Ditlamorago tse di seng monate tse leroborobo la Covid-19 le nnileng le tsone le matshwenyego a a seng kana ka sepe a mogopolo ao baporofešenale ba tsa kalafi ba Aforikaborwa ba nnileng le one di nonotshitse fela thata maikemisetso a YBB a go tlhoma sekolo sa tsa kalafi mo Porofenseng ya Bokone-Bophirima.

“Go tshwara kopano le batlhankedi ba porofense e nnile kgato e nngwe e e botlhokwa mo thulaganyong eno ya go tlhoma sekolo sa tsa kalafi se se tlhomologileng se se ntšha se se sa tshwaneng le sepe. Se tlile go kgona go tlhagisa palo e e oketsegang ya baporofešenale, dingaka tsa kalafi tse di tshwanelegang tse di nang le dikgono tse di maleba tsa go thusa baagi ba ba dirang mo gare ga bone, go tlamela ka katiso e e sa tureng le e e tshwarelelang.”

 

- Mop Awie Kotzé, modini-mogolo, wa Legoro la Disaense tsa Pholo

 

 

SEKOLO SA TSA KALAFI

Kopano e e neng e sa bolo go letelwa fa gare ga yunibesiti le puso ya porofense e feletse ka gore go tlhamiwe setlhopha se se tla tshwaraganelang tiro ya go feleletsa dithulaganyo tsa bofelo tsa go tlhomiwa ga sekolo sa tsa kalafi kwa YBB.

 

Ka di 26 Mopitlwe 2021, Ngaka Bismark Tyobeka, modulasetulo wa Lekgotla, Mop Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseliri, le Mop Awie Kotze, modulasetulo wa Legoro la Disaense tsa Pholo, ba ne ba kopana le Tona ya Bokone Bophirima e leng Mop Job Mokgoro le maloko a a maemo a a kwa godimo a komitikhuduthamaga.

 

Kwa kopanong eno, go ne ga dirwa tshwetso ya go tlhoma setlhopha se se tla tshwaraganelang tiro ya setegeniki go tokafatsa le go nonotsha thulaganyo ya go tlhomiwa ga sekolo sa tsa kalafi mo YBB.

 

“Batlhankedi ba porofense ba ne ba bontshiwa thulaganyo e e tlhabolotsweng ya kgwebo mme go ne ga tlotlwa ka dintlha tsa botlhokwa thata go nonotsha thulaganyo eno go ya pele. Porofense ya Bokone Bophirima e ne ya boa gape ya tshegetsa sekolo sa tsa kalafi ka botlalo,” go tlhalosa jalo Awie, yo sekolo sa tsa kalafi  se go lebeletsweng gore se nne gone se tlileng go nna karolo ya legoro la gagwe.

 

Dilo tse ba di kgatlhegelang mmogo

 

Setlhopha sa tiro se se ntšha sa botegeniki se tla tlhoma mogopolo ka bonako mo dilong di le mmalwa tse ba di kgatlhegelang mmogo. Di akaretsa go aga tirisanommogo e e nonofileng fa gare ga Sekolo sa Booki sa YBB, Kholetšhe ya Porofense ya Booki, badiri ba ba katisiwang ba tlhokomelo ya pholo mo baaging ba tla nonotsha thulaganyo ya katiso ya tsa kalafi le go tlhaola diporojeke tsa patlisiso tse di ba solegelang molemo botlhe.

 

“Eno ke kgang e re tlileng go e sala morago ka gonne re dumela fela thata gore sekolo sa tsa kalafi sa YBB se tla tlamela baithuti ba ka moso ba YBB le maloko a setšhaba ka dilo tse ba di tlhokang, tse di jaaka ditšhono tsa go ikwadisa le pholo e e siameng ya maloko a setšhaba mo nageng ya rona,” Ngaka Bismark o ne a tshwaela jalo morago ga kopano ya Lekgotla ka di 18 Mopitlwe 2021.

 

Ka ntlha tlhokego e e golang ya baporofešenale ba tsa kalafi, YBB e mo maemong a a siameng a go tlamela ka tlhokego e e potlakileng eno e seng fela mo Porofenseng ya Bokone Bophirima, mme mo Aforikaborwa le mo kgaolong yotlhe.

 

YBB e dumela gore e dirile tshitshinyo ya boleng jo bo kwa godimo ya go rulaganyetsa sekolo sa tsa kalafi se go tshitshintsweng gore se tlhomiwe. Setheo se na le tsholofelo ya gore le fa go tsamaisa sekolo sa tsa kalafi go ja madi a mantsi, YBB e tla kgona go tlhoma sekolo seno le go boloka ditshenyegelo tsa go se tsamaisa di le kwa tlase kwantle ga go dira gore boleng jwa katiso le jwa ditlamorago tsa teng bo wele kwa tlase.

 

Kgonego ya go tlhoma sekolo sa tsa kalafi e ne ya tshitshinngwa bogologolo ka 2006 mme kgatelo pele ya go se rulaganyetsa e ne ya dirwa ka 2017 .

 

Mo ngwageng o o fetileng, YBB e ne ya tshwara dithutano tsa inthanete tse di neng di tlhomolola ka fa badiredi ba tsa kalafi ba tlhokegang thata ka gone, segolobogolo dingaka tsa kalafi, go tsenela tiro eno ngwaga mongwe le mongwe. Tlhaelo ya dikgono tsa tiro ya kalafi e nnile maswe le go feta mo nakong ya ga jaanong jaana ya leroborobo la Covid-19.

Tobetsa mo ditshwantshong go buisa go feta

sa YBB se a tlhamiwa

Mop Awie Kotzé ke modini-mogolo wa Legoro la Disaense tsa Pholo le sekolo sa tsa kalafi se tlileng go dira ka fa tlase ga lone.