Go ya ka dipalopalo tsa puso, kankere ya mabele ke kankere e e tshwarang thata basadi ba basweu le ba Ma-Asia go bo go latela basadi ba bantsho le Ma-Khalate.

 

“Ke lone lebaka la go bo letsholotemoso le le jaaka la Kgwedi ya Letsholotemoso la Kankere ya Mabele le le botlhokwa thata,” go bolela jalo Mop Welma Lubbe wa Sekolo sa Booki. E re ka a fentse kankere ya mabele ka boene, a re go na le ditlhopha tse di farologaneng tse basadi ba ba fitlhetsweng ba na le kankere ya mabele morago ga tlhatlhobo ba nnang maloko a tsone, ka sekai, disenthara tsa tlhokomelo tsa CANSA.

 

Metswedi e mengwe e e botlhokwa ya tshedimosetso le kemonokeng ke diwebosaete tsa Pink Drive le Breastcancer.org.

 

E re ka Kgwedi ya Diphalane ya Letsholotemoso la Kankere ya Mabele e santse e le foreše mo megopolong ya rona, Mop Welma Lubbe wa Sekolo sa Booki o re bolelela kgang ya gore o fentse kankere ya mabele jang. Gape o re bolelela gore ke eng fa go lemogwa ga yone go sa le gale le go e oka go le botlhokwa.

Go fenya kankere

Ke rona ba

-TSHEDIMOSETSO

eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesimane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.

Setlhopha sa botseleganyi: Badiri ba Lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe: Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe: Nelia Engelbrecht - mogala 018 299 4937

Lebokoso la mo teng ga setheo la 260