ga ga Liezel

LEBAKA LA GO KGETHEGA

Moithuti yono wa ngwaga wa bone wa khemisi kwa YBB o ntsha ga tshwene mo go se a se dirang. Mo lefatsheng. Ka tsela ya mmatota. Ka metlha. Ga go na motho yo o kileng a taboga 800 m ya setlhopha sa T37 ka lebelo jaaka ene. O weditse kgaisano e kgolo eno la ntlha ka 2008 gone mono gae pele a tokafatsa rekoto ya gagwe ka 2018.

 

Liezel o na le cerebral palsy (kgobalo ya boboko, go sa tsamaisaneng ga methapo ya mmele, go sa kgone go bua sentle) mme o itlhokomolosa seo ka go nyenya fela fa a bolelelwa gore seno ke bolwetse mo go ene.

 

Ka 2016 o ne a le leloko la setlhopha sa  SA Paralympic ba ba neng ba tsaya karolo kwa dikgaisanong tsa Rio de Janeiro. O ne a fitlha kwa dikgaisanong tsa makgaolakgang a 100m le 400m. Bagaisani kgatlhanong le ene ba itumelela gore 800 m ga se kgaisano ya Diolimpiki.

 

Letsatsi la go fetoga ga botshelo jwa gagwe

 

Dikgaisano tseno, tse go iseng go nne le ope yo o mo gwetlhileng mo go tsone, ga di phimole diteko tse a neng a tshwanelwa ke go di itshokela fa a ne a le dingwaga di le tlhano ka letsatsi la fa botshelo jwa gagwe bo ne go fetoga gotlhelele.

 

O ne a ngatega, botlhoko thata. Seno se diregile morago ga lenyalo la ntsalaagwe kwa East London le a neng a le moetsana yo mmotlana mo go lone. Morago ga moo, o ne a utlwa a na le tsibikelo, ya gola, mme fa a thanya, ke fa a sa kgone go tsamaisa malokololo.

 

“Ke gopola sengwe le sengwe mo letsatsing leo,” o gakologelwa jalo, kwantle ga go ikutlwela botlhoko. “Ke a itumela; fa go ka bo go diregile moragonyana mo botshelong, go ka bo go nnile maswe thata.”

 

Sesupa sa go tlhatlogela godimo jaaka ntsu

 

Ba lelapa la gaabo, segolobogolo bomogolowe ba babedi ba basimane, ba ne ba rata metshameko thata mme o ne a kgona mmaagwe fa a mo raya a re le ene a ka kgona go ntsha ga tshwene mo metshamekong. Mmaagwe o ne a dumela mme ga nna fela jalo.

 

“Ke ne ka simolola go ikatisa le dithaka tsa me kwa sekolong mme fa ke le go Mophato 7 ke ne ka utlwa gore go ne go na le dikgaisano dingwe tse bana ba ba nang le bogole ba neng ba ka gaisana mo go tsone.” Moithuti yono wa materiki wa kwa Wesvalia kwa Klerksdorp, e ne e le sesupo sa go tlhatlogela godimo ga ntsu. Mme o ne a dira fela jalo.

 

Mme jaanong o gabile Dikgaisano tsa Bagolofadi tsa 2021 kwa Tokyo, Japan O letetswe ke kgaisano e kgolo teng.

Liezel Gouws, yo o nang le cerebral palsy, ke sesupo sa go kgotlhelela.

“Ke a itumela; fa go ka bo go diregile moragonyana mo botshelong, go ka bo go nnile maswe thata,” go bolela jalo moithuti yono wa khemisi le moatlelete e leng Liezel Gouws, a gakologelwa letsatsi la go fetogela ruri ga botshelo jwa gagwe.

Gopola leina Liezel Gouws. Ke leina le le se kitlang le lebalwa mo hisitoring.

LEBAKA
LA GO KGETHEGA