Baeteledipele ba baithuti e leng Teboho Siziba, Heinz Schoeman-Struwig le Theo Seepamore ba tsere senepe le Mop Dan Kgwadi (Motlatsa-Mokanseliri), Ngaka Bismark Tyobeka (Modulasetulo wa Lekgotla) le Mop Marlene Verhoef (Mokwadisi).

Baithuti ba YBB ba buile. Morago ga ditlhopho tse di atlegileng tsa boeteledipele jwa baithuti tsa 2019/20, mo go nngwe le nngwe ya dikhamphase tse tharo, go tlhophilwe baeteledipele ba ngwaga wa dithuto o o tlang.

 

eish! e buile le ba le bararo ba e tlileng go nna baduladitulo, Theo Seepamore (Mahikeng), Heinz Schoeman-Struwig (Potchefstroom) le Teboho Siziba (Vanderbijlpark), ka ga tiro ya bone ya boeteledipele.

 

 

A o ne o itse?

 

Theo ke molatedi yo o tlhagafetseng wa metshameko e bile o kile a nna mothusa-mokatisi wa setlhopha sa Khayelitsha Residence a bo a nna le mokatisi-mogolo wa Lost City Residence kwa Mahikeng. Gape o ne a le mmenejara wa setlhopha sa khamphase sa tlelapa ya diaerobiki.  Ka nako ya fa a sa dire sepe, o rata go thuma, go dira diaerobiki le go tshameka pool. Setlhopha se a se ratang go di gaisa tsotlhe ke Kaizer Chiefs.

 

Mo godimo ga go nna moeteledipele wa baithuti, Heinz gape ke rakgwebo yo o tsweletseng pele sentle e bile ke mokwala-dintlha mo teng ga mmedia wa botsalano. O na le diaparo tsa leina la gagwe tse a di rekisang, tse di bidiwang Heinzsight Clothing.  Leina la gagwe la mmedia wa botsalano ke @inHeinzsight  mme o ka kgona go mo sala morago ka Twitter le ka Instagram.

 

Teboho o rata go buisa mme nopolo e a e ratang go di gaisa tsotlhe ya boeteledipele e tswa mo dikwalong tsa ga Norman Vincent Peale, tona ya Amerika le mokwadi yo o itsegeng ka buka ya gagwe ya go nna le maikutlo a a siameng a go akanya.  “O se inyatse! Nna le tumelo mo dikgonong tsa gago! Fa o sa dumele mo maatleng a gago ka boikokobetso le ka tsela e e lekalekaneng sentle ya go se inyatse, ga o ka ke wa atlega kgotsa wa itumela.”

 

 

Go gatela pele mo tirong ya baithuti ya boeteledipele

Le fa ba tswa mo maemong a a sa tshwaneng a botshelo, go na le sengwe se ba bararo bano ba ba tlhophetsweng tiro ya boeteledipele ba tshwanang ka sone.

Botlhe ba ile ba nna maloko a mekgatlho ya akatemi le ya baithuti fa ba ne ba simolola dithuto tsa bone mme ba diragaditse diabe tse di farologaneng tsa tiro ya boeteledipele.

Mo go tsa akatemi, ba diragaditse diabe tse di jaaka go emela phaposi, go tlhaba ba bangwe botlhale wa tsa akatemi mo go tsa akatemi, go nna bathusa-batlhatlheledi le bathusa badirapatlisiso.

Mo kgannyeng ya taolo ya baithuti, ba ne ba tlhophiwa go nna maloko a makgotla a khamphase mongwe le mongwe kwa khamphaseng ya gagwe, a komiti ya kago ya bonno le a mafapha a mangwe a a jaaka a ditlelapa tsa metshameko le dikomiti tsa botsweretshi le setso.

Molemirui wa kgwebo, wa tlhabololo ya dikago le motlhatlheledi

Theo, yo o belegetsweng kwa Motseng wa Diretsane wa Porofense ya Bokone Bophirima, o tshwaragane le dikirii ya gagwe ya masetase ya temothuo e e amanang le saense ya dimela, e bile o itumelela thata go bo a kgona go itlhomelela go nna molemirui yo o atlegileng wa kgwebo.

Heinz, yo o belegetsweng kwa Sandton mme a golela kwa Bryanston, o dumela gore dipharologano di natetsha botshelo. O na le dikirii ya BA ya tlhamo le taolo le dikirii ya onase ya tsamaiso ya bosetšhaba le taolo, mme o ithutela dikirii ya masetase ya saense ya tikologo le saense ya tshekatsheko ya kotsi e masetlapelo a tlileng go nna le yone. Heinz a re o akanyetsa go ithutela tiro ya tlhabololo ya ditsha.

Leloko la boraro mo borarong jono, e leng Teboho, ke moithuti wa ngwaga wa bofelo yo o ithutelang go nna morutabana yo o iponang a wetsa PhD ya gagwe mo dingwageng di le tlhano tse di tlang. O dumela gore ka go tswelela pele a ithuta, o tla kgona go ipaya mo boemong jo bo siameng jwa gore a kgone go tlisa diphetogo tse di molemo mo kokomaneng ya baša.

Mekgele ya 2020

Fa ba botswa ka mekgele ya bone ya ngwaga o o larileng kwa pele, boraro jono bo a dumalana: ba batla go direla setheo sa baithuti sa YBB ka tlhagafalo le ka boineelo. Botlhe ba dumalana le molaomotheo wa go etelela pele jaaka batlhanka le go bolelela botlhe keletso ya bone ya go direla yunibesiti ba le seoposengwe le go diragatsa boeteledipele jwa tlhamosešwa.

Teboho o sobokanya gotlhe ka go re: “Re abetswe seabe sa go tlhofofatsa taolo ya baithuti mme re tla dira jalo ka seriti, ka tlhagalo le ka boipelo.”