DIKABELO

SEABE MO BAAGING BA 'DIKAO DI TLOMOLOGILENG’

YBB e tlotlomatsa go nna le

Fa e le gore go abela ba bangwe dilo go tshwana le atshe e ntle, tiro ya go tlhomelela ba bangwe yone ke setshwantsho se se takilweng sa maemo a a kwa godimo. Bošeng jaana, YBB e ne ya tlotlomatsa baakatemi ba le sometharo ka ntlha ya go tlhaa ga bone "dikai tse di tlhomologileng” ka go abela maloko a baagi kitso ya bone.

Ba ne ba akgolelwa tiro ya bone ya bonatla ka nako ya tiragalo e e neng e tshwerwe ka inthanete – Moletlo wa Diawate tsa tiro ya Boleng jo bo Kwa Godimo ya YBB ya Go Nna le Seabe mo Baaging (Community Engagement [CE]) –  ka di 31 Mopitlwe.

 

Motlatsa-Mokanseliri, e leng Mop Dan Kgwadi, o ne a akgola baamogedi botlhe ba tsone. O ne a re o eletsa e kete ba ka rotloetsa ba bangwe gore le bone ba nne babatlisisi le ba tlhamosešwa, barutabana ba ba tshwaregileng le batsenya-tirisong thulaganyo ya go ithuta.  O ne a ba rotloetsa gore ba nne baagi ba tsa kgwebo mo baaging , ba se ka ba abelana maitemogelo a bone le batho ba maemo a a kwa tlase fela mo baaging, mme gape ba a abelane le badirisani mmogo ba diintaseteri le diyunibesiti tse dingwe.

 

Mop Marilyn Setlalentoa, mothusa motlatsa-mokanseliri wa go nna le seabe mo baaging le wa ditiro tsa Khamphase ya Mahikeng, a re go nna le seabe mo baaging kwa YBB go a gola, mme jaaka Yunibesiti e e di gogang kwa pele re ne ra tshwanelwa ke go tlhomamisa gore kitso e e seng kana ka sepe e e neng ya e tlhagisa e ne e diretswe go solegela molemo baagi ba e dirang mo go bone.

 

A re nneng yunibesiti e e tshwaregileng

 

Fa Marilyn a ne a bodiwa ka diawate le ka go nna le seabe mo baaging kwa YBB, a re o motlotlo ka botlhe ba ba amogetseng diawate.

 

“Diawate tseno di re bolelela sengwe ka boleng jwa tiro ya bone ya maemo a a kwa godimo, le ka go rata batho thata ga bone le ka boikemisetso jwa bone jwa go dirisa kitso ya bone  go tlisa pharologano mo matshelong a ba bangwe.”

 

O tlhalosa gore jaaka yunibesiti e e tshwaregileng thata, ditiro tsa rona tsa go nna le seabe mo baaging di tsamaisana le tiro ya rona ya go ruta le go ithuta le ya patlisiso.

 

“Ditiro tsa rona ga di a tshwanela go dirwa ke batho ba le bangwe fela. E tshwanetse go nna tsa tshedimosetsano fela, tse di akaretsang go ruta le go ithuta e seng se le sengwe fela sa tseno, mmogo le patlisiso ka ga baagi mo tikologong, go e dira le bone le go e dira mo go bone, mme ke akgola le go leboga baamogedi ba diawate tsa rona go bo ba fitlheletse seno.

 

O ne a ba eleletsa tsotlhe tse di molemo ka isagwe ya bone le diphelelo tse di molemo tseo botlhe ba neng ba solofetse gore ba tlile go nna le tsone ka mowa wa ubuntu.

 

Mme bafenyi ba kgaisano e ne e le…

 

Mefuta ya go thusa e e neng ya lemogwa ya ditlhopha tse di farologaneng e ne e le:

 

Mop Marilyn Setlalentoa, mothusa motlatsa-mokanseliri wa go nna le seabe mo baaging le wa ditiro tsa Khamphase ya Mahikeng, a re go nna le seabe mo baaging kwa YBB go a gola, mme jaaka Yunibesiti e e di gogang kwa pele re ne ra tshwanelwa ke go tlhomamisa gore kitso e e seng kana ka sepe e e neng ya e tlhagisa e ne e diretswe go solegela molemo baagi ba e dirang mo go bone.

  • GO NNA LE SEABE MO GO TSA PATLISISO:

    Mop Juaneé Cilliers

    yo pele e neng e le wa Legoro la Disaense tsa Tlhago le Temothuo, wa Porojeke ya Tlhabololo ya Ditorotswana, saense le tlhaeletsano.

    Mop Leenta Grobler le Ngaka Henri Marais

    wa Legoro la Boenjenere jwa sediriso sa TjopTjop sa go tlhatlhobelwa Covid-19.

  • GO TSHWAREGA KA GO RUTA LE GO ITHUTA:

    Mop Carisma Nel le
    Ngaka Elma Marais

    wa Legoro la Thuto la Tlhabololo le Tokafatso ya Dikgono Tsa Go Ruta le Go Ithuta: Ditiro tsa Tiro e e Kopantsweng ya go Ithuta (Work-Integrated Learning [WIL]).

     

    Ngaka Corné van der Vyver

    wa Legoro la Thuto la go nonotsha baagi ka go lotlega dikgang jaaka leano la go ruta.

  • GO TSHWAREGA KA GO RUTA LE GO ITHUTA LE GO TSWA LETSHOLO:

     

    Moh Lorraine Erica Derbyshire

    wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi la ditiro tse di farologaneng tsa go nna le seabe mo baaging tsa Sekolo sa Bobalamatlotlo.

  • GO TSHWAREGA KA PATLISISO LE GO ABELANA BOKGONI LE BA BANGWE:


    Mop Josef de Beer

    wa Legoro la Thuto la Barutabana ba ba sa Thijweng ke Melelwane: Go tlhoma dilaboratori tsa bonetetshi tsa kitso ya setso mo dikolong tsa metseselegae.


    Ngaka Marinda Neethling

    wa Legoro la Thuto wa porojeke ya go nna le seabe mo baaging go tshegetsa barutabana ba ba santseng ba ithutela tiro mo Kgaolong ya Umzinyathi.

  • GO ABELANA BOKGONI:

     

    Mop Riaan de Jongh

    wa Legoro la Disaense tsa Tlhago le Temothuo yo o tshwaregileng ka go nna le seabe mo baaging botshelo jotlhe jwa gagwe go thusa intaseteri ya ditirelo tsa ditšhelete ya Aforikaborwa


    Moh Kgomotso Mopalami

    wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi wa tlhabololo ya Lenaanetlhatlhobo la Modiri wa SABPP HR .

  • GO ABELANA BOKGONI LE GO TSWA LETSHOLO:

     

    Ngaka Kezell Klinck

    wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi wa Go Nna le Seabe mo Baaging.

     

    Mop Mulunda Mwanza

    wa Legoro la Disaense tsa Tlhago le Temothuo le Lenaneo la Pholo ya Diphologolo mo baaging.

“Ka go fana ka  kitso le boitseanape jwa me go ntetlelela go abela go thusa go oketsa maphelo a merafe ka bophare.

 

“E nngwe ya dipinagare tsa borutegi jwa HR ke go fa morafe ditiro. Ka jalo, ke tsaya boikarabelo jwa me jwa go arabela loago,  mme fa ke dira jalo, ke ikutlwa ke kgotsofetse ka ke tlisa phetogo mo morafeng ka bophara mm eke tlhomamisa gore batho ba ke fitlhang kwa go bone ba a rutega.”

 

- Kgomotso Mopalami,
Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi.