelo jwa yone jwa go dira gore baagi ba itse pharologano fa gare ga boammaaruri le maaka.

 

Go ne ga rulaganngwa dithutano tsa inthanete mme tsa tshwarwa ke sekema sa rona sa thuso ya tsa kalafi, 4D Health, se dirisana mmogo le lefapha la YBB la Wellness. Tobetsa setshwantsho se se fa godimo go ithuta go ya pele ka meento ya Covid-19.

 

MOENTO WA COVID-19:

a re direng ditshwetso ka kitso