Bontsi jwa rona re a itse gore re tshwanetse go nna kelotlhoko ka ga go bula diimeile tse di re kopang go bula linki, mme ka dinako tse dingwe menwana ya rona e bonako go gaisa boboko jwa rona mme pele o lemoga gore ke linki ya bogodu jwa tshedimosetso, o setse o butse linki eo ya boferefere le go wela mo kotsing ya go direlwa bonokwane jwa mo inthaneteng.

A ya gago e ne ya utswiwa?

TSEPA GO

KE LETSHOLO KA IMEILE YA BOGODU JWA TSHEDIMOSETSO:

Géna Thompson ke mosekaseki wa dikgwebo wa Ditharabololo tsa Akatemi le tsa Ofisi wa lefapha la IT.

Letsholotemoso la bosheng jaana ka ga tshireletsego ya mo inthaneteng le teng ka fomete ya mo inthaneteng ya pothale ya katiso e maloko a badiri ba ka e dirisang nako nngwe le nngwe. Setlhogo sa diteng tsa katiso ke “Go sireletsega mo inthaneteng kwa gae,” mme e na le diteng ka ga imeile ya bogodu jwa tshedimosetso ka gonne go santse go le botlhokwa gore botlhe ba kgone go lemoga imeile ya bogodu jwa tshedimosetso e ba ka e romelelwang.

Ka di 11 Tlhakole, lefapha la IT la YBB le ne la romela “linki ya go utswa tshedimosetso” go bona gore badiri ba rona – e leng yunibesiti ka boyone – ba mo kotsing go le go kae ya go tshwarwa ke maretshwa ano.

 

eish! e ne ya bua le mosekaseki wa dikgwebo Géna Thompson ka ga letsholotemoso la IT la Imeile ya Bogodu jwa Tshedimosetso.

 

P: Sa ntlha: imeile ya bogodu jwa tshedimosetso (phishing email) ke eng mme ke bogodu jwa mofuta mang joo?

K: Imeile ya bogodu jwa tshedimosetso ke mofuta wa imeile e mo go yone dinokwane di itshemang go nna mekgatlho mengwe ya boammaaruri ka boikaelelo jwa go utswetsa batho tshedimosetso ya bone ya poraefete, jaaka dikhunololamoraba.

 

Lefoko “phish” le raya imeile ya bogodu e e nang le satsaya-ka-motlhala e bo e bega maloko a rona a badiri ao a ileng a inaakanya le imeile eno.

 

P: Goreng go ne go tlhokega gore lo dire Letsholotemoso la Imeile ya Bogodu jwa Tshedimosetso?

K: Boikaelelo e ne e le go bona gore re mo kotsing go le go kae jaaka setheo ka ntlha ya go inaakanya ga badiri le diimeile tse di ka romelwang tsa bogodu jwa tshedimosetsano. Gape re ne re batla go itse gore a go ne go tlhokega gore re dire matsholotemoso a mangwe a katiso go ya pele le a tshireletsego ya mo inthaneteng gore re itshireletse kgatlhanong le bonokwane jwa mo inthaneteng.

 

Le fa lefapha la rona le na le mekgwa ya go sireletsa maloko a badiri mo diimeileng tsa bogodu jwa tshedimosetso, di le mmalwa tsa tsone di a fitlha kwa mobokoso-kgorogelong a bone, ka jalo go botlhokwa gore ba kgone go lemoga imeile ya bogodu jwa tshedimosetso. Fa o tobetsa fa, o tla bona imeile ya bogodu jwa tshedimosetso e re e romeletseng badiri, gape o tla bona maele a le mmalwa a gore o ne o tla lemoga jang gore e ne e se imeile ya boammaaruri.

 

P: Dipholo tsa go romela diimeile tseno e ne ya nna dife?

K: Maloko a badiri a ne a romelelwa diimeile di le 4 966, mme mo ureng ya ntlha, badirisi ba le 209 ba ne ba bula imeile ba bo ba tobetsa linki ya imeile ya bogodu jwa tshedimosetso. Seno se bontsha ka fa tlhaselo eno e ka anamang ka bonako ka gone mo netewekeng yotlhe. Kwa bofelong, 799 ya badiri ba ne ba ile ba bula imeile eno le go tobetsa linki ya yone fa letsholo leno le sena go fela beke morago ga moo.

 

P: Go ne ga direga eng fa batho ba sena go bula imeile eno?

K: Mo sekaing seno, ga go a direga sepe fa maloko a badiri a ne a bula imeile ya bogodu jwa tshedimosetso. Le fa go ntse jalo, fa ba sena go tobetsa linki ya imeile, go ne go le motlhofo go ba tsaya ka motlhala le go bona tshedimosetso ya bone. Morago ga moo maloko ano a badiri a ne a romelwa kwa tsebeng ya Letsholotemoso la rona la Imeile ya Bogodu jwa Tshedimosetso e e nang le dintlha tsa katiso ya mo inthaneteng. Mo badiring ba le 799, ba le 266 ba ne ba wetsa katiso eno ya mo inthaneteng.

 

P: Ditlamorago e tla nna dife fa maiteko a bogodu jono a atlega?

K: Seno se ka nna  le ditlamorago tse di sa siamang tsa ditšhelete mo badiring, kgotsa mo yunibesiting.

 

Fa moutswa-tshedimosetso a kgona go tsena mo tshedimosetsong ya akhaonto ya banka ya leloko la badiri, madi a motho yoo a ka kgona go utswiwa. Tlhaselo ya bogodu jono gape e ka tshwaetsa neteweke ya YBB ka karolofefo ya khomphiutha e e batlang go duelelwa pele, e leng karolofefo e e notlelang difaele. Morago ga moo motlhasedi o tla bo a batla thekololo ya gore o kgone go fitlhelela tshedimosetso ya gago.

 

Ka go tobetsa  konopo gangwe fela, dinokwane gape di kgona go bona gore ke tsamaiso efe ya khomphiutha e o e dirisang le gore o dirisitse diborausara dife tsa webo mo didirisiweng tsa gago. Ka sekai, badirisi ba le 22 ba ba neng ba tobetsa linki eo ba ne ba na le tokololo e e bokoa ya Firefox, e e ka nnang ya sutlhelelwa fa ditlhaselo di dirwa gape.

 

P: A o kgotsofaletse go atlega ga letsholo leno?

K: Re eletsa e kete go ka bo go sena le fa e le modiri a le mongwe yo o ileng a tobetsa linki eno ya imeile – selo se se neng se ka se ka sa direga. Le fa go ntse jalo, letsholo leno le re neile tshedimosetso e e mosola le go re lemotsha gore re tshwanetse go tswelela pele re ruta badiri ba rona go lemoga diimeile tsa bogodu jwa tshedimosetso le ka fa diimeile tseno di leng kotsi ka gone.