Hendra Pretorius le Erika Rood ba ne ba neetse dipuo kwa Khonferenseng ya Boditšhabatšhaba ya bošeng jaana ya Kgono ya go Bona Tshedimosetso.

Gore baithuti ba aloge kwa yunibesiting ba na le bokgoni jwa mo isagweng, se ba se tlhokang thata ga se tshedimosetso go ya pele mme ke bokgoni jwa go akanya, jwa go rarabolola mathata le go nna baithuti botshelo jotlhe jwa bone.

Go nna le kitso e ka tswa e le sone fela se baithuti ba se tlhokang. Ntlha eno e ne ya gatelelwa thata ka tsela e e kgotsofatsang bošeng jaana kwa International Conference on Information Literacy (ICIL), e e neng e tshwerwe ke YBB.

Go lootsa bokgoni jwa bone

Fa baithuti ba na le kgono ya go bona tshedimosetso, ba nna le bokgoni jwa go botsa dipotso le go batla dikarabo, go bona tshedimosetso, go bopa dikgopolo, go sekaseka boleng jwa metswedi ya tshedimosetso le go dira ditshwetso. Go buile jalo Hendra Pretorius le Erika Rood ba laeborari ya Vanderbijlpark le Laeborari ya Ferdinand Postma kwa Potchefstroom.

“Ka go amogela go nna motswedi wa tshedimosetso le go nonotsha bokgoni jwa yone, rona jaaka baporofešenale ba tshedimosetso re thusa go alosa baithuti ba ba atlegileng, ba ba abang tshedimosetso ka katlego, batho ba ba sa inyatseng ba e leng baagi ba ba nang le maikarabelo," go bolela jalo Hendra, yo gape e leng mokaedi wa ditirelo tsa badirelwa kwa lefapheng la Laeborari le Ditirelo tsa Tshedimosetso.

Go tlhaloganya lefatshe

A re go botlhokwa thata jaanong gore maloko a setšhaba a nne le dikgono tse di rileng – e seng tsa go buisa le go kwala fela – gore ba tlhaloganye lefatshe.

Mananeo a kgono ya go bona tshedimosetso a botlhokwa thata ka gonne a ruta baithuti go rulaganya tshedimosetso e ba e bonang le go e dirisa. “Baithuti bano ba ipaakanyeditse ka mo go lekaneng go nna baithuti botshelo jotlhe jwa bone ka gonne ka metlha ba ka kgona go bona tshedimosetso e e tlhokegang ya tiro epe kgotsa tshwetso epe e ba lebanweng ke go e dira," o bolela jalo.

Go bona kitso motlhofo le go e dirisa

Erika, mmenejara wa laeborari wa ditirelo tsa tshedimosetso, yo o neng a tshwere kokoano eno le Hendra, a re kgono ya go bona tshedimosetso e letla baithuti go tsenyeletsa tshedimosetso mo kitsong, go sa kgathalesege gore ke ba serutwa sefe.

Gape seno se ba kgontsha go itlhalosa ka tsela e e nang le bokgoni mmogo le go buisana le ba bangwe ka katlego ka ga kitso e ntšha, go dirisa tshedimosetso malebana le mekgwa ya boitshwaro jo bo siameng le go thusa ka kitso go tokafatsa setšhaba.

YBB e etelela seno pele ka go nonotsha maatla a tirisanommogo fa gare ga badiri ba laeborari ba legoro le ditheo tse di farologaneng tsa akatemi. “Ka go phutha mmogo batlhatlheledi, babatlisisi le badiri ba laeborari, YBB e tokafatsa mokgwa wa go ithuta wa baithuti ka thuto ya khoso e e kopantsweng ya kgono ya go bona tshedimosetso.”

Motsotso mongwe le mongwe wa letsatsi le letsatsi, go kokoanngwa tshedimosetso e e seng kana ka sepe, e a bolokwa le go anamisiwa. Mme phapang ya seno sotlhe ke gore le fa go na le tshedimosetso e e kanakana, re ka tswa re sena tshedimosetso e bile re sena kitso go feta pele.

KGONO YA GO BONA TSHEDIMOSETSO

e namola motho gompieno mo lefatsheng le le phophomang ka tshedimosetso

A o a itse?

 

• Go na le mefuta e mengwe gape e e farologaneng ya dikgono tse ba tlhokang go nna le tsone: e leng kgono ya tiriso ya ditshameka-modumo le dilo tse di bogelwang, kgono ya go gatisa, kgono ya tiriso ya khomphiutha, kgono mo tirong ya metswedi ya dikgang, kgono ya go dira ka webo, kgono ya setegeniki le ya tiro ya laeborari le kgono ya go dira ka tshedimosetso, gareng ga tse dingwe.

• Kgono ya go bona tshedimosetso ke kgono ya go nna le dikgono di le mmalwa tse di tlhokegang tsa go tlhaola tshedimosetso, go e tsaya, go e rulaganya le go e sekaseka. Ka jalo ke kgono e e botlhokwa e baithuti botlhe ba tshwanetseng go nna le yone gore ba kgone go dira patlisiso ka katlego.

• Go ya ka Mokgatlho wa Dinaga Tse di Kopaneng wa Thuto, Saense le Setso (United Nations Educational, Scientific and Cultural Organization [UNESCO]), go tlhomelela batho ka kgono ya go bona tshedimosetso ke patlafalo e e botlhokwa ya go dira gore tshedimosetso le kitso di kgone go fitlhelelwa ka tekatekano.