Go iponka ga ga Karabo jaaka mokatisi wa mofenyi yo mmotlana mo go botlhe wa Varsity Football

Re bommampodi... mokatisi Karabo Masehela o gorosa setlhopha sa gagwe kwa phenyong kwa Dikgaisanong tsa Bommampodi tsa Varsity Football ya 2019.

Mokatisi Karabo Masehela o newa dipoloma ya saense ya metshameko ka moletlo wa kalogo wa Moranang 2019.

 

A le dingwaga di le 29 fela, mokatisi mo Setheong sa Kgwele ya Dinao sa YBB e leng Karabo Masehela o gakgamaditse botlhe ka go nna mokatisi yo mmotlana mo go botlhe go gorosa setlhopha sa gagwe kwa phenyong kwa dikgaisanong tsa Bommampodi tsa Varsity Football ka di 26 Lwetse 2019.

Phenyo e, e tla jalo morago ga gore setlhopha sa gagwe se ntshe ga tshwene kwa dikgaisanong tsa 2018 tsa University Sports South Africa (USSA)  Karabo, yo ka nako eo a neng a le mokatisi wa nakwana, o ne a gorosa batshameki ba gagwe mo maemong a bobedi. O ne a tlhomiwa go nna mokatisimogolo wa setheo ka  di 1 Seetebosigo 2019.

 

Ka fa a atlegileng ka gone

 

Karabo o kile a dira ka fa matlhakoreng a mabedi a lebala la motshameko – o ne a tshamekela setheo go simolola ka 2015 go fitlha ka 2017 mme a nna mothusi wa ga mokatisimogolo wa pele e leng Monde Hlatshwayo.

 

Gape o kile a tshamekela dingwe tsa ditlelapa tse dikgolo tsa naga ya rona, go akaretsa le Setlhopha sa Kgwele ya Dinao sa SuperSport, Setlhopha sa Kgwele ya Dinao sa Yunibesiti ya Pretoria, Setlhopha sa Kgwele ya Dinao sa Thanda Royal Zulu, le Setlhopha sa Kgwele ya Dinao sa Cape Town le Feyenord ya kwa Holland.

 

Diphitlhelelo tse dingwe tsa ga Karabo di akaretsa dimmentlele tsa gauta tsa ABSA Premiership tse a nnileng le tsone fa a ne a tshamekela Setlhopha sa Kgwele ya Dinao sa SuperSport se se fentseng llega ka 2008, 2009 le ka 2010.

 

Baithuti ba nako e e fetileng ba ba ikanyegang, le balatedi ba bagolo ba metshameko

 

O ne a sa kgotsofalela gotlhe gono, mme a nna moithuti wa nako e e fetileng wa YBB. Mo godimo ga go tsenela khoso ya go ithutela go nna mokatisi, e e rulagantsweng ke setheo, mokatisimogolo yono yo mo ntšha o ne a amogela dipoloma ya gagwe ya saense ya metshameko mo moletlong wa kalogo wa YBB ka Moranang 2019.

 

Karabo a re Purple Army, e leng leina le balatedi ba motshameko ba YBB ba rewang ka lone, e ile ya tshegetsa setlhopha ka botlalo kwa motshamekong mongwe le mongwe o ba o tshamekileng kwa dikgaisanong tsa Varsity Football

 

Nako ya go iponka

 

“Kgaisano ya Varsity Football ke tšhono e e tlhokegang ya gore ditlelapa tse di jaaka tsa Setheo sa Kgwele ya Dinao sa YBB di kgone go iponka ka go bontsha le go tlhabolola talente ya tsone,” o bolela jalo.

 

“Setheo se batla go ribolola talente ya kgwele ya dinao e naga ya rona e nang le yone le go bulela ba ba nang le talente eo ditšhono tse di farologaneng – fela jaaka di mpulegetse.”